Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bonolo

Bonolo

Re itse jang gore Jehofa o bonolo?

Mat 11:28, 29; Joh 14:9

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 1Dk 19:12​—Fa moporofeti Elija a ne a tshwenyegile e bile a tlhobaela, Jehofa o ne a bua le ene ka “lentswe le le sisibetseng, le le kwa tlase.”

    • Jon 3:10–4:11​—Le fa gone moporofeti Jona a ne a bua le Jehofa ka bogale, Jehofa o ne a mo ruta go nna kutlwelobotlhoko a le bonolo

Re ka bontsha bonolo ka ditsela dife?

Dia 15:1; Bae 4:1-3; Tit 3:2; Jak 3:13, 17; 1Pe 3:15

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Dip 11:26-29​—Fa Joshua a ne a kopa Moshe gore a thibele banna bangwe ba babedi gore ba se ka ba itshwara jaaka baporofeti, Moshe o ne a mo araba a le bonolo

    • Baa 8:1-3​—Moatlhodi Gidione o ne a bua ka bonolo le banna bangwe ba ba neng ba galefile e bile ba batla go nganga le ene, mme seo se ne sa dira gore ba tlogele go galefa