Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa Bakeresete ba Tshwanetseng go Itshwara ka Gone

Kafa Bakeresete ba Tshwanetseng go Itshwara ka Gone

Goreng Bakeresete ba tshwanetse go tshela tumalanong le se ba se dumelang?

Bakeresete ba tshwanetse go latela sekao sa ga mang?

Go ka felela ka eng fa Bakeresete ba tshela ka melao ya Modimo?

Ditemana tse di latelang di ka thusa Bakeresete jang go tila boitshwaro jo bo sa siamang?

Dia 4:23-27; Jak 1:14, 15

Bona le Mat 5:28; 15:19; Bar 1:26, 27; Bae 2:2, 3

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Ge 3:1-6​—Efa ga a a ka a lwantsha dikeletso tse di sa siamang

    • Jos 7:1, 4, 5, 20-25​—Fa Akane a ne a sa ikobele Jehofa, batho ba le bantsi ba ne ba boga ka ntlha ya boleo jwa gagwe

Ditemana tse di latelang di ka thusa Bakeresete jang go dira se se siameng?

Bar 12:2; Bae 4:22-24; Baf 4:8; Bak 3:9, 10

Bona le Dia 1:10-19; 2:10-15; 1Pe 1:14-16

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Ge 39:7-12​—Josefa o ne a gana fa mosadi wa ga Potifaro a ne a mo raela

    • Job 31:1, 9-11​—Jobe o ne a ikemiseditse gore ga a kitla a eletsa mosadi yo e seng wa gagwe

    • Mat 4:1-11​—Jesu o ne a gana fa Satane a ne a mo raela

Ke mekgwa efe e e sa siamang e Bakeresete ba tshwanetseng go e tila?

Ke ditiro dife tse di sa siamang tse Bakeresete ba tshwanetseng go di tila?

Ke dinonofo dife tse di molemo tse Bakeresete ba tshwanetseng go nna le tsone?

Boitsholo jo bo siameng

2Bk 11:3; 1Ti 4:12; 5:1, 2, 22; 1Pe 3:1, 2

Bona le Baf 4:8; Tit 2:3-5

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Ge 39:4-12​—Josefa o ne a tswelela a na le boitsholo jo bo siameng le fa gone mosadi wa ga Potifaro a ne a dira maiteko a go leka go mo raela gore a tlhakanele dikobo le ene

    • Sfl 4:12; 8:6​—Mosetsana wa Moshulame o ne a ikanyega mo monneng yo a neng a mo rata, e bile o ne a tswelela a na le boitsholo jo bo siameng; ga a a ka tlhakanela dikobo le monna ope

Go ikanya Jehofa

Bona “Go Ikanya Jehofa

Go tlotla ba bangwe go feta tsela e re itlotlang ka yone

Bona “Boikokobetso

Go kgotsofala

Bona “Go Kgotsofala

Go dirisana sentle le ba bangwe

Mor 4:9, 10; 1Bk 16:16; Bae 4:15, 16

Bona le Ps 110:3; Baf 1:27, 28; Bah 13:17

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 1Dt 25:1-8​—Kgosi Dafide o ne a rulaganya baopedi le batho ba ba tlhamang mmino gore ba bereke mmogo, mme kabelo eo e ne e tlhoka gore ba dirisane sentle

    • Neh 3:1, 2, 8, 9, 12; 4:6-8, 14-18, 22, 23; 5:16; 6:15​—Jehofa o ne a segofatsa batho ba gagwe ba ba neng ba ikemiseditse go bereka mmogo, ka jalo ba ne ba kgona go aga sesha dipota tsa Jerusalema mo malatsing a le 52 fela

Bopelokgale

Bona “Bopelokgale

Go kgothatsana; go agana

Isa 35:3, 4; Bar 1:11, 12; Bah 10:24, 25

Bona le Bar 15:2; 1Bt 5:11

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 1Sa 23:15-18​—Jonathane o ne a kgothatsa Dafide fa Kgosi Saulo a ne a batla go mmolaya

    • Dit 15:22-31​—Setlhopha se se laolang sa lekgolo la ntlha la dingwaga se ne sa romelela diphuthego lekwalo le le neng la di kgothatsa

Go itshoka; go sa ineele; go nitama

Mat 24:13; Luk 21:19; 1Bk 15:58; Bag 6:9; Bah 10:36

Bona le Bar 12:12; 1Ti 4:16; Tsh 2:2, 3

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Bah 12:1-3​—Moaposetoloi Paulo o ne a kgothaletsa Bakeresete gore ba itshoke a dirisa sekao sa ga Jesu

    • Jak 5:10, 11​—Jakobe o ne a umaka sekao sa ga Jobe sa go itshoka le kafa Jehofa a neng a mo duela ka gone

