Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO YA LESOMEPEDI

Go Tshela ka Tsela e e Itumedisang Modimo

Go Tshela ka Tsela e e Itumedisang Modimo
  • O ka nna tsala ya Modimo jang?

  • Kgwetlho ya ga Satane e go ama jang?

  • Ke boitshwaro bofe jo bo sa itumediseng Jehofa?

  • O ka tshela jang ka tsela e e itumedisang Modimo?

1, 2. Umaka dikai dingwe tsa batho ba Jehofa a neng a ba leba e le ditsala tsa gagwe.

O KA rata go tsalana le motho yo o ntseng jang? Ga go pelaelo gore o tla rata go tsalana le motho yo o lebang dilo ka tsela e o di lebang ka yone, yo o ratang dilo tse o di ratang e bile a itshwara ka tsela e o itshwarang ka yone. Gape o ka rata gore e nne motho yo o nang le dinonofo tse dintle, tse di jaaka go ikanyega le go nna pelonomi.

2 Mo hisitoring yotlhe, Modimo o ile a tlhopha batho bangwe gore e nne ditsala tsa gagwe tse dikgolo. Ka sekai, Jehofa o ne a bitsa Aborahame a re ke tsala ya gagwe. (Isaia 41:8; Jakobe 2:23) Modimo o ne a bitsa Dafide a re ke “monna yo o amogelwang ke pelo ya me” ka gonne e ne e le mofuta wa motho yo Jehofa a mo ratang. (Ditiro 13:22) E bile, Jehofa o ne a leba moporofeti Daniele jaaka “mongwe yo o rategang.”—Daniele 9:23.

3. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a tlhopha batho bangwe gore e nne ditsala tsa gagwe?

3 Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a leba Aborahame, Dafide le Daniele e le ditsala tsa gagwe? O ne a raya Aborahame a re: “O reeditse lentswe la me.” (Genesise 22:18) Ka jalo Jehofa o atamela gaufi le ba ka boikokobetso ba dirang se a ba kopang gore ba se dire. O ne a raya Baiseraele a re: “Utlwang lentswe la me, mme ke tla nna Modimo wa lona, mme lona lo tla nna batho  ba me.” (Jeremia 7:23) Fa o ikobela Jehofa, le wena o ka nna tsala ya gagwe!

JEHOFA O NONOTSHA DITSALA TSA GAGWE

4, 5. Jehofa o bontsha batho ba gagwe nonofo jang?

4 Akanya fela gore go tsalana le Modimo go kaya eng. Baebele ya re Jehofa o batla ditshono tsa “gore a bontshe ba pelo ya bone e feletseng mo go ene nonofo ya gagwe.” (2 Ditiragalo 16:9) Jehofa a ka go bontsha jang nonofo ya gagwe? Tsela nngwe ya go dira jalo e umakiwa mo go Pesalema 32:8, e re balang jaana mo go yone: “[Nna Jehofa] ke tla dira gore o nne le temogo ke bo ke go rute tsela e o tshwanetseng go tsamaya mo go yone. Ke tla naya kgakololo ke go beile leitlho.”

5 Abo ano e le mafoko a a amang pelo jang ne a a bontshang gore Jehofa o amega ka rona! O tla go naya kaelo e o e tlhokang le go go sireletsa fa o ntse o e dirisa. Modimo o batla go go thusa gore o kgone go itshokela diteko tsotlhe tse o lebanang le tsone. (Pesalema 55:22) Ka jalo, fa o direla Jehofa ka pelo e e feletseng, o ka nna le tsholofelo fela jaaka mopesalema yo o neng a re: “Ke beile Jehofa fa pele ga me ka metlha. Ka gonne o kafa seatleng sa me sa moja, ga ke na go reketlisiwa.” (Pesalema 16:8; 63:8) Ee, Jehofa a ka go thusa gore o tshele ka tsela e e mo itumedisang. Mme jaaka o itse, Modimo o na le mmaba yo o batlang go go thibela gore o se ka wa dira jalo.

