Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Aba

Go Aba

Ke eng se se re bontshang gore Jehofa o rata go aba?

Ke mofuta ofe wa go aba o o sa itumediseng Modimo?

Mat 6:1, 2; 2Bk 9:7; 1Pe 4:9

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Ge 4:3-7; 1Jo 3:11, 12​—Lebaka la go bo setlhabelo sa ga Kaine se ne se sa itumedise Modimo

    • Dit 5:1-11​—Ananiase le Safira ba ne ba otlhaiwa ka gonne ba ile ba bua maaka ka mpho e ba neng ba e ntshitse e bile maitlhomo a bone a ne a sa siama

Ke mofuta ofe wa go aba o o itumedisang Modimo?

Mat 6:3, 4; Bar 12:8; 2Bk 9:7; Bah 13:16

Bona le Dit 20:35

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Luk 21:1-4​—Jesu o ne a akgola motlholagadi wa mohumanegi ka gonne a ile a ntsha moneelo ka bopelotshweu le fa gone moneelo oo o ne o le monnye

Bakeresete ba bogologolo ba ne ba na le thulaganyo e e ntseng jang ya go ntsha moneelo?

Dit 11:29, 30; Bar 15:25-27; 1Bk 16:1-3; 2Bk 9:5, 7

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Dit 4:34, 35​—Maloko a phuthego a ne a ntsha madi, mme baaposetoloi ba bo ba a abela ba ba a tlhokang

    • 2Bk 8:1, 4, 6, 14​—Phuthego e ne ya dira thulaganyo ya gore ba ba tlhokang ba thusiwe ka dilo tse ba di tlhokang

Bakeresete ba na le maikarabelo afe a botlhokwa mo go ba malapa a bone le mo badumedingmmogo le bone?

Baebele e re ruta gore re tshwanetse go direla bahumanegi eng?

Ke eng se se bontshang gore tsela e e molemo ya go thusa batho, ke go ba thusa gore ba itse Modimo?

Mat 5:3, 6; Joh 6:26, 27; 1Bk 9:23

Bona Dia 2:1-5; 3:13; Mor 7:12; Mat 11:4, 5; 24:14

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Luk 10:39-42​—Jesu o ne a thusa Maratha go tlhaloganya gore dilo tse di re thusang go atamalana le Modimo, ke tsone tse di tshwanetseng go tla pele