Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Batsadi

Batsadi

Mabaka mangwe a go bo Jehofa a dirile lenyalo ke afe?

Batsadi ba tshwanetse go ikutlwa jang ka bana ba bone?

Ps 127:3-5; 128:3

Bona le “Bana; Basha

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Ge 33:4, 5​—Jakobe o ne a tsaya bana ba gagwe e le dimpho tse di tswang kwa Jehofa

    • Ek 1:15, 16, 22; 2:1-4; 6:20​—Amerame le Jokebede ba ne ba nna le ngwana yo o bidiwang Moshe, mme ba ne ba ikemiseditse go tsenya matshelo a bone mo kotsing gore ba mo sireletse

Batsadi ba na le maikarabelo afe mo baneng ba bone?

Dut 6:6, 7; 11:18, 19; Dia 22:6; 2Bk 12:14; 1Ti 5:8

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 1Sa 1:1-4​—Elekana o ne a tlwaetse go tsamaya le ba lelapa la gagwe kwa meletlong kwa Shilo, e bile o ne a tlhomamisa gore ngwana mongwe le mongwe o nna le seabe mo kobamelong ya ga Jehofa

    • Luk 2:39, 41​—Josefa le Marea ba ne ba tlwaetse go tsamaya le ba bana ba bone go tswa kwa Nasaretha ba ya Tlolaganyong kwa Jerusalema

Ke eng fa go le molemo gore batsadi ba rute bana ba bone gore ba ikobele Jehofa?

Dia 1:8, 9; 22:6

Bona le 2Ti 3:14, 15

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 1Sa 2:18-21, 26; 3:19​—Batsadi ba ga Samuele ba ne ba mo ruta gore a rate Jehofa a bo a mo direle ka boikanyegi

    • Luk 2:51, 52​—Jesu o ne a ikobela batsadi ba gagwe le fa ba ne ba na le boleo

Batsadi ba ka bona kae kaelo e e ka ba thusang go godisa bana?

Dut 6:4-9; Bae 6:4; 2Ti 3:14-17

Bona le Ps 127:1; Dia 16:3

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Baa 13:2-8​—Fa moengele a sena go bolelela Manoa gore Jehofa o tla ba segofatsa ka ngwana wa mosimane, o ne a botsa Jehofa gore a ka godisa ngwana yoo jang

    • Ps 78:3-8​—Jehofa o batla gore batsadi ba rute bana ba bone se ba se ithutileng mo Baebeleng

Le fa gone ngwana a goletse mo lelapeng le le ratang Jehofa, ke eng se se ka dirang gore a se ka a tlhopha go direla Jehofa?

Esk 18:1-13, 20

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Ge 6:1-5; Jude 6​—Le fa gone baengele ba feditse dingwaga tse dintsi ba na le Jehofa kwa legodimong, bontsi jwa bone ba ne ba tlhopha go mo tlhanogela

    • 1Sa 8:1-3​—Le fa gone Samuele e ne e le moporofeti yo o ikanyegang e bile a siame, barwa ba gagwe ba ne ba tlhopha go dira dilo tse di bosula

Batsadi ba tshwanetse go simolola go ruta bana se Modimo a se batlang leng?

2Ti 3:15

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Dut 29:10-12, 29; 31:12; Esr 10:1​—Fa Baiseraele ba ne ba phuthega mmogo gore ba ithute ka Jehofa, ba ne ba tsamaya le bana ba bone

    • Luk 2:41-52​—Ngwaga le ngwaga, Josefa le Marea ba ne ba tsamaya le bana ba bone, go akaretsa le Jesu, fa ba ne ba ya kwa moletlong wa Tlolaganyo kwa Jerusalema

Ke dikao dife tse batsadi ba ka di latelang fa go tla mo kgannyeng ya go sireletsa bana ba bone gore batho bangwe ba se ka ba ba utlwisa botlhoko?

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Ek 19:4; Dut 32:11, 12​—Jehofa o itshwantsha le ntsu e e tsholetsang bana ba yone, e ba sireletsa le go ba tlhokomela

    • Isa 49:15​—Jehofa a re o tla tlhokomela le go sireletsa batlhanka ba gagwe ka tsela e e gaisang e mmê yo o anyisang a ka utlwelang ngwana wa gagwe botlhoko ka yone

    • Mat 2:1-16​—Satane o ne a leka go bolaya Jesu fa a ne a sa ntse a le ngwana. O ne a dira seo ka go romela balepadinaledi kwa go Kgosi Herode yo o bosula, mme Jehofa o ne a sireletsa Morwawe ka go laela Josefa gore a fudusetse lelapa la gagwe kwa Egepeto

    • Mat 23:37​—Jesu o ne a tshwantsha tsela e a ikemiseditseng go thusa batho ba gagwe ka yone le kafa koko e namagadi e phuthang le go sireletsa dikokwana tsa yone ka gone ka fa tlase ga diphuka tsa yone

Goreng batsadi ba tshwanetse go ruta bana ba bone ka tlhakanelodikobo?

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Lef 15:2, 3, 16, 18, 19; Dut 31:10-13​—Molao wa ga Moshe ga o potapote fa o bua ka dikgang tsa tlhakanelodikobo, e bile Jehofa o ne a laela gore bana ba nne gone fa Molao oo o balelwa kwa godimo

    • Ps 139:13-16​—Mopesalema Dafide o ne a lebogela kafa Jehofa a bopileng mmele wa motho ka gone le gore o bopile batho ba na le bokgoni jwa go tshola bana

    • Dia 2:10-15​—Kitso le botlhale tse Jehofa a re nayang tsone di ka re sireletsa gore re se ka ra utlwisiwa botlhoko ke batho ba ba dirang dilo tse di bosula le ba ba tsietsang

Goreng batsadi ba tshwanete go otlhaya bana ba bone ka lorato?

Dia 13:24; 29:17; Jer 30:11; Bae 6:4

Bona le Ps 25:8; 145:9; Bak 3:21

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Ps 32:1-5​—Jehofa o ne a otlhaela Kgosi Dafide boleo jo a neng a bo dirile, mme gone Dafide o ile a gomodiwa ke go itse gore fa batho ba ikwatlhaela maleo a bone go tswa pelong, Jehofa o a ba itshwarela

    • Jon 4:1-11​—Moporofeti Jona o ne a bua le Jehofa ka bogale le ka lonyatso; le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a bua le ene ka bonolo a le pelotelele, mme seo se ne sa ruta Jona go nna kutlwelobotlhoko

Goreng re ka re fa batsadi ba otlhaya bana ba bone ba a bo ba bontsha gore ba a ba rata?