KGWETLHO YA GA SATANE

6. Satane o ne a ntsha tatofatso efe ka batho?

6 Kgaolo ya 11 ya buka eno e ile ya tlhalosa kafa Satane Diabolo a neng a gwetlha bolaodi jwa Modimo ka gone. Satane o ne a latofatsa Modimo ka gore o bua maaka a ba a kaya gore Jehofa o ne a le bosula ka go dira gore Adame le Efa ba se ka ba itirela tshwetso ya gore ke eng se se siameng le se se sa siamang. Fa Adame le Efa ba sena go leofa mme lefatshe le simolola go tlala ka bana ba bone, Satane o ne a re batho botlhe ga ba direle Modimo ka boikaelelo jo bo siameng. Tatofatso ya ga Satane e ne e re: “Batho ga ba direle Modimo ka go bo ba mo rata. Fa o ka nnaya sebaka, nka dira gore motho mongwe le mongwe a  go furalele.” Pego ya monna yo o bidiwang Jobe e bontsha gore seno ke se Satane a neng a se dumela. Jobe e ne e le mang, mme o ne a amiwa jang ke kgwetlho ya ga Satane?

7, 8. (a) Ke eng se se neng sa dira gore Jobe a se ka a tshwana le batho ba motlha wa gagwe? (b) Satane o ne a reng go leka go bontsha gore Jobe o ne a direla Modimo ka boikaelelo bongwe jo bo sa siamang?

7 Jobe o tshetse dingwaga di le 3 600 tse di fetileng. E ne e le monna yo o siameng, ka gonne Jehofa o ne a re: ‘Ga go na ope yo o tshwanang le ene mo lefatsheng, monna yo o se nang molato e bile a thokgame, a tshaba Modimo e bile a fapoga bosula.’ (Jobe 1:8) Jobe o ne a itumedisa Modimo.

8 Satane o ne a re Jobe o direla Modimo ka boikaelelo bongwe jo bo sa siamang. Diabolo o ne raya Jehofa a re: ‘A wena ka bowena ga wa tlhoma legora go dikologa Jobe le go dikologa ntlo ya gagwe le go dikologa sengwe le sengwe se a nang le sone gotlhe fela? O segofaditse tiro ya diatla tsa gagwe, le diruiwa tsa gagwe di anametse kgakala mo lefatsheng. Mme, go na le moo, ntsha seatla sa gago, tsweetswee, o ame sengwe le sengwe se a nang le sone mme o bone gore a ga a na go go tlhapatsa fa pele ga gago.’—Jobe 1:10, 11.

9. Jehofa o ne a tsibogela kgwetlho ya ga Satane jang, mme ka ntlha yang?

9 Ka jalo, Satane o ne a gatelela gore Jobe o ne a direla Modimo fela gore a amogele sengwe mo go ene. Gape, Diabolo o ne a bolela gore fa Jobe a ne a ka lekwa, o ne a tla furalela Modimo. Jehofa o ne a tsibogela kgwetlho ya ga Satane jang? E re ka kgang eno e ne e ama Jobe, Jehofa o ne a letlelela Satane go mo leka. Ka tsela eno, go ne go tla bonala sentle gore a Jobe o ne a rata Modimo kgotsa jang.

JOBE O A LEKWA

10. Jobe o ne a welwa ke diteko dife, mme o ne a lebana jang le tsone?

10 Ka bonako fela morago ga moo, Satane o ne a leka Jobe ka ditsela tse di farologaneng. Dingwe tsa diruiwa tsa ga Jobe di ne tsa utswiwa, mme tse dingwe tsone di ne tsa bolawa. Ba le bantsi ba batlhanka ba gagwe le bone ba ne ba bolawa. Seno se ne sa mo tlisetsa mathata a tsa ikonomi. Mo godimo ga moo, masetlapelo a mangwe a ne a tla fa bana ba le lesome ba ga Jobe  ba ne ba bolawa ke sefefo. Le fa go ntse jalo, go sa kgathalesege masetlapelo ano a a neng a mo tlela, “Jobe ga a ka a leofa kgotsa a kaya fa Modimo a dirile sepe se se sa tshwanelang.”—Jobe 1:22.