Go Ikanyega mo dilong tsotlhe

Luk 16:10

Bona le Ge 6:22; Ek 40:16

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Dan 1:3-5, 8-20​—Moporofeti Daniele le ditsala tsa gagwe tse tharo ba ne ba ikobela Molao wa ga Moshe o o buang ka dijo

    • Luk 21:1-4​—Jesu o ne a tlhalosa gore fa motlholagadi wa mohumanegi a ne a ntsha moneelo o monnye, o ne a bontsha gore o a ikanyega

Go boifa Jehofa

Job 28:28; Ps 33:8; Dia 1:7

Bona le Ps 111:10

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Neh 5:14-19​—E re ka Nehemia a ne a boifa Jehofa, fa e ne e le molaodi ga a a ka a tsietsa batho ba Modimo jaaka balaodi ba bangwe ba ne ba dira

    • Bah 5:7, 8​—Jesu o re tlhometse sekao sa go boifa Modimo

Maungo a moya o o boitshepo

Bopelotshweu

Bona “Bopelotshweu

Go direla Modimo ka pelo yotlhe

1Ti 6:6; 2Pe 2:9; 3:11

Bona le 1Ti 5:4; 2Ti 3:12

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Dit 10:1-7​—Le fa gone Korenelio e ne e se Mojuda, Jehofa o ne a lemoga gore ke monna yo o ratang thapelo, yo o ineetseng mo go ene, yo o mmoifang e bile a le pelotshweu

    • 1Ti 3:16​—Jesu o re tlhometse sekao se se molemo sa go ikanyega mo Modimong

Mafoko a a itumedisang le a a agang

Dia 12:18; 16:24; Bak 4:6; Tit 2:6-8

Bona le Dia 10:11; 25:11; Bak 3:8

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Ps 45:2​—Boporofeti jo bo buang ka Mesia bo ne jwa bolelela pele gore Kgosi e e tlhomilweng ke Jehofa, e ne e tla bua ka tsela e e bonolo

    • Luk 4:22​—Batho ba ne ba kgatlhiwa ke mafoko a a bonolo a Jesu a neng a a bua

Go tila boferefere

Bona “Go Tila Boferefere

Go amogela baeng

Bona “Go Amogela Baeng

Boikokobetso; boingotlo

Bona “Boikokobetso

Go tlhaola batho ka maemo

Go dira ka natla; go dira bojotlhe

Bona “Tiro

Go ikanyega mo Modimong

Go amega thata ka batho ba bangwe

Go ikanyega

Bona “Go Ikanyega

Kutlwelobotlhoko

Bona “Kutlwelobotlhoko

Go dira dilo ka tekatekano

Go nna kutlo

Bona “Go Nna Kutlo

Go dira dilo ka thulaganyo

Go rapela o sa kgaotse

Go ikemisetsa go itshwarela ba bangwe

Bona “Go Itshwarela

Go tlotla ba bangwe

Baf 2:3, 4; 1Pe 3:15

Bona le Bae 5:33; 1Pe 3:1, 2, 7

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Dip 14:1-4, 11​—Baiseraele ba ne ba nyatsa moporofeti Moshe le Moperesiti yo Mogolo e bong Arone, mme Jehofa o ne a tsaya seo e le go nyatsa ene

    • Mat 21:33-41​—Jesu o ne a dira setshwantsho se se bontshang ditlamorago tse di tla tlelang batho ba ba nyatsang baporofeti ba ga Jehofa le ba ba nyatsang Morwawe

Go atamalana le Modimo; go baya thato ya Modimo kwa pele mo botshelong jwa gago

Mat 6:33; Bar 8:5; 1Bk 2:14-16

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Bah 11:8-10​—E re ka Aborahame a ne a tsaya Bogosi Jwa Modimo e le selo sa mmatota, o ne a ikemiseditse go nna mo ditenteng e le motswakwa

    • Bah 11:24-27​—Ditshwetso tse Moshe a neng a di dira mo botshelong, di ne di bontsha gore o tsaya Jehofa e le motho wa mmatota

Go ikoba

Bae 5:21; Bah 13:17

Bona le Joh 6:38; Bae 5:22-24; Bak 3:18

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Luk 22:40-43​—Jesu o re tlhometse sekao se se molemo sa go ikobela Rraagwe, tota le fa go dira jalo go ne go se motlhofo

    • 1Pe 3:1-6​—Moaposetoloi Petere o ne a dirisa Sara e le sekao sa go ikoba se basadi ba ba nyetsweng ba Bakeresete ba tshwanetseng go se latela

Go tlhomogela ba bangwe pelo

Bona “Bopelotlhomogi

Go bua boammaaruri

Bona “Go Tila Boferefere