Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditiro Tse di sa Siamang

Ditiro Tse di sa Siamang

Ke ditiro dife tse di sa siamang tse Bakeresete ba tshwanetseng go di tila?

Go kgoba ba bangwe ka mafoko

Mat 5:22; 1Bk 6:9, 10; Bae 4:31

Bona le Ek 22:28; Mor 10:20; Jude 8

  • Pego ya Baebele e e ka go thusang:

Go amogela kgotsa go naya ba bangwe pipamolomo

Ek 23:8; Ps 26:9, 10; Dia 17:23

Bona le Dut 10:17; 16:19; Ps 15:1, 5

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 1Sa 8:1-5​—Barwa ba ga moporofeti Samuele ba ne ba se ka ba latela sekao sa ga rraabone se se molemo, go na le moo ba ne ba amogela pipamolomo e bile ba sa atlhole ka tsela e e siameng

    • Neh 6:10-13​—Baba ba Baiseraele ba ne ba thapa moporofeti wa maaka yo o bidiwang Shemaia gore a tshosetse Mmusi Nehemia le gore a kgoreletse tiro ya ga Jehofa

Go ikgantsha

Bona “Go Ikgantsha

Boitshwaro jo bo repileng jwa go sa kgathale; boitsholo jo bo sa siamang; boitshekologo; boaka

Go gaisana

Mor 4:4; Bag 5:26

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Mar 9:33-37; 10:35-45​—Jesu o ne a gakolola baaposetoloi ba gagwe gangwe le gape gore ba tlogele mokgwa wa bone wa go rata go lwela go nna le maemo

    • 3Jo 9, 10​—Dioterefese o ne a rata “go nna le maemo a ntlha” mo gare ga bakaulengwe

Go baka dikgaogano; go rotloetsa makoko

Botagwa; go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng

Dia 20:1; 23:20, 29-35; 1Bk 5:11; 6:9, 10

Bona le Bae 5:18; 1Ti 3:8; Tit 2:3; 1Pe 4:3

Bona le “Go Nwa Bojalwa

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Ge 9:20-25​—Noa o ne a tagiwa, mme ka ntlha ya seo morwawe e bong Hame le ngwana wa gagwe e bong Kanana ba ne ba dira boleo jo bo masisi

    • Dan 5:1-6, 30​—Fa Kgosi Beleshasare a ne a tagilwe, o ne a tlhapatsa Jehofa mme seo se ne sa dira gore a bolawe mo go jone bosigo joo le puso ya gagwe e ne ya khutla

Go tseela batho dilo ka dikgoka

Ps 62:10; 1Bk 5:10, 11; 6:9, 10

Bona le Dia 1:19; 15:27

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Jer 22:11-17​—Jehofa o ne a kgala Kgosi Shalume (Jehoahase) ka gonne o ne a tseela batho dilo ka dikgoka e bile a dira maleo a mangwe a a masisi

    • Luk 19:2, 8​—Mokgethisi yo o bidiwang Sakaio o ne a ikwatlhaela go bo a ne a tseela batho madi ka dikgoka a bo a solofetsa go ba duela

    • Dit 24:26, 27​—Moaposetoloi Paulo ga a a ka a naya Molaodi Felise pipamolomo e molaodi yoo a neng a e solofetse

Go nna nna loleme lo borethe

Job 32:21, 22; Ps 5:9; 12:2, 3; Dia 26:24-28; 29:5

Bona le Dia 28:23; 1Bt 2:3-6

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Luk 18:18, 19​—Jesu o ne a gana go tlotlomadiwa ka gonne a ne a lemoga gore motho yoo o loleme lo borethe

    • Dit 12:21-23​—Kgosi Herode Ageripa o ne a letla batho ba mmitsa Modimo mme o ne a swa ka ntlha ya boleo joo

Go ja bobe

Go seba; go itshunya nko mo dikgannyeng tsa batho

Go obamela medingwana

Go bua maaka; go sa boloke ditumalano

Bona “Go Bua Maaka

Go bua maaka; go senya ba bangwe maina

Bona “Go Bua Maaka

Go dirisa madi ka tsela e e sa tshwanelang

Ge 9:4; Dut 12:16, 23; Dit 15:28, 29

Bona le Lef 3:17; 7:26

  • Pego ya Baebele e e ka go thusang:

    • 1Sa 14:32-34​—Baiseraele ba ne ba leofela Jehofa ka go ja nama e e neng e sa tshololwa madi

Go bolaya batho

Ek 20:13; Mat 15:19; 1Pe 4:15

Bona le Mat 5:21, 22; Mar 7:21

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Ge 4:4-16​—Le fa gone Jehofa a ile a kgalemela Kaine ka lorato, Kaine o ile a bolaya morwarraagwe yo o neng a siame e bong Abele

    • 1Dk 21:1-26; 2Dk 9:26​—Bopelotshetlha bo ne jwa dira gore Kgosi Ahabe yo o bosula le Kgosigadi Jesebele ba rulaganye gore Nabothe le bomorwawe ba bolawe

Go ngongorega

1Bk 10:10; Baf 2:14; Jude 16

Bona le Dip 11:1

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Dip 14:1-11, 26-30​—Baiseraele ba ne ba ngongorega ka Moshe le Arone, mme Jehofa o ne a tsaya gore ba ngongorega ka ene

    • Joh 6:41-69​—Bajuda ba ne ba ngongorega ka Jesu; bangwe ba barutwa ba gagwe ba ne ba mo tlhanogela

Puo e e ferosang sebete

Pornography

Bona Pornography

Go omana

Bona “Go Omana

Go sotla ba bangwe ka mafoko

Dia 19:29; 24:9

Bona le Dia 17:5; 22:10; 2Pe 3:3, 4

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 2Dt 36:15-21​—Modimo o ne a otlhaya batho ba gagwe mo go botlhoko ka gonne ba ne ba sotla barongwa ba gagwe e bile ba tshega ka baporofeti ba gagwe

    • Job 12:4; 17:2; 21:3; 34:7​—Monna yo o siameng e bong Jobe o ne a itshokela go sotliwa ka nako ya fa a ne a lebane le diteko

Go utswa

Bona “Go Utswa

Dikgogakgogano; thubakanyo

Ps 11:5; Dia 3:31; 29:22

Bona le 1Ti 3:2, 3; Tit 1:7

  • Pego ya Baebele e e ka go thusang:

    • Ek 21:22-27​—Molao wa ga Moshe o ne o laela gore fa motho a ka gobatsa yo mongwe ka ntlha ya thubakanyo, o ne a tshwanetse go otlhaiwa

Go tshosetsa

Bae 6:9; 1Pe 2:23

Bona le Ps 10:4, 7; 73:3, 8

  • Pego ya Baebele e e ka go thusang:

    • Dit 4:15-21​—Maloko a Sanehederine a ne a tshosetsa barutwa ba ga Jesu gore ba tlogele go rera

Meletlo ya botlhapelwa

Bar 13:13; Bag 5:19, 21; 1Pe 4:3

Bona le Dia 20:1; 1Bk 10:31

  • Pego ya Baebele e e ka go thusang:

    • Dan 5:1-4, 30​—Fa Kgosi Beleshasare a ne a dirile “mokete o mogolo,” batho ba ne ba tlhapelwa mme kgosi eo e ne ya tlontlolola Jehofa mme seo se ne sa felela ka gore a bolawe