11. (a) Satane o ne a latofatsa Jobe ka tatofatso efe ya bobedi, mme Jehofa o ne a e tsibogela jang? (b) Jobe o ne a lebana jang le bolwetse jwa gagwe jo bo maswe?

11 Satane ga a ka a itlhoboga. O tshwanetse a bo a ile a akanya gore le mororo Jobe a kgonne go itshokela go latlhegelwa ke dithoto tsa gagwe, batlhanka le bana, o ne a tla furalela Modimo fa a ne a ka lwala. Jehofa o ne a letla Satane go tlhokofatsa Jobe ka bolwetse jo bo maswe thata. Mme le jone ga bo a ka jwa dira gore Jobe a se ka a tlhola a dumela mo Modimong. Go na le moo, o ne a bua jaana ka go tlhatswega pelo: “Nka se tlose bothokgami jwa me mo go nna go fitlha ke swa!”—Jobe 27:5.

Jobe o ne a segofaletswa boikanyegi jwa gagwe

12. Jobe o ne a araba kgwetlho ya ga Diabolo jang?

12 Jobe o ne a sa lemoge gore e ne e le Satane yo o mo tlisetsang matshwenyego ano. E re ka Jobe a ne a sa itse ka botlalo kgwetlho ya ga Diabolo e e amanang le bolaodi jwa ga Jehofa, o ne a akanya gore gongwe Modimo ke ene a neng a mo tlisetsa mathata ano. (Jobe 6:4; 16:11-14) Le fa go ntse jalo, o ne a tswelela a ikanyega mo go Jehofa. Mme go ikanyega ga ga Jobe go ne ga bontsha sentle gore tatofatso ya ga Satane ya gore o ne a direla Modimo ka ntlha ya mabaka a bopelotshetlha e ne e se boammaaruri!

13. Go ne ga direga eng ka ntlha ya go bo Jobe a ne a ikanyega mo Modimong?

13 Go ikanyega ga ga Jobe go ne ga dira gore Jehofa a kgone go araba kgwetlho e e maswe ya ga Satane ka botlalo. Ruri Jobe e ne e le tsala ya ga Jehofa, mme Modimo o ne a mo segofatsa ka ntlha ya boikanyegi jwa gagwe.—Jobe 42:12-17.

KAFA SENO SE GO AMANG KA GONE

14, 15. Ke ka ntlha yang fa re ka bolela gore kgwetlho ya ga Satane e e amanang le Jobe e lebisitswe mo bathong botlhe?

14 Kgang e e amanang le go ikanyega mo Modimong e e neng ya tsosiwa ke Satane e ne e sa lebana Jobe fela. Le wena e a go ama. Seno se bontshiwa sentle mo go Diane 27:11, moo Lefoko la Modimo le bolelang jaana gone: “Tlhalefa morwaaka, mme  o ipedise pelo ya me, gore ke tle ke fetole ene yo o nkgobang.” Mafoko ano a a kwadilweng makgolokgolo a dingwaga fa Jobe a sena go swa, a bontsha gore Satane o ne a sa ntse a kgoba Modimo e bile a latofatsa batlhanka ba Gagwe. Fa re tshela ka tsela e e itumedisang Modimo, re nna le seabe mo go arabeng tatofatso ya maaka ya ga Satane, mme ka go dira jalo, re itumedisa pelo ya Modimo. Wena o ikutlwa jang ka seo? A go ne go se kitla go nna molemo go nna le seabe mo go arabeng maaka a ga Diabolo, le fa seno se bolela gore o dire diphetogo dingwe mo botshelong jwa gago?

15 Ela tlhoko gore Satane o ne a re: “Tsotlhe tse motho a nang natso, o tla di ntshetsa botshelo jwa gagwe.” (Jobe 2:4, Baebele e e Boitshepo) Fa Satane a re “motho,” o ne a bontsha sentle gore kgwetlho ya gagwe e ne e sa lebisiwa kwa go Jobe fela mme kwa bathong botlhe. Eo ke kgang e e botlhokwa fela thata. Satane o gwetlha boikanyegi jwa gago mo Modimong. Diabolo a ka rata go go bona o tlola molao wa Modimo le go tlogela tsela e e siameng fa o tlelwa ke mathata. Satane a ka leka go dira seno jang?

