KGAOLO YA BOSUPA
Tsholofelo ya Mmatota ka Batho Ba o Ba Ratang ba ba Suleng
Re itse jang gore tota tsogo ya baswi e tla nna teng?
Jehofa o ikutlwa jang ka go tsosa batho ba ba suleng?
Go tla tsosiwa bomang?
1-3. Ke mmaba ofe yo o re latelelang rotlhe, mme ke ka ntlha yang fa go sekaseka se Baebele e se rutang go ka dira gore re wele makgwafo?
AKANYA o sia o tshaba mmaba yo o shakgetseng. O nonofile thata e bile o lobelo go go gaisa. O a itse gore mmaba yono o setlhogo ka gonne o mmone a bolaya ditsala dingwe tsa gago. Le fa o ka taboga jang, o ntse o a go atamela. O felelwa ke tsholofelo. Mme ka tshoganyetso, go tlhaga mongwe kafa letlhakoreng la gago a tla go go namola. O maatla thata go gaisa mmaba wa gago, e bile o a go solofetsa gore o tlile go go thusa. A bo seo se dira gore o wele makgwafo jang ne!
2 Ka tsela ya tshwantshetso, le wena o lateletswe ke mmaba yo o ntseng jalo. O re latelela rotlhe. Jaaka re ithutile mo kgaolong e e fetileng, Baebele ya re loso ke mmaba. Ga go ope wa rona yo o ka le siang kgotsa yo o ka le lwantshang. Bontsi jwa rona re bone mmaba yono a bolaya batho ba re ba ratang. Mme Jehofa o maatla go gaisa loso. Ke Monamodi yo o lorato yo o setseng a bontshitse gore a ka kgona go fenya mmaba yono. Mme o solofetsa gore o tlile go fedisetsa mmaba yono ruri, e leng loso. Baebele e ruta jaana: “Loso lo tla nyelediwa, e le mmaba wa bofelo.” (1 Bakorintha 15:26) A dikgang tse di molemo ruri!
3 Mma re lebe ka bokhutshwane gore mmaba wa rona e bong loso o re ama jang fa mongwe yo re mo itseng a swa. Go dira jalo go tla re thusa go lemoga sengwe se se tla re itumedisang. Jehofa o solofetsa gore baswi ba tla tsosiwa. (Isaia 26:19) Ba tla boa ba tshela gape. Eo ke yone tsholofelo e re nang le yone ka baswi.
FA MOTHO YO RE MO RATANG A SWA
4. (a) Ke ka ntlha yang fa tsela e Jesu a ileng a ikutlwa ka yone ka loso lwa yo a mo ratang e re ruta sengwe ka tsela e Jehofa a ikutlwang ka yone ka loso? (b) Jesu o ne a na le ditsala dife tse di kgethegileng?
4 A o swetswe ke mongwe yo o mo ratang? Seno se ka dira gore o sale o utlwile botlhoko thata, o hutsafetse e bile o nyemile mooko. Mo dinakong tse di ntseng jalo, re tshwanetse go batla kgomotso mo Lefokong la Modimo. (2 Bakorintha 1:3, 4) Baebele e re thusa go tlhaloganya gore Jehofa le Jesu ba ikutlwa jang ka loso. Jesu, yo o neng a bontsha dinonofo tsa ga Rraagwe ka botlalo, o ne a itse gore go ntse jang go swelwa ke motho yo o mo ratang. (Johane 14:9) Fa Jesu a ne a le kwa Jerusalema, o ne a tle a etele Lasaro le bokgaitsadie, e bong Marea le Maratha, ba ba neng ba nna mo motseng o o fa gaufi wa Bethani. E ne e le tsala e kgolo ya bone. Baebele ya re: “Jesu o ne a rata Maratha le monnawe le Lasaro.” (Johane 11:5) Le fa go ntse jalo, jaaka fa re ithutile mo kgaolong e e fetileng, Lasaro o ne a tlhokafala.
5, 6. (a) Jesu o ne a itshwara jang fa a na le ba lelapa la ga Lasaro le ditsala tsa gagwe tse di hutsafetseng? (b) Ke ka ntlha yang fa go hutsafala ga ga Jesu go re kgothatsa?
