Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bana; Basha

Bana; Basha

Tsela e Modimo a lebang bana ka yone

Jehofa o bontsha jang gore bana le basha ba botlhokwa thata mo go ene?

Dut 6:6, 7; 14:28, 29; Ps 110:3; 127:3-5; 128:3, 4; Jak 1:27

Bona le Job 29:12; Ps 27:10; Dia 17:6

Bona le “Lelapa

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Ge 1:27, 28​—Jehofa o ne a batla gore batho ba nne le bana mme ba tlatse lefatshe

    • Ge 9:1​—Morago ga Morwalela, Modimo o ne a bolelela Noa le bomorwawe gore ba tshole bana mme ba tlatse lefatshe

    • Ge 33:5​—Motlhanka yo o ikanyegang wa Modimo e bong Jakobe, o ne a tsaya bana e le dimpho tse di tswang kwa Modimong

    • Mar 10:13-16​—Jesu o rata bana fela jaaka Rraagwe a ba rata

Jehofa o ikutlwa jang ka batho ba ba sotlang bana?

Ke melaometheo efe ya Baebele e e bontshang gore ga re a tshwanela go lebelela gore bana ba diragatse maikarabelo kgotsa ba dire ditiro tse di tshwanetseng go dirwa ke bagolo?

Dip 1:3; 1Bk 13:11

  • Pego ya Baebele e e ka go thusang:

    • Ge 33:12-14​—Jakobe o ne a tsamaya a iketlile gore bana ba se ka ba utlwalelwa ke loeto

A re tshwanetse go pega Modimo molato fa bana ba boga?

Job 34:10; Jak 1:13; 1Jo 5:19

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Luk 5:18, 20, 23-25​—Jesu o ne a tlhalosa gore re a lwala ka gonne re na le boleo

    • Bar 5:12​—Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa lebaka la go bo re na le boleo e bile re swa

Jehofa o re netefaletsa jang gore basha mmogo le bagolo ga ba kitla ba tlhola ba boga?

Fa e le gore batsadi ba rona ba ile ba dira diphoso tse di masisi kgotsa ba ne ba sa re tshware sentle, a seo se raya gore ga re na mosola kgotsa re tla dira diphoso tse di tshwanang le tsa bone?

Dut 24:16; Esk 18:1-3, 14-18

Bona le Dut 30:15, 16

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 2Dk 18:1-7; 2Dt 28:1-4​—Le fa gone rraagwe Hesekia a ne a le bosula e bile a ile a bolaya bana ba bangwe ba gagwe, Hesekia ene o ne a ikobela Jehofa e bile o ne a nna kgosi e e ikanyegang

    • 2Dk 21:19-26; 22:1, 2​—Rraagwe Josia e bong Amone, e ne e le kgosi e e bosula thata, mme Josia ene o ne a nna kgosi e e siameng

    • 1Bk 10:11, 12​—Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa gore re ka ithuta mo diphosong tsa ba bangwe re bo re tlhopha gore re se ka ra dira diphoso tse di tshwanang

    • Baf 2:12, 13​—Moaposetoloi Paulo o re gopotsa gore fa re tswelela re ikanyega, Modimo o tla re boloka

Maikarabelo a bana le basha

Jehofa o leba jang bana ba ba sa ntseng ba nna kwa gae le batsadi ba bone ba Bakeresete?

1Bk 7:14

  • Pego ya Baebele e e ka go thusang:

    • Ge 19:12, 15​—Lebaka lengwe la go bo baengele ba ile ba sireletsa bomorwadia Lote, ke ka gonne rraabone o ne a siame

Fa batsadi ba atamalane le Modimo, a seo se raya gore go tla itiragalela fela gore bana ba bone e nne ditsala tsa Modimo?

Dia 20:11; Esk 18:5, 10-13

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Lef 10:1-3, 8, 9​—Barwa ba ga Moperesiti yo Mogolo e bong Arone ba ne ba bolawa, gongwe e le ka ntlha ya botagwa

    • 1Sa 8:1-5​—Le fa gone Samuele e ne e le moporofeti yo o siameng, bomorwawe ba ne ba sa ikanyege

Bana ba tshwanetse go dira eng fa e le gore ba batla go itumedisa Modimo?

Goreng basha ba tshwanetse go nna gone kwa dipokanong?

Dut 31:12, 13; Bah 10:24, 25

  • Pego ya Baebele e e ka go thusang:

    • Mat 15:32-38​—Bareetsi ba ga Jesu ba ne ba akaretsa le bana

Re itse jang gore Jehofa o batla gore bana ba mo direle?

Ps 8:2; 148:12, 13

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 1Sa 17:4, 8-10, 41, 42, 45-51​—Jehofa o ne a dirisa Dafide yo mmotlana gore a femele leina la gagwe ka go fenya mokaloba yo o setlhogo

    • 2Dk 5:1-15​—Jehofa o ne a dirisa mosetsanyana wa Moiseraele gore a thuse molaodi wa masole yo e neng e se Moiseraele go itse ka Modimo wa boammaaruri

    • Mat 21:15, 16​—Jesu o ne a anaanela bana ba ba neng ba mo tlotla

Jehofa o leba jang bana ba batsadi ba bone e seng Bakeresete?

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Dip 16:25, 26, 32, 33​—Fa banna bangwe ba ne ba tlhanogela Moshe le Arone, Jehofa o ne a ba otlhaya le ba malapa a bone ba ba neng ba ba ema nôkeng

    • Dip 26:10, 11​—Kora o ne a bolawa ka gonne a ne a sa ikanyege, mme bomorwawe bone ga ba a ka ba bolawa ka gonne ba ne ba ikanyega mo Modimong

Goreng basha ba tshwanetse go tlhopha ditsala ka botlhale?

Basha ba Bakeresete ba tshwanetse go tlhopha ditsala tse di ntseng jang?

2Ti 2:22

Bona le “Ditsala