16. (a) Satane o dirisa ditsela dife go leka go dira gore batho ba furalele Modimo? (b) Diabolo a ka dirisa maano ano jang mo go wena?

16 Jaaka re tlotlile mo Kgaolong ya 10, Satane o dirisa maano a a farologaneng go leka go dira gore batho ba furalele Modimo. Kafa letlhakoreng le lengwe, o tlhasela “jaaka tau e e kurutlang, e e batlang go kometsa mongwe.” (1 Petere 5:8) Tlhotlheletso ya ga Satane e ka bonala sentle fa ditsala, ba losika kgotsa batho ba bangwe ba ganetsa maiteko a gago a go ithuta Baebele le go dirisa se o se ithutang. * (Johane 15:19, 20) Gape, Satane “o nna a iphetola moengele wa lesedi.” (2 Bakorintha 11:14) Diabolo a ka nna a dirisa ditsela tse di sa lemotshegeng tsa go go tsietsa le go go ntsha mo tseleng e e itumedisang Modimo. E bile a ka nna a dira gore o kgobege marapo, gongwe a dira gore o akanye gore ga o ka ke wa ba wa kgona go itumedisa Modimo. (Diane 24:10)  Le fa Satane a ka itshwara jaaka “tau e e kurutlang” kgotsa a itira “moengele wa lesedi,” kgwetlho ya gagwe ga e a fetoga: A re fa o lebane le diteko kgotsa dithaelo, o tla tlogela go direla Modimo. O ka araba jang tatofatso ya gagwe gore o ikanyege mo Modimong jaaka Jobe?

GO IKOBELA DITAELO TSA GA JEHOFA

17. Lebaka la konokono la go ikobela ditaelo tsa ga Jehofa ke lefe?

17 O ka kgona go lebana le kgwetlho ya ga Satane ka go tshela ka tsela e e itumedisang Modimo. Seno se akaretsa eng? Baebele e araba jaana: “O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka maatla otlhe a gago.” (Duteronome 6:5) Fa lorato lwa gago mo Modimong lo ntse lo gola, keletso ya gago ya go dira se a batlang o se dira le yone e tla gola. Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: “Seno ke se lorato lwa Modimo lo se kayang, gore re boloke ditaelo tsa gagwe.” Fa o rata Jehofa ka pelo ya gago yotlhe, o tla lemoga gore “ditaelo tsa gagwe ga di imele.”—1 Johane 5:3.

18, 19. (a) Ditaelo dingwe tsa ga Jehofa ke dife? (Bona lebokoso le le mo tsebeng ya 122.) (b) Re itse jang gore Modimo ga a lebelela gore re dire dilo tse re ka se kang ra kgona go di dira?

18 Ditaelo tsa ga Jehofa ke dife? Dingwe tsa tsone di akaretsa tsela e re sa tshwanelang go itshwara ka yone. Ka sekai, ela tlhoko  lebokoso le le mo tsebeng ya 122, la setlhogo se se reng “Ila se Jehofa a se Ilang.” Mo go lone, o tla fitlhela go tlhomagantswe mekgwa mengwe ya boitshwaro jo Baebele e bo kgalang. Mekgwa mengwe e e umakilweng moo e ka nna ya se ka ya lebega e le maswe go le kalo. Mme fa o sena go tlhatlhanya ka ditemana tse di umakilweng foo, ga go pelaelo gore o tla bona botlhale jwa melao ya ga Jehofa. Go ka direga gore go fetola boitshwaro jwa gago e nne kgwetlho e e boima go feta epe e o kileng wa lebana le yone. Le fa go ntse jalo, go tshela ka tsela e e itumedisang Modimo go tla go tlisetsa kgotsofalo le boitumelo jo bo seng kana ka sepe. (Isaia 48:17, 18) Mme e bile, seo ke selo se o ka kgonang go se dira. Re itse jang?

