Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO YA LESOMEROBONGWE

Nnela Ruri mo Loratong Lwa Modimo

Nnela Ruri mo Loratong Lwa Modimo
  • Go rata Modimo go kaya eng?

  • Re ka nnela ruri jang mo loratong lwa Modimo?

  • Jehofa o tla segofatsa jang ba ba nnelang ruri mo loratong lwa gagwe?

A o tla dira gore Jehofa a nne botshabelo jwa gago mo metlheng eno e e tletseng ditsuatsue?

1, 2. Re ka bona kae lefelo le le sireletsegileng la botshabelo gompieno?

AKANYA o tsamaya mo tseleng go tsogile ditsuatsue. Loapi lo a fifala. Dikgadima di simolola go benya, go utlwala ditumo tsa maru morago ga moo go bo go na pula ya matlakadibe. O simolola go itlhaganela o batla lefelo la botshabelo. Fa o tlhatlosa matlho, o bona lefelo lengwe fa thoko ga tsela le o ka tshabelang kwa go lone. Ke lefelo le le nonofileng sentle, le le sa tsenweng ke metsi e bile go thuthafetse mo teng ga lone. A bo o le anaanela jang ne!

2 Re tshela mo dinakong tsa ditsuatsue. Maemo a lefatshe a senyegela pele. Le fa go ntse jalo, go na le lefelo le le sireletsegileng la botshabelo le le ka re sireletsang gore re se ka ra gobala. Ke lefelo lefe leo? Ela tlhoko se Baebele e se rutang: “Ke tla raya Jehofa ke re: ‘O botshabelo jwa me le kago ya me e e thata, Modimo wa me, yo ke tla mo ikanyang.’”—Pesalema 91:2.

3. Re ka dira jang gore Jehofa a nne botshabelo jwa rona?

3 A ko o akanye ka seo fela! Jehofa, e leng Mmopi le Molaodimogolo wa lebopo, a ka kgona go nna botshabelo jwa rona jo bo sireletsegileng.  A ka kgona go re boloka re sireletsegile, ka gonne o maatla go feta motho ope fela kgotsa go feta sepe fela se se ka re tlhaselang. Tota le fa re ka gobala, Jehofa a ka kgona go re fodisa. Re ka kgona jang go dira gore Jehofa a nne botshabelo jwa rona? Re tshwanetse go mo ikanya. Mo godimo ga moo, Lefoko la Modimo le re kgothatsa jaana: “Ipolokeng mo loratong lwa Modimo.” (Jude 21) Ee, re tshwanetse go nnela ruri mo loratong lwa Modimo, re nonotsha lorato lo re ratang Rraarona wa selegodimo ka lone. Fa re dira jalo, re ka tlhomamisega gore o tla nna botshabelo jwa rona. Mme re ka nonotsha lorato loo jang?

LEMOGA LORATO LWA MODIMO MME O LE TSIBOGELE

4, 5. Dingwe tsa ditsela tse Jehofa a re bontshitseng lorato lwa gagwe ka tsone ke dife?

4 Gore re nnele ruri mo loratong lwa Modimo, re tshwanetse go tlhaloganya tsela e Jehofa a re bontshitseng lorato lwa gagwe ka yone. Akanya ka dithuto dingwe tsa Baebele tse o di ithutileng mo bukeng eno. E re ka Jehofa e le Mmopi, o re neile lefatshe leno gore e nne legae la rona le le itumedisang. O le tladitse ka dijo tse di seng kana ka sepe le metsi, dikungwa tsa tlholego, diphologolo tse di kgatlhang le mafelo a mantle. Jaaka Mokwadi wa Baebele, Modimo o re senoletse leina la gagwe le dinonofo tsa gagwe. Mo godimo ga moo, Lefoko la gagwe le re bolelela gore o rometse Morwawe yo o tsetsweng a le esi mo lefatsheng e bong Jesu, gore a tle go boga le go re swela. (Johane 3:16) Mme mpho eo e kaya eng mo go rona? E re naya tsholofelo ka isagwe e e itumedisang.

5 Tsholofelo ya rona ya isagwe gape e ikaegile ka selo se sengwe gape se Modimo a se dirileng. Jehofa o tlhomile puso ya selegodimo, e leng Bogosi jwa Bomesia. Go ise go ye kae, puso eno e tla fedisa pogo yotlhe mme e tla fetola lefatshe lotlhe go nna paradaise. A ko o akanye fela ka seo! Re ka kgona go tshela mo go yone ka kagiso le boitumelo ka bosakhutleng. (Pesalema 37:29) Gape, Modimo o re neile kaelo ya gore re tshele jang ka tsela e e molemolemo gone jaanong. Gape o re neile mpho ya thapelo, tsela e re ka kgonang go buisana le ene ka yone. Tseno ke dingwe tsa ditsela di le mmalwa fela tse Jehofa a bontshitseng batho ka kakaretso, le wena ka namana, lorato lwa gagwe ka tsone.

