Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipuso

Dipuso

Ke puso efe e Bakeresete ba e emang nôkeng e bile ba e ikobela?

Mat 6:9, 10, 33; 10:7; 24:14

Bona le Dan 7:13, 14

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Ps 89:18-29​—Jehofa o tlhomile Mesia gore a nne Kgosi ya lefatshe lotlhe

    • Tsh 12:7-12​—Fa malatsi a bofelo a ne a simologa, Jesu Keresete o ne a simolola go busa e le Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo, mme o ne a leleka Satane kwa legodimong

Balatedi ba ga Keresete ba ba tloditsweng ba ba mo lefatsheng ke baemedi ba Bogosi Jwa Modimo ka tsela efe?

Bakeresete ba tlotla babusi

Goreng re ikobela melao ya puso ya naga e re nnang mo go yone e bile re duela makgetho?

Bar 13:1-7; Tit 3:1; 1Pe 2:13, 14

Bona le Dit 25:8

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Mat 22:15-22​—Jesu o ne a araba ka tsela e e botlhale fa batho ba ne ba mmotsa gore a balatedi ba gagwe ba tshwanetse go duela makgetho

Goreng re sa ipusolosetse tota le fa re bogisiwa?

Bakeresete ga ba tseye letlhakore

Le fa gone re tlotla babusi, goreng re gana go ba reetsa fa ba re laela gore re se ka ra ikobela Jehofa?

Dit 4:18-20; 5:27-29

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Dan 3:1, 4-18​—Basha ba bararo ba Bahebera ba ne ba gana go ikobela molao wa kwa Babelona ka gonne o ne o le kgatlhanong le molao wa Modimo

    • Dan 6:6-10​—Fa kgosi e ne e laela batho gore ba se ka ba rapela modimo ope mme ba rapele kgosi fela, Daniele ga a a ka a ikobela molao oo

Jesu o ne a bontsha jang gore Bakeresete ga ba a tshwanela go nna le seabe mo dipolotiking?

Melao ya Modimo e e kgatlhanong le go obamela medingwana, e ka thusa Mokeresete jang gore a se ka a tsaya letlhakore mo dipolotiking?

Ek 20:4, 5; 1Bk 10:14; 1Jo 5:21

  • Pego ya Baebele e e ka go thusang:

    • Dan 3:1, 4-18​—Kgosi Nebukadenesare o ne a tlhoma setshwantsho, se gongwe a neng a se diretse modingwana wa maaka e bong Maraduke, a bo a laela batho ba gagwe botlhe gore ba se obamele

Fa puso e laela Bakeresete gore ba ye ntweng kgotsa ba eme ntwa eo nôkeng ka tsela nngwe, ke ditemana dife tsa Baebele tse di ka ba kaelang se ba tshwanetseng go se dira?

Isa 2:4; Joh 18:36

Bona le Ps 11:5

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Mat 26:50-52​—Jesu o ne a tlhalosa sentle gore balatedi ba gagwe ga ba kitla ba nna le seabe mo dintweng

    • Joh 13:34, 35​—A Mokeresete o tla bo a ikobela taelo eno fa a ya ntweng a ya go lwa le batho ba naga e nngwe, tota e bile a bo a bolaya le badumedimmogo le ene ba naga eo?

Goreng Bakeresete ba sa nne le seabe fa go dirwa ditshupetso kgatlhanong le dipuso?

Goreng Bakeresete ba sa tshwanela go gakgamala fa dipuso di ba latofatsa di re ba tlhanogela puso e bile ba baka mathata?

Luk 23:1, 2; Joh 15:18-21

  • Pego ya Baebele e e ka go thusang:

    • Dit 16:19-23​—Moaposetoloi Paulo le Silase ba ne ba bogisiwa ka gonne ba ne ba rera