19 Jehofa ga a lebelela gore re dire dilo tse re ka se kang ra kgona go di dira. (Duteronome 30:11-14) O itse se re ka kgonang  go se dira le se re ka se kang ra kgona go se dira botoka go feta kafa rona re ikitseng ka gone. (Pesalema 103:14) Mo godimo ga moo, Jehofa a ka re naya nonofo ya gore re kgone go mo ikobela. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Modimo o a ikanyega, e bile ga a na go lo lesa lo raelwa go feta se lo ka se itshokelang, mme mmogo le thaelo gape o tla dira tsela ya go tswa gore lo kgone go e itshokela.” (1 Bakorintha 10:13) Go go thusa go itshoka, Jehofa a ka go naya le “maatla a a fetang a a tlwaelegileng.” (2 Bakorintha 4:7) Fa Paulo a sena go itshokela diteko di le dintsi, o ne a re: “Mo dilong tsotlhe ke na le nonofo ka ntlha ya yo o nnayang maatla.”—Bafilipi 4:13.

 GO LWELA GO NNA LE DINONOFO TSA BOMODIMO

20. Ke dinonofo dife tsa bomodimo tse o tshwanetseng go nna le tsone, mme ke ka ntlha yang fa di le botlhokwa?

20 Gone ke boammaaruri gore go itumedisa Jehofa ga go reye fela go ila dilo tse a di ilang. O tshwanetse gore gape o rate dilo tse a di ratang. (Baroma 12:9) A ga o ikutlwe o rata go tsalana le batho ba ba lebang dilo ka tsela e o di lebang ka yone, ba ba ratang dilo tse o di ratang le ba ba itshwarang ka tsela e o itshwarang ka yone? Jehofa le ene o rata go tsalana le ba ba ntseng jalo. Ka jalo, ithute go rata dilo tse Jehofa a di ratang. Dingwe tsa  tsone di tlhalosiwa mo go Pesalema 15:1-5, e mo go yone re balang ka batho ba Modimo a ba tsayang e le ditsala tsa gagwe. Ditsala tsa ga Jehofa di bontsha se Baebele e reng ke “maungo a moya.” A akaretsa dinonofo tse di jaaka “lorato, boipelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, molemo, tumelo, bonolo, boikgapo.”—Bagalatia 5:22, 23.

21. Ke eng se se tla go thusang go nna le dinonofo tsa bomodimo?

21 Go bala Baebele ka metlha le go e ithuta go tla go thusa go nna le dinonofo tsa bomodimo. Mme go ithuta se Modimo a batlang re se dira go tla go thusa gore o akanye ka tsela e e tshwanang le e Modimo a akanyang ka yone. (Isaia 30:20, 21) Fa o tswelela o nonotsha lorato lwa gago mo go Jehofa, keletso ya gago ya go tshela ka tsela e e mo itumedisang e tla gola.

22. O tla kgona go dira eng fa o tshela ka tsela e e itumedisang Modimo?

22 Go tlhokega gore o dire maiteko gore o kgone go tshela ka tsela e e itumedisang Jehofa. Baebele e tshwantsha go fetola botshelo jwa gago le go apola botho jwa gago jo bogologolo le go apara jo bosha. (Bakolosa 3:9, 10) Mme mopesalema o ne a kwala jaana ka ditaelo tsa ga Jehofa: “Go di boloka go na le maduo a magolo.” (Pesalema 19:11) Le wena o tla fitlhela go tshela ka tsela e e itumedisang Modimo go na le mosola o mogolo. Ka go dira jalo, o tla kgona go araba kgwetlho ya ga Satane le go itumedisa pelo ya ga Jehofa!

^ ser. 16 Seno ga se bolele gore batho ba ba go ganetsang ba laolwa ke Satane ka tlhamalalo. Mme Satane ke modimo wa tsamaiso eno ya dilo, e bile lefatshe lotlhe le mo maatleng a gagwe. (2 Bakorintha 4:4; 1 Johane 5:19) Ka jalo, re ka lebelela gore go tshela botshelo jwa boineelo jwa bomodimo e nne botshelo jo bo sa ratweng ke ba bangwe, le gore ba go ganetse.