6. O ka tsibogela jang lorato lo Jehofa a le go bontshitseng?

 6 Potso e e botlhokwa e o tlhokang go e akanyetsa ke eno: Ke tla tsibogela jang lorato lwa ga Jehofa? Ba le bantsi ba tla araba ka go re: “Le nna ke tshwanetse go mo rata.” A le wena o akanya jalo? Jesu o ile a bua ka taelo eno e a neng a re e kgolo go di feta tsotlhe: “O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago.” (Mathaio 22:37) Ga go pelaelo gore o na le mabaka a le mantsi a go rata Jehofa Modimo. A mme go ikutlwa o na le lorato lo lo ntseng jalo mo pelong ya gago ke sone sotlhe se se tlhokegang gore o rate Jehofa ka pelo yotlhe ya gago, moya le mogopolo?

7. A go lekane go nna fela le maikutlo a go rata Modimo? Tlhalosa.

7 Jaaka go tlhalosiwa mo Baebeleng, ga go a lekana go ikutlwa fela gore o rata Modimo. Tota e bile, le fa gone go le botlhokwa gore o ikutlwe o rata Jehofa, boikutlo joo ke tshimologo fela ya lorato lwa gago lwa mmatota lo o mo ratang ka lone. Peo ya setlhare sa diapole e botlhokwa gore setlhare sa diapole se gole se bo se tlhagise diapole. Le fa go ntse jalo, fa o batla apole, a o ne o tla kgotsofala fa motho a ne a ka go naya fela peo ya diapole? Nnyaa! Ka tsela e e tshwanang, go ikutlwa o rata Jehofa Modimo ke tshimologo fela. Baebele e ruta jaana: “Seno ke se lorato lwa Modimo lo se kayang, gore re boloke ditaelo tsa gagwe; mme ditaelo tsa gagwe ga di imele.” (1 Johane 5:3) Fa re tla re lorato lo re ratang Modimo ka lone ke lorato lwa mmatota, lo tshwanetse lwa bo lo tlhagisa maungo. Lo tshwanetse go bontshiwa ka ditiro.—Mathaio 7:16-20.

8, 9. Re ka bontsha jang gore re rata Modimo le gore re a mo leboga?

8 Re bontsha gore re rata Modimo fa re boloka ditaelo tsa gagwe le go dirisa melaometheo ya gagwe. Ga go thata go dira jalo. Go na le gore melao ya ga Jehofa e nne boima, boikaelelo jwa yone ke go re thusa go tshela botshelo jo bo siameng, jo bo itumedisang le jo bo kgotsofatsang. (Isaia 48:17, 18) Fa re tshela tumalanong le kaelo ya ga Jehofa, re bontsha Rraarona wa selegodimo gore tota  re anaanela dilo tsotlhe tse a re diretseng tsone. Ka maswabi, ke batho ba sekae fela mo lefatsheng gompieno ba ba bontshang kanaanelo e e ntseng jalo. Rona ga re batle go nna batho ba ba sa bontsheng kanaanelo jaaka batho bangwe ba ba neng ba tshela ka nako ya fa Jesu a ne a sa ntse a le mo lefatsheng. Jesu o ne a fodisa balepero ba le lesome, mme go ne ga boa a le mongwe fela a tla go mo leboga. (Luke 17:12-17) Ga go pelaelo gore re tla batla go tshwana le yo o neng a bontsha tebogo, e seng ba ba robongwe ba ba neng ba sa bontshe tebogo!

9 Jaanong, ditaelo tsa ga Jehofa tse re tshwanetseng go di boloka ke dife? Re tlotlile ka di le mmalwa tsa tsone mo bukeng eno, mme mma re boeletse dingwe tsa tsone. Go boloka ditaelo tsa Modimo go tla re thusa gore re nnele ruri mo loratong lwa Modimo.

ATAMALANA THATA LE JEHOFA

10. Tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go nna re ntse re ithuta ka Jehofa Modimo.

10 Kgato e e botlhokwa ya gore o atamalane le Jehofa ke go ithuta ka ene. Ke selo se o sa tshwanelang go kgaotsa go se dira. Fa o ne o le kwa ntle mo serameng sa bosigo o  ikomosa mo molelong, a o ne o tla tlogela molelo oo gore o time? Nnyaa. O ne o tla nna o ntse o o tsenya dikgong gore o nne o tuke. Go botlhokwa thata mo go wena gore molelo oo o nne o tuka! Fela jaaka dikgong di dira gore molelo o se ka wa tima, “kitso ya Modimo” e dira gore lorato lwa rona mo go Jehofa lo nne lo ntse lo nonofile.—Diane 2:1-5.