5 Jesu o ne a ikutlwa jang ka go swelwa ke tsala ya gagwe e a e ratang thata? Pego e re bolelela gore Jesu o ne a hutsafala le ba losika le ditsala tsa ga Lasaro. Jesu o ne a tlhomoga pelo fela thata fa a ba bona. O ne “a fegelwa mo moyeng mme a tshwenyega.” Morago ga moo pego eno ya re, “Jesu a tsholola dikeledi.” (Johane 11:33, 35) A go hutsafala ga ga Jesu go ne go raya gore o ne a se na tsholofelo? Nnyaa. Tota e bile, Jesu o ne a itse gore go ne go tloga go direga sengwe se se itumedisang. (Johane 11:3, 4) Le fa go ntse jalo, o ile a utlwa botlhoko le khutsafalo tse di bakwang ke loso.
6 Go hutsafala ga ga Jesu go a re kgothatsa ka tsela nngwe. Go re ruta gore Jesu le Rraagwe e bong Jehofa, ba tlhoile loso. Mme Jehofa Modimo o kgona go lwantsha mmaba yono le go mo fenya! Mma re bone gore Modimo o ile a dira gore Jesu a kgone go dira eng.
“LASARO, TSWA!”
7, 8. Ke ka ntlha yang fa go ne go ka direga gore batho ba ba neng ba bogetse ba se ka ba nna le tsholofelo ya gore Lasaro o ne a ka tsoga, mme Jesu o ne a dira eng?
7 Lasaro o ne a fitlhilwe mo legageng mme Jesu a kopa gore leje le go neng go tswetswe kgoro ya legaga leo ka lone le tlosiwe. Maratha o ne a gana ka gonne morago ga malatsi a le manè, mmele wa ga Lasaro o tshwanetse wa bo o ne o setse o simolotse go senyega. (Johane 11:39) Tota ke mang yo o neng a ka nna le tsholofelo ya gore o tla tsoga?
8 Leje le ne la tlosiwa, mme Jesu a goa ka lentswe le le kwa godimo a re: “Lasaro, tswa!” Go ne ga direga eng? “Monna yo o neng a sule a tswa.” (Johane 11:43, 44) A o ka akanya fela kafa batho ba ba neng ba le foo ba neng ba itumela ka gone? Botlhe ba ba neng ba le foo, e ka ne e le ba Lasaro e neng e le kgaitsadiabone, wa losika lwa bone, tsala ya bone kgotsa moagelani wa bone, ba ne ba itse gore o ne a sule. Mme jaanong monna yoo yo ba neng ba mo rata, o ne a eme mo gare ga bone. Go tshwanetse ga bo go ile ga nna thata gore ba dumele se ba se bonang. Ga go pelaelo gore ba le bantsi ba ile ba tlamparela Lasaro ka boitumelo. Ruri loso lo ne lo fentswe!
9, 10. (a) Jesu o ne a senola jang Motswedi wa maatla a gagwe a go tsosa Lasaro? (b) Go bala dipego dingwe mo Baebeleng tse di buang ka go tsosiwa ga baswi go re solegela molemo jang?
9 Jesu ga a ka a bolela gore kgakgamatso eno e dirilwe ka maatla a gagwe. Fa a ne a rapela pele fela ga a bitsa Lasaro, o ne a dira gore go bonale sentle gore Jehofa ke ene a tsosang baswi. (Johane 11:41, 42) Eno e ne e se yone fela nako e Jehofa a neng a dirisa maatla a gagwe ka tsela eno. Go tsosiwa ga ga Lasaro mo baswing ke e le nngwe fela ya dikgakgamatso di le robongwe tsa mofuta ono tse go kwadilweng ka tsone mo Lefokong la Modimo. * Go itumedisa tota go bala dipego tseno le go di ithuta. Di re ruta gore Modimo ga a na tlhaolele, ka gonne ba ba tsosiwang mo baswing ba akaretsa bana le bagolo, banna le basadi, Baiseraele le ba e seng Baiseraele. Ditemana tseno di tlhalosa boitumelo jwa bone jo bo seng kana ka sepe! Ka sekai, fa Jesu a ne a tsosa mosetsana mongwe yo o neng a sule, batsadi ba gagwe ba ne “ba se ka ba kgona go itshwara ka ntlha ya go tlhapelwa ke boitumelo.” (Mareko 5:42) Ee, Jehofa o ne a ba neile lebaka la go itumela le ba neng ba ka se ka ba tlhola ba le lebala.
10 Gone ke boammaaruri gore ba ba neng ba tsosiwa ke Jesu ba ne ba boa ba swa gape. A seno se bolela gore go ba tsosa ga gagwe e ne e le ga lefela? Nnyaa. Dipego tseno tsa Baebele di re tlhomamisetsa boammaaruri jo bo botlhokwa e bile di re naya tsholofelo.
