Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Kgothatsa

Go Kgothatsa

Ke eng fa go le botlhokwa gore batlhanka ba Modimo ba kgothatsane?

Isa 35:3, 4; Bak 3:16; 1Bt 5:11; Bah 3:13

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 2Dt 32:2-8​—Kgosi Hesekia o ne a bua le batho a ba kgothatsa fa Baasiria ba ne ba tlile go ba tlhasela

    • Dan 10:2, 8-11, 18, 19​—Moengele o ne a kgothatsa moporofeti Daniele fa a ne a tsofetse e bile a feletswe ke maatla

Goreng Jehofa a lebeletse gore bagolwane ba kgothatse ba bangwe?

Isa 32:1, 2; 1Pe 5:1-3

Bona le Mat 11:28-30

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Dut 3:28; 31:7, 8​—Fela jaaka Jehofa a ne a laetse, Moshe o ne a kgothatsa le go nonotsha Joshua yo o neng a tloga a nna moeteledipele wa setšhaba sa Iseraele

    • Dit 11:22-26; 14:22​—Fa Bakeresete ba kwa Antioka ba ne ba bogisiwa, moaposetoloi Paulo le moaposetoloi Barenabase ba ne ba ba kgothatsa

Ke eng fa go akgola ba bangwe go le botlhokwa fa re batla go ba kgothatsa?

Dia 31:28, 29; 1Bk 11:2

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Baa 11:37-40​—Basadi ba Iseraele ba ne ba etela morwadia Jefetha ngwaga le ngwaga ba ya go mo kgothatsa ka gonne a ile a tlogela legae la gaabo a ya go direla kwa motlaaganeng

    • Tsh 2:1-4​—Le fa gone Jesu a ne a tlhoka go kgalemela Bakeresete ba kwa Efeso, gape o ne a ba akgolela dilo tse ba neng ba di dira sentle

Re ka kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona jang?

Dia 15:23; Bae 4:29; Baf 1:13, 14; Bak 4:6; 1Bt 5:14

Bona le 2Bk 7:13, 15, 16

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 1Sa 23:16-18​—Jonathane o ne a itse gore tsala ya gagwe e bong Dafide o tlhoka go kgothadiwa, ka jalo o ne a ya go mmatla gore a mo kgothatse

    • Joh 16:33​—Jesu o ne a kgothatsa barutwa ba gagwe ka go ba gopotsa gore o fentse lefatshe le gore le bone ba ka kgona go dira jalo fa ba latela sekao sa gagwe

    • Dit 28:14-16​—Fa moaposetoloi Paulo a ne a le mo tseleng a ya go sekisiwa kwa Roma, o ne a nonotshiwa ke go bona bakaulengwe ba ba neng ba tlile go mo kgothatsa

Goreng go le botlhokwa gore re tile mokgwa wa go ngongorega le wa go nyatsa ba bangwe?

Baf 2:14-16; Jude 16-19

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Dip 11:10-15​—Moporofeti Moshe o ne a kgobiwa marapo ke batho ba ba neng ba sa lebe dilo sentle e bile ba sa batle go reetsa

    • Dip 13:31, 32; 14:2-6​—Pego e e sa siamang e e neng ya tlisiwa ke ditlhola tse di lesome, e ne ya kgoba batho marapo, mme go ise go ye kae batho bao ba ne ba tlhanoga

Go fetsa nako le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona go re kgothatsa jang?

Dia 27:17; Bar 1:11, 12; Bah 10:24, 25; 12:12

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 2Dt 20:1-19​—Fa mophato o mogolo o ne o tlhasela Juda, Kgosi Jehoshafate o ne a rapela le batho

    • Dit 12:1-5, 12-17​—Fa moaposetoloi Jakobe a sena go bolawa mme moaposetoloi Petere a le kwa kgolegelong, bakaulengwe ba kwa Jerusalema ba ne ba kopana mmogo gore ba mo rapelele

Go akanya ka tsholofelo e re nang le yone go ka re kgothatsa jang gore re tswelele re itshokile fa re lebane le diteko?

Dit 5:40, 41; Bar 8:35-39; 1Bk 4:11-13; 2Bk 4:16-18; 1Pe 1:6, 7

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Ge 39:19-23; 40:1-8​—Le fa gone Josefa a ne a tsentswe mo kgolegelong mme a sa dira molato ope, o ne a tswelela a ikaegile ka Jehofa e bile a batla ditsela tsa go thusa ba bangwe

    • 2Dk 6:15-17​—Moporofeti Elisha o ne a sa tshoga fa mophato wa masole o tla go mo tlhasela, mme o ne a rapelela motlhokomedi wa gagwe gore le ene a se ka a tshoga

Baebele e ka kgona go re kgothatsa

Jehofa o re solofetsa gore o tla re thusa jang?

Go akanya kafa Jehofa a leng pelotelele le kutlwelobotlhoko ka gone, go re kgothatsa jang?

Ke eng se Jehofa a ka se direlang batho ba ba feletsweng ke maatla?

Ps 46:1; Isa 12:2; 40:29-31; Baf 4:13

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 1Sa 1:10, 11, 17, 18​—Fa Hana a ne a utlwile botlhoko e bile a galefile, o ne a rapela Jehofa mme o ne a mo thusa gore a nne le kagiso

    • 1Dk 19:1-19​—Fa moporofeti Elija a ne a kgobegile marapo, Jehofa o ne a mo tlamela ka dijo le metsi. O ne a mo kgothatsa a bo a mo gomotsa ka go mmolelela se se tla diregang mo nakong e e tlang

Ditsholofetso tse di mo Baebeleng di re thusa jang go nna pelokgale?

2Dt 15:7; Ps 27:13, 14; Bah 6:17-19; 12:2

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Job 14:1, 2, 7-9, 13-15​—Le fa gone Jobe a ne a kgobegile marapo thata, o ne a itse gore fa a ka swa Jehofa o tla mo tsosa mo baswing, mme seo se ne se mo gomotsa

    • Dan 12:13​—Moporofeti Daniele, yo o neng a na le dingwaga di ka nna 100, o ne a kgothadiwa ke moengele yo o neng a mmolelela ka kabelo e a neng a tla e newa mo nakong e e tlang

Go rapela Jehofa le go akanyetsa kwa teng ka se re se itseng ka ene go re kgothatsa jang?

Ps 18:6; 56:4, 11; Bah 13:6

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 1Sa 30:1-9​—Fa Kgosi Dafide a ne a le mo mathateng, o ne a rapela Jehofa mme a nna le maatla gape

    • Luk 22:39-43​—Fa Jesu a ne a lebane le teko e kgolo o ne a rapela Jehofa, mme Jehofa o ne a romela moengele gore a mo kgothatse

Dipego tse di molemo di re kgothatsa jang, mme ke eng fa go le molemo gore re di bolelele ba bangwe?

Dia 15:30; 25:25; Isa 52:7

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Dit 15:2-4​—Moaposetoloi Paulo le moaposetoloi Barenabase ba ne ba kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba diphuthego tse ba neng ba di etela

    • 3Jo 1-4​—Fa moaposetoloi Johane a ne a tsofetse, o ne a kgothadiwa ke go utlwa gore batho ba a neng a ba rutile dikgang tse di molemo ba ne ba sa ntse ba ikanyega