Fela jaaka molelo, lorato lo o ratang Jehofa ka lone lo tlhoka gore o lo kuketse gore lo nne lo ntse lo tuka

11. Balatedi ba ga Jesu ba ne ba amiwa jang ke thuto e a neng a ba ruta yone?

11 Jesu o ne a batla gore balatedi ba gagwe ba nne ba ntse ba rata Jehofa le Lefoko la Gagwe le le molemolemo, e leng Baebele, ka lorato lo logolo. Fa a sena go tsosiwa, o ne a ruta ba le babedi ba barutwa ba gagwe ka boporofeti bongwe jo bo mo Dikwalong tsa Sehebera jo bo neng bo diragaditswe mo go ene. Seno se ne sa ba ama jang? Moragonyana ba ne ba re: “A dipelo tsa rona di ne tsa se ka tsa tuka fa a ne a ntse a bua le rona mo tseleng, fa a ne a ntse a re bulela Dikwalo ka botlalo?”—Luke 24:32.

12, 13. (a) Go diragetse eng ka lorato lo batho ba le bantsi gompieno ba neng ba rata Modimo le Baebele ka lone? (b) Re ka sireletsa jang lorato lwa rona gore lo se ka lwa tsidifala?

12 Fa o ne o simolola go ithuta se tota Baebele e se rutang, a go ne ga direga gore pelo ya gago e tuke ka boitumelo, tlhoafalo le go rata Modimo? Ga go pelaelo gore go ne ga nna jalo. Ba le bantsi ba ile ba ikutlwa jalo. Kgwetlho e o lebaneng le yone gone jaanong ke go boloka lorato lo lo nonofileng loo lo ntse lo tuka le go le thusa gore lo gole. Ga re batle go latelela mekgwa ya lefatshe la gompieno. Jesu o ne a bolelela pele jaana: “Lorato lwa ba le bantsi lo tla tsidifala.” (Mathaio 24:12) O ka sireletsa jang lorato lo o ratang Jehofa le dithuto tsa Baebele ka lone gore lo se ka lwa tsidifala?

13 Nna o ntse o anya kitso ka Jehofa Modimo le ka Jesu Keresete. (Johane 17:3) Tlhatlhanya ka se o se ithutang mo Lefokong la Modimo, o ipotse jaana: ‘Seno se nthuta eng ka Jehofa Modimo? Se nnaya lebaka lefe le lengwe gape la gore ke mo rate ka pelo ya me yotlhe, mogopolo le moya?’ (1 Timotheo 4:15) Go tlhatlhanya ka tsela e e ntseng jalo go tla dira gore lorato lwa gago mo go Jehofa lo nne lo ntse lo tuka.

14. Thapelo e ka re thusa jang go dira gore re nne re ntse re rata Jehofa?

14 Tsela e nngwe ya go dira gore lorato lo o ratang Jehofa ka  lone lo nne lo ntse lo tuka ke go mo rapela ka metlha. (1 Bathesalonika 5:17) Mo Kgaolong ya 17 ya buka eno, re ithutile gore thapelo ke mpho e e molemolemo e e tswang kwa Modimong. Fela jaaka batho ba kgona go boloka botsala jwa bone ka go buisana ka metlha, kamano ya rona le Jehofa e tla nna e ntse e nonofile fa re mo rapela ka metlha. Go botlhokwa go dira gore dithapelo tsa rona e se ka ya nna tsa seomodiro fela—e leng go tlhola re boeletsa mafoko a le mangwe fela a a se nang bokao bope jo bo kalo. Re tshwanetse go bua le Jehofa ka tsela e ngwana a buang le rraagwe ka yone. Re batla go bua le ene ka tlotlo, mme gone re phuthologile, re mmolelela sengwe le sengwe se se mo pelong ya rona. (Pesalema 62:8) Ee, go ithuta Baebele le go mo rapela go tswa pelong ke dilo tse di botlhokwa mo kobamelong ya rona, mme di re thusa go ipoloka mo loratong lwa Modimo.

ITUMELELE TSELA E O OBAMELANG MODIMO KA YONE

15, 16. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go leba tiro ya go rera ka Bogosi e le tshiamelo le letlotlo?