GO ITHUTA GO TSWA MO DIPEGONG TSE DI BUANG KA TSOGO YA BASWI
11. Pego ya go tsosiwa ga ga Lasaro e thusa jang go tlhomamisa boammaaruri jo bo kwadilweng mo go Moreri 9:5?
11 Baebele e ruta gore baswi “ga ba itse sepe gotlhelele.” Ga go na gope kwa ba tshelang teng. Pego ya ga Lasaro e tlhomamisa seno. Fa Lasaro a sena go tsoga mo baswing, a o ile a tlhalosetsa batho dilo tse di kgatlhang tsa gore legodimo le ntse jang? Kgotsa a o ile a ba bolelela dilo tse di tshosang ka molelo wa dihele? Nnyaa. Baebele ga e na mafoko ape a a ntseng jalo a a neng a buiwa ke Lasaro. Mo malatsing a le manè a a neng a sule ka one, o ne a “sa itse sepe gotlhelele.” (Moreri 9:5) Lasaro o ne a robetse mo losong.—Johane 11:11.
12. Ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisega gore tota Lasaro o ile a tsosiwa mo baswing?
12 Gape, pego eno ya ga Lasaro e re ruta gore tsogo ya baswi e teng, ga se tlhamane fela. Jesu o ne a tsosa Lasaro fa pele ga boidiidi jo bo neng jwa iponela seno ka matlho. Tota le baeteledipele ba bodumedi, ba ba neng ba tlhoile Jesu, ba ne ba se ka ba ganela gore o ne a dirile kgakgamatso eno. Go na le moo, ba ne ba re: “Re tla dirang, ka gonne monna yono [Jesu] o dira ditshupo di le dintsi?” (Johane 11:47) Batho ba le bantsi ba ne ba ya go bona monna yono yo o neng a tsositswe. Ka ntlha ya moo, ba le bantsi ba bone ba ne ba dumela mo go Jesu. Ba ne ba bona bosupi jwa mmatota ka Lasaro gore Jesu o ne a romilwe ke Modimo. Bosupi jono bo ne bo nonofile thata mo e leng gore baeteledipele bangwe ba Bajuda ba ba dipelo di thata ba ne ba bo ba loga leano la go bolaya Jesu le Lasaro.—Johane 11:53; 12:9-11.
13. Re na le lebaka lefe la go dumela gore tota Jehofa a ka kgona go tsosa baswi?
13 A go dumela mo tsogong ya baswi ke selo se se sa utlwaleng? Nnyaa, ka gonne Jesu o ile a ruta gore letsatsi lengwe “botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo” ba tla tsosiwa. (Johane 5:28) Jehofa ke ene Mmopi wa sengwe le sengwe se se tshelang. A go tshwanetse ga nna thata go dumela gore a ka kgona go bopa motho sesha? Ke boammaaruri gore seno se tla ikaega thata ka gore Jehofa o mo gakologelwa go le kana kang. A a ka kgona go gakologelwa beng ka rona ba re ba ratang ba ba suleng? Lobopo lo tletse ka dinaledi tse go seng motho ope yo o ka kgonang go di bala, le fa go ntse jalo Modimo o neile nngwe le nngwe ya tsone leina! (Isaia 40:26) Ka jalo, Jehofa Modimo a ka kgona go gakologelwa ka botlalo beng ka rona ba re ba ratang ba ba suleng, e bile o iketleeleditse go ba tsosa gore ba boe ba tshele gape.
14, 15. Jehofa o ikutlwa jang ka go tsosa baswi, jaaka fa go bontshiwa ke se Jobe a ileng a se bua?
14 Le fa go ntse jalo, Jehofa o ikutlwa jang ka go tsosa batho ba ba suleng? Baebele e re ruta gore o iketleeleditse go tsosa baswi. Monna yo o ikanyegang, e bong Jobe, o ne a botsa a re: “Fa monna yo o nonofileng a swa a o ka tshela gape?” Jobe o ne a re o tla leta mo lebitleng go fitlha nako e tla ya gore Modimo a mo gakologelwe. O ne a raya Jehofa a re: “O tla bitsa, mme nna ka bonna ke tla go araba. O tla tlhologelelwa tiro ya diatla tsa gago.”—Jobe 14:13-15.
15 A ko o akanye fela! Tota Jehofa o tlhologeletswe go tsosa baswi. A ga go itumedise go bona gore Jehofa o ikutlwa jalo? Mme go tweng ka tsogo eno ya baswi e e tlileng go direga mo isagweng? Go tla tsosiwa bomang, mme ba tla tsogela kae?
