Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 DINTLHA TSE DI OKETSEGILENG

Sejo sa Morena sa Maitseboa—Tiragalo e e Ketekwang go Tlotla Modimo

Sejo sa Morena sa Maitseboa—Tiragalo e e Ketekwang go Tlotla Modimo

BAKERESETE ba laelwa gore ba keteke Segopotso sa loso lwa ga Keresete. Mokete ono gape o bidiwa “dijo tsa maitseboa tsa Morena.” (1 Bakorintha 11:20) Ke eng se se botlhokwa jaana ka one? O tshwanetse go ketekwa leng le gone jang?

Jesu Keresete o ile a tlhoma mokete ono mo bosigong jwa Tlolaganyo ya Bajuda ka 33 C.E. Tlolaganyo e ne e le mokete o o neng o tshwarwa gangwe fela ka ngwaga ka letsatsi la bo14 la kgwedi ya Bajuda ya Nisane. Gore Bajuda ba bone gore letsatsi leo e ne e tlile go nna lefe, go bonala ba ne ba letela letsatsi la dikgakologo (kwa hemisefereng ya bokone) la bosigo le motshegare tse di batlang di lekalekana. Ngwedi o mosha o o tlang morago fela ga paka eno o ne o raya gore ke tshimologo ya kgwedi ya Nisane. Tlolaganyo e ne e tla malatsi a le 14 morago ga ngwedi o mosha, fa letsatsi le sena go phirima.

Jesu o ne a keteka Tlolaganyo le baaposetoloi ba gagwe, a leleka Judase Isekariota,  mme morago ga moo a tlhoma Sejo sa Morena sa Maitseboa. Sejo seno se ne sa emisetsa Tlolaganyo ya Bajuda mme ka jalo se tshwanetse go ketekwa gangwe fela ka ngwaga.

Efangele ya ga Mathaio e bega jaana: “Jesu a tsaya senkgwe mme, morago ga go rapela, a se ngathoganya mme, ya re a se naya barutwa ba gagwe, a re: ‘Tsayang, jang. Seno se kaya mmele wa me.’ Gape, a tsaya senwelo mme, ya re a sena go leboga, a se ba naya, a re: ‘Nwang mo go sone, lotlhe; gonne seno se kaya “madi a kgolagano” a me, a a tla tshololelwang ba le bantsi gore ba itshwarelwe maleo.’”—Mathaio 26:26-28.

Bangwe ba dumela gore Jesu o ne a fetola senkgwe gore e nne nama ya gagwe ya mmatota le beine gore e nne madi. Le fa go ntse jalo, mmele wa ga Jesu o ne o sa ntse o feletse fa a ba naya senkgwe. A tota baaposetoloi ba ga Jesu ba ne ba ja nama ya gagwe ya mmatota e bile ba nwa madi a gagwe? Nnyaa, ka gonne seo e ne e tla bo e le go ja nama ya motho e bile e ne e tla bo e le go tlola molao wa Modimo. (Genesise 9:3, 4; Lefitiko 17:10) Go ya ka Luke 22:20, Jesu o ile a re: “Senwelo seno se kaya kgolagano e ntšha ka ntlha ya madi a me, a a tla tshololelwang lona.” A senwelo seo se ile sa nna “kgolagano e ntšha” ka tsela ya mmatota? Seo se ne se ka se ka sa kgonega, ka gonne kgolagano ga se selo se motho a ka kgonang go se tshwara, ke tumalano e e dirwang ke batho.

Ka jalo, seno se raya gore senkgwe le beine ke ditshwantshetso fela. Senkgwe se tshwantshetsa mmele o o itekanetseng wa ga Keresete. Jesu o ile a dirisa senkgwe se se neng se setse se ba neng ba se dirisa fa ba ne ba ja Tlolaganyo. Senkgwe seno se ne se sa tsenngwa sebediso sepe. (Ekesodo 12:8) Baebele e dirisa sebediso go tshwantshetsa boleo kgotsa go bola. Ka jalo, senkgwe se tshwantshetsa mmele o o itekanetseng o Jesu a o ntshitseng setlhabelo. O ne o se na boleo bope.—Mathaio 16:11, 12; 1 Bakorintha 5:6, 7; 1 Petere 2:22; 1 Johane 2:1, 2.

Beine e khibidu e tshwantshetsa madi a ga Jesu. Madi ao a dira gore kgolagano e ntšha e kgone go bereka. Jesu o ile a re madi a gagwe a ile a tshololwa “gore ba itshwarelwe maleo.” Ka jalo, batho ba kgona go nna phepa mo matlhong a Modimo le go tsena mo kgolaganong e ntšha le Jehofa. (Bahebera 9:14; 10:16, 17) Kgolagano eno e dira gore Bakeresete ba ba ikanyegang ba ba 144 000 ba kgone go ya legodimong. Ba tla nna dikgosi le baperesiti teng mme seno se ne se tla felela ka tshegofatso mo bathong botlhe.—Genesise 22:18; Jeremia 31:31-33; 1 Petere 2:9; Tshenolo 5:9, 10; 14:1-3.

 Ke bomang ba ba tshwanetseng go ja ditshwantshetso tsa Segopotso? Go a utlwala go swetsa ka go re ke fela ba ba leng mo kgolaganong e ntsha—ke go re, ba ba nang le tsholofelo ya go ya legodimong—ke bone fela ba ba tshwanetseng go ja senkgwe le go nwa beine. Moya o o boitshepo wa Modimo ke one o o ba bontshang gore ba tlhophetswe go ya go nna dikgosi kwa legodimong. (Baroma 8:16) Gape, ba mo kgolaganong ya Bogosi le Jesu.—Luke 22:29.

Go tweng ka ba ba nang le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng la Paradaise? Ba ikobela taelo ya ga Jesu ya go nna teng mo moketeng wa Sejo sa Morena sa Maitseboa, mme bone ga ba je, ba bogela fela ka tlotlo. Gangwe ka ngwaga, ka Nisane 14 fa letsatsi le sena go phirima, Basupi ba ga Jehofa ba keteka Sejo sa Morena sa Maitseboa. Le mororo go na le batho ba le dikete di le mmalwa fela ba ba ipolelang gore ba na le tsholofelo ya go ya legodimong, mokete ono o botlhokwa mo Bakereseteng botlhe. Ke nako e ka yone mongwe le mongwe a ka akanyang ka lorato lo lo seng kana ka sepe lo re lo bontshitsweng ke Jehofa Modimo le Jesu Keresete.—Johane 3:16.