15 Go ithuta Baebele le go rapela ke ditiro tsa kobamelo tse re ka nnang ra di dira re le rosi. Mme jaanong, mma re tlotle ka karolo nngwe ya kobamelo ya rona e re e dirang re na le batho ba bangwe: e leng go bua le ba bangwe ka tumelo ya rona. A o setse o boleletse batho bangwe boammaaruri jwa Baebele? Fa e le gore o dirile jalo, o nnile le tshiamelo e e molemo tota. (Luke 1:74) Fa re bolelela ba bangwe dithuto tse re di ithutileng ka Jehofa Modimo, re a bo re diragatsa kabelo e e botlhokwa thata e e neilweng Bakeresete botlhe ba boammaaruri—ya go rerela batho ba bangwe dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo.—Mathaio 24:14; 28:19, 20.

16 Moaposetoloi Paulo o ne a leba bodiredi jwa gagwe bo le botlhokwa thata, a bo bitsa letlotlo. (2 Bakorintha 4:7) Tiro e e molemo go di gaisa tsotlhe e o ka e dirang ke go bua le batho ka Jehofa Modimo le maikaelelo a gagwe. Ke go direla Mong wa rona yo o molemolemo, e bile go re tlisetsa masego a a seng kana ka sepe. Fa o nna le seabe mo tirong eno, o thusa batho ba ba nang le dipelo tse di ikanyegang gore ba atamalane le Rraarona wa selegodimo le gore ba tsene mo tseleng e e isang botshelong jo bo sa khutleng! A go na le tiro epe e nngwe e e kgotsofatsang jaaka eno?  Mo godimo ga moo, go neela bosupi ka Jehofa le ka Lefoko la gagwe go nonotsha tumelo ya gago le lorato lo o mo ratang ka lone. E bile Jehofa o anaanela maiteko a gago. (Bahebera 6:10) Go nna o tshwaregile mo tirong e e ntseng jalo go go thusa gore o ipoloke mo loratong lwa Modimo.—1 Bakorintha 15:58.

17. Ke ka ntlha yang fa go potlakile gore re tshwarege mo bodireding jwa Bokeresete gompieno?

 17 Go botlhokwa go gakologelwa gore tiro ya go rera ka Bogosi e potlakile. Baebele ya re: “Rera lefoko, dira jalo ka potlako.” (2 Timotheo 4:2) Ke ka ntlha yang fa go dira jalo go potlakile gompieno? Lefoko la Modimo le re bolelela jaana: “Letsatsi le legolo la ga Jehofa le gaufi. Le gaufi e bile le itlhaganela thata.” (Sefania 1:14) Ee, nako e etla e ka yone Jehofa a tlileng go fedisa tsamaiso eno ya dilo. Batho ba tshwanetse go tlhagisiwa ka gone! Ba tshwanetse go itse gore eno ke nako ya gore ba tlhophe Jehofa jaaka Molaodimogolo wa bone. Bokhutlo ‘ga bo kitla bo diega.’—Habakuke 2:3.

18. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go obamela Jehofa re na le Bakeresete ba bangwe ba boammaaruri?

18 Jehofa o batla gore re mo obamele re na le Bakeresete ba bangwe ba boammaaruri. Ke gone ka moo Lefoko la gagwe le reng: “A re akanyetsaneng gore re tlhotlheletsaneng mo loratong le mo ditirong tse di molemo, re sa lese go phuthega mmogo ga rona, jaaka bangwe ba na le mokgwa oo, mme re kgothatsana, mme re dira jalo le go feta e re ka lo bona letsatsi le atamela.” (Bahebera 10:24, 25) Fa re kopana mmogo le badumedi ka rona kwa dipokanong tsa Bokeresete, re nna le tshono e e molemo ya go baka le go obamela Modimo wa rona yo o rategang. Gape re a agana le go kgothatsana.

19. Re ka nonotsha jang lorato lo re ratanang ka lone mo phuthegong ya Bokeresete?

19 Fa re kopane mmogo le baobamedi ba bangwe ba boammaaruri, re nonotsha lorato lo re ratanang ka lone le botsalano jo re nang le jone mo phuthegong. Go botlhokwa gore re leke go bona dinonofo tse di molemo mo go ba bangwe, fela jaaka Jehofa a leka go bona dinonofo tse di molemo mo go rona. O se ka wa lebelela gore badumedi ka wena e nne batho ba ba itekanetseng. Gakologelwa gore batho botlhe ga ba a gola ka tsela e e tshwanang semoyeng, le gore mongwe le mongwe wa rona o dira diphoso. (Bakolosa 3:13) Leka go tsalana thata le batho ba ba ratang Jehofa ka lorato lo logolo, mme o tla iphitlhela o gola semoyeng. Ee, go obamela Jehofa le bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago ba semoya go tla go thusa gore o nnele ruri mo loratong lwa  Modimo. Jehofa o segofatsa jang ba ba mo obamelang ka boikanyegi ba bo ba nnela ruri mo loratong lwa gagwe?