“BOTLHE BA BA MO MABITLENG A KGAKOLOGELO”
16. Baswi ba tla tsosiwa gore ba tle go tshela mo maemong a a ntseng jang?
16 Dipego tsa Baebele tse di buang ka tsogo ya baswi di re ruta go le gontsi ka tsogo e e tlang. Batho ba ba neng ba tsosiwa mo baswing gone mo lefatsheng mono, ba ne ba kopanngwa gape le beng ka bone ba ba ba ratang. Tsogo ya baswi ya mo isagweng e tla bo e ntse jalo le yone—mme yone e tla bo e le botoka thata go gaisa ya pele. Jaaka fa re ithutile mo Kgaolong ya 3, boikaelelo jwa Modimo ke gore lefatshe lotlhe e nne paradaise. Ka jalo, baswi ga ba kitla ba tsosediwa mo lefatsheng le le tletseng dintwa, bokebekwa le bolwetse. Ba tla nna le tshono ya go tshelela ruri mo lefatsheng leno ka kagiso le ka boitumelo.
17. Go tlile go tsosiwa batho ba le kae?
17 Go tla tsosiwa bomang? Jesu o ile a re “botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwa lentswe la gagwe [la ga Jesu] mme ba tla tswa.” (Johane 5:28, 29) Ka tsela e e tshwanang, Tshenolo 20:13 ya re: “Lewatle la ntsha baswi ba ba mo go lone, le loso le Hadese tsa ntsha baswi ba ba mo go tsone.” “Hadese” e kaya lebitla fela le le tlwaelegileng la batho. (Bona Dintlha Tse di Oketsegileng, ditsebe 212-13.) Mabitla ano a tla dirwa gore a sale a se na sepe. Dibilione tsotlhe tse di robetseng mo go one di tla tshela gape. Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Go tlile go nna le tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.” (Ditiro 24:15) Seo se bolela eng?
18. Ke bomang ba ba akarediwang mo gare ga “basiami” ba ba tlileng go tsosiwa, mme tsholofelo eno e ka go ama jang wena ka bowena?
18 “Basiami” ba akaretsa bontsi jwa batho ba re balang ka bone mo Baebeleng ba ba neng ba tshela pele Jesu a tla mo lefatsheng. O ka akanya ka Noa, Sara, Moshe, Ruthe, Esethere le ba bangwe ba bantsi. Kgaolo 11 ya Bahebera e tlotla ka bangwe ba banna le basadi bano ba tumelo. Mme gape, “basiami” ba akaretsa batlhanka ba ga Jehofa ba ba swang mo motlheng ono wa rona. Ka ntlha ya tsholofelo eno ya tsogo, ga re tlhole re tshaba go swa.—Bahebera 2:15.
19. Batho “ba ba sa siamang” ke bomang, mme Jehofa o ba naya tshono efe ka bopelonomi?
19 Go tweng ka batho botlhe ba ba neng ba sa direle Modimo kgotsa ba sa mo ikobele e le ka gonne ba ise ba ko ba utlwe sepe ka ene? Dibilione tsa batho bano “ba ba sa siamang” ga di kitla di lebalwa. Le bone ba tla tsosiwa ba bo ba newa tshono ya gore ba ithute ka Modimo wa boammaaruri le go mo direla. Mo nakong ya dingwaga tse di sekete, baswi ba tla tsosiwa ba bo ba newa tshono ya gore ba direle Jehofa ba na le batho ba ba ikanyegang gone mono mo lefatsheng. Eo e tla bo e le nako e e itumedisang tota. Baebele e bitsa nako eo Letsatsi la Katlholo. *
20. Gehena ke eng, mme go ya bomang teng?
20 A seno se raya gore go tlile go tsosiwa mongwe le mongwe fela yo o kileng a tshela? Nnyaa. Baebele ya re baswi bangwe ba mo “Gehena.” (Luke 12:5) Go bonala Gehena e ne e le leina la lefelo la go latlhela matlakala le le neng le le ka kwa ntle ga Jerusalema wa bogologolo. Go ne go fisediwa ditopo tsa batho le matlakala mo go lone. Bajuda ba ne ba tsaya baswi ba ditopo tsa bone di neng di latlhelwa moo e le ba ba sa tshwanelweng ke go fitlhwa le ke tsogo. Ka jalo, Gehena e tshwantshetsa sentle go senyediwa ruri. Le mororo Jesu a tlile go nna le seabe mo go atlholeng batshedi le baswi, katlholo ya bofelo e ikaegile ka Jehofa. (Ditiro 10:42) Ga a kitla a tsosa batho ba a ba tsayang ba le boikepo e bile ba sa batle go fetoga.
