Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Ineela mo Modimong

Go Ineela mo Modimong

Ke eng se se tshwanetseng go re tlhotlheletsa go ineela mo go Jehofa Modimo?

Fa re batla go direla Modimo, re tshwanetse go leba Baebele jang?

Ke eng se Modimo a se dirileng go re golola mo boleong, mme re tlhoka go dira eng gore seo se re solegele molemo?

Go ikwatlhaela dilo tse di bosula tse re di dirileng go akaretsa eng?

Dit 3:19; 26:20

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Luk 19:1-10​—Mokgethisi yo o bidiwang Sakaio o ne a ikwatlhaela go tseela batho madi ka dikgoka, mme o ne a ba busetsa madi ao

    • 1Ti 1:12-16​—Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa gore o ile a tlogela botshelo jwa gagwe jwa pele jo bo sa siamang mme Modimo le Keresete ba ne ba mo itshwarela ka gonne ba le kutlwelobotlhoko

Ke eng gape se re tshwanetseng go se dira fa re sena go tlogela boitshwaro jo bo sa siamang?

Ke melao efe e re tshwanetseng go e ikobela e le gore re direle Modimo ka tsela e a e amogelang?

1Bk 6:9-11; Bak 3:5-9; 1Pe 1:14, 15; 4:3, 4

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 1Bk 5:1-13​—Moaposetoloi Paulo o ne a laela phuthego ya kwa Korintha gore e kgaole monna yo o neng a dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo

    • 2Ti 2:16-19​—Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa Timotheo gore a tshabe dipuo tsa batlhanogi, tse di anamang jaaka ntho e e oketsegang

Goreng batlhanka ba Modimo ba sa tshwanela go ema nôkeng dipuso tsa lefatshe?

Isa 2:3, 4; Joh 15:19

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Joh 6:10-15​—Fa Jesu a sena go fepa batho ba bantsintsi ka kgakgamatso, batho ba ne ba batla go mo dira kgosi, le fa go ntse jalo o ne a tswa mo go bone a tsamaya

    • Joh 18:33-36​—Jesu o ne a tlhalosa gore Bogosi jwa gagwe ga bo amane ka gope le dipuso tsa batho

Moya o o boitshepo o re thusa jang go direla Modimo?

Joh 16:13; Bag 5:22, 23

Bona le Dit 20:28; Bae 5:18

  • Pego ya Baebele e e ka go thusang:

    • Dit 15:28, 29​—Setlhopha se se laolang kwa Jerusalema se ne se kaelwa ke moya o o boitshepo fa se dira tshwetso ya botlhokwa e e amanang le go rupisiwa

Ke ka ditsela dife re ka etsang tsela e Jesu a neng a direla Modimo ka yone?

Goreng batho ba ba ineetseng mo Modimong ba tshwanetse go kolobediwa?

Mat 28:19, 20; Dit 2:40, 41; 8:12; 1Pe 3:21

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Mat 3:13-17​—Jesu o ne a tletse go dira thato ya ga Rraagwe, mme o ile a bontsha seo ka go kolobediwa

    • Dit 8:26-39​—Modiredimogolo wa Moethiopia yo o neng a setse a obamela Jehofa, o ile a batla go kolobediwa fa a sena go utlwa dikgang tse di molemo ka ga Jesu Keresete