LEKA GO FITLHELELA “BOTSHELO JWA MMATOTA”

20, 21. “Botshelo jwa mmatota” ke eng, mme ke ka ntlha yang fa e le tsholofelo e e itumedisang?

20 “Jehofa o segofatsa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang ka go ba naya botshelo. Mme potso ke gore o ba naya botshelo jo bo ntseng jang? Ipotse, A o ka bua gone jaanong wa re o a tshela ka tsela ya mmatota? Ba le bantsi ba rona ba tla araba ka gore ee. Ka gonne re a hema, re a ja e bile re a nwa. Ga go pelaelo gore re a tshela. Mme ka dinako tsa fa re itumetse tota, re ka nna ra re, “Wa bona jaanong, fa go buiwa ka botshelo, go tewa se ke se itumelelang gone jaanong!” Le fa go ntse jalo, Baebele e bontsha gore ga go na motho ope yo o ka reng tota o a tshela gompieno.

Jehofa o batla gore o bone “botshelo jwa mmatota.” A o tla bo bona?

21 Lefoko la Modimo le re kgothaletsa gore re “tshware botshelo jwa mmatota ka thata.” (1 Timotheo 6:19) Mafoko ao a bontsha gore re solofetse go tshela “botshelo jwa mmatota” mo isagweng. Ee, ka nako ya fa re tla bo re itekanetse, re tla bo re tshela ka tsela ya mmatota, ka gonne re tla bo re tshela ka tsela e Modimo a neng a batlile gore re tshele ka yone kwa tshimologong. E tla re fa re tshela mo lefatsheng la paradaise re itekanetse ka botlalo, re tshela ka kagiso le ka boitumelo, re tla bo kgabagare re fitlheletse “botshelo jwa mmatota”—botshelo jo bo sa khutleng. (1 Timotheo 6:12) A eo ga se tsholofelo e e itumedisang?

22. O ka ‘tshwara jang botshelo jwa mmatota’?

22 Re ka kgona jang go ‘tshwara botshelo jwa mmatota’? Mo go tsone ditemana tseno, Paulo o ne a kgothaletsa Bakeresete gore “ba lwele go dira molemo” le “go huma ditiro tse di molemo.” (1 Timotheo 6:18) Go phepafetse he gore seno sotlhe se ikaegile ka gore re dirisa jang boammaaruri jo re bo ithutileng mo Baebeleng. A mme Paulo o ne a raya gore re duelwa ka “botshelo jo bo sa khutleng” fa re dira ditiro tse di molemo? Nnyaa, ka gonne isagwe e e molemolemo jalo tota e ikaegile ka go amogela ga rona “bopelonomi jo bo sa re tshwanelang” jo bo tswang kwa Modimong. (Baroma 5:15) Le fa go ntse jalo, Jehofa o itumelela go segofatsa ba ba mo direlang ka boikanyegi. O batla go go bona o tshela “botshelo jwa mmatota.” Botshelo jo bo ntseng jalo jo bo  itumetseng, jo bo nang le kagiso e bile e le jo bo sa khutleng, bo tla bonwa fela ke ba ba nnelang ruri mo loratong lwa Modimo.

23. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go nnela ruri mo loratong lwa Modimo?

23 Mongwe le mongwe wa rona o dira sentle go ipotsa jaana, ‘A ke obamela Modimo ka tsela e a laetseng gore a obamelwe ka yone mo Baebeleng?’ Fa re dira gore letsatsi le letsatsi re arabe potso eo ka gore ee, re tla bo re le mo tseleng e e siameng. Re ka solofela gore Jehofa ke botshabelo jwa rona. O tla boloka batho ba gagwe ba ba ikanyegang ba sireletsegile mo malatsing ano a bofelo a tsamaiso eno ya bogologolo ya dilo a a tletseng matshwenyego. Gape, Jehofa o tla re tsenya mo tsamaisong e ntšha e e galalelang e e setseng e ntse e atametse. A bo go bona nako eo go tlile go re itumedisa jang ne! Mme a bo re tlile go itumela thata jang ne go bo re tla bo re ile ra dira ditshwetso tse di siameng mo malatsing ano a bofelo! Fa o dira ditshwetso tse di ntseng jalo gone jaanong, o tla itumelela “botshelo jwa mmatota,” botshelo jo Jehofa Modimo a neng a batlile gore re bo tshele, ka bosakhutleng!