GO TSOGELA KWA LEGODIMONG
21, 22. (a) Go na le mofuta ofe o mongwe gape wa tsogo? (b) Motho wa ntlha go tsosiwa ka mmele wa semoya ke mang?
21 Baebele gape e bua ka mofuta o mongwe wa tsogo, e leng tsogo ya ba ba yang go tshela kwa legodimong e le dibopiwa tsa semoya. Go na le sekai se le sengwe fela sa tsogo eno se se kwadilweng mo Baebeleng, e leng sa ga Jesu Keresete.
22 E ne ya re fa Jesu a sena go bolawa, Jehofa o ne a se ka a letla Morwa yono wa gagwe yo o ikanyegang go nna mo lebitleng. (Pesalema 16:10; Ditiro 13:34, 35) Modimo o ne a tsosa Jesu, mme e seng ka mmele wa nama. Moaposetoloi Petere o tlhalosa gore Keresete o ne a “bolawa mo nameng, . . . a tshedisiwa mo moyeng.” (1 Petere 3:18) Ruri seno e ne e le kgakgamatso e e boitshegang. Jesu o ne a tsosiwa e le motho yo o maatla wa semoya! (1 Bakorintha 15:3-6) Jesu e ne e le ene wa ntlhantlha go bona tsogo ya mofuta ono e e galalelang. (Johane 3:13) Mme o ne a se kitla a nna wa bofelo go tsosiwa jalo.
23, 24. Ke bomang ba e leng karolo ya “letsomanyane” la ga Jesu, mme ba kae ka palo?
23 E re ka Jesu a ne a itse gore o ne a tloga a boela kwa legodimong, o ne a bolelela balatedi ba gagwe gore o ne a tlile go ya go ba “baakanyetsa lefelo.” (Johane 14:2) Jesu o ne a bitsa ba ba yang legodimong a re ke “letsomanyane.” (Luke 12:32) Go tla nna le batho ba le kae mo setlhotshwaneng seno se sennye sa Bakeresete ba ba ikanyegang? Go ya ka Tshenolo 14:1, moaposetoloi Johane a re: “Mme ka leba, mme, bona! Kwana [Jesu Keresete] e eme mo Thabeng ya Siona, mme a na le ba ba dikete di le lekgolo masome a manè le bonè ba kwadilwe leina la gagwe le leina la ga Rraagwe mo diphatleng tsa bone.”
24 Bakeresete bano ba ba 144 000, ba ba akaretsang baaposetoloi ba ba ikanyegang ba ga Jesu, ba tsosiwa gore ba ye go tshela kwa legodimong. Tsogo ya bone e direga leng? Moaposetoloi Paulo a ne a kwala a tlhalosa gore e ne e tla direga mo nakong ya go nna gone ga ga Keresete. (1 Bakorintha 15:23) Jaaka o tla ithuta mo Kgaolong ya 9, gone jaanong re tshela mo nakong eo. Ka jalo, ba le mmalwa ba ba setseng ba e leng karolo ya 144 000 ba ba swang mo motlheng ono wa rona, ba tsosiwa ka ponyo ya leitlho gore ba ye go tshela kwa legodimong. (1 Bakorintha 15:51-55) Le fa go ntse jalo, boidiidi jo bo se nang palo jwa batho jone bo na le tsholofelo ya go tsosiwa mo isagweng gore ba tle go tshela mo lefatsheng la Paradaise.
25. Re tla tlotla ka eng mo kgaolong e e latelang?
25 Ee, ruri Jehofa o tla fenya loso e leng mmaba wa rona, mme le tla nyelela ka bosakhutleng! (Isaia 25:8) Le fa go ntse jalo, o ka nna wa ipotsa go re, ‘Ba ba tsosediwang kwa legodimong, ba ya go dira eng koo?’ Ba tla nna bontlhanngwe jwa Bogosi jo bo molemo jwa kwa legodimong. Re tla ithuta go le gontsi ka bogosi joo mo kgaolong e e latelang.
^ ser. 9 Dipego tse dingwe di fitlhelwa mo go 1 Dikgosi 17:17-24; 2 Dikgosi 4:32-37; 13:20, 21; Mathaio 28:5-7; Luke 7:11-17; 8:40-56; Ditiro 9:36-42 le 20:7-12.
^ ser. 19 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka Letsatsi la Katlholo le gore batho ba tla bo ba atlholelwa eng, tsweetswee bona Dintlha Tse di Oketsegileng, ditsebe 213-15.