Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Kopana ga Madumedi a a Farologaneng

Go Kopana ga Madumedi a a Farologaneng

A batho ba madumedi otlhe ba obamela Modimo a le mongwe?

A Baebele e ruta gore Jehofa o amogela madumedi otlhe le fa gone dithuto tsa one di farologana?

Mat 7:13, 14; Joh 17:3; Bae 4:4-6

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Jos 24:15​—Joshua o ne a re re tshwanetse go tlhopha gore a re tla direla Jehofa kgotsa medimo e mengwe

    • 1Dk 18:19-40​—Jehofa o ne a dirisa moporofeti Elija go bontsha gore baobamedi ba gagwe ga ba a tshwanela go obamela medimo e mengwe

Jehofa o ne a ikutlwa jang ka medimo ya ditšhaba tse dingwe le kafa e neng e obamelwa ka gone?

Jehofa o ikutlwa jang fa batho ba ba reng ba a mo obamela ba akaretsa dilo tse a di tlhoileng mo kobamelong ya bone?

Isa 1:13-15; 1Bk 10:20-22; 2Bk 6:14, 15, 17

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Ek 32:1-10​—Jehofa o ne a galefa fa Arone a ne a dirile sefikantswe sa namane gore Baiseraele ba se obamele, mme ba ipolelela gore ba se dirisa mo moletlong o ba neng ba o diretse Jehofa

    • 1Dk 12:26-30​—Kgosi Jeroboame o ne a sa batle gore batho ba gagwe ba ye kwa tempeleng kwa Jerusalema, ka jalo o ne a dira medingwana a bo a re e emela Jehofa, mme seo se ne sa dira gore batho ba leofe

Ke eng se Jehofa a neng a se ruta Baiseraele ka kgang ya go ikopanya le batho ba ba neng ba obamela medimo e mengwe?

Jehofa o ne a dira eng fa batho ba gagwe ba ne ba obamela medimo e mengwe?

Baa 10:6, 7; Ps 106:35-40; Jer 44:2, 3

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 1Dk 11:1-9​—Basadi ba ga Kgosi Solomone ba ditšhaba tse dingwe, ba ne ba dira gore a obamele medimo e mengwe. Seo se ne sa tlhotlheletsa Baiseraele ba bangwe gore le bone ba obamele medimo eo, mme Jehofa o ne a galefa

    • Ps 78:40, 41, 55-62​—Asafe o ne a tlhalosa gore fa Baiseraele ba ne ba tlhanogela Jehofa ba bo ba obamela medimo e mengwe, Jehofa o ne a utlwa botlhoko a bo a ba galefela

A Jesu o ne a amogela dithuto tsa bodumedi tse di neng di sa dumalane le Lefoko la Modimo?

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Mat 16:6, 12​—Jesu o ne a tshwantsha dithuto tsa Bafarasai le Basadukae le sebediso ka gonne dithuto tse di sa siamang di anama ka bonako e bile di senya dithuto tsa boammaaruri tse di tswang mo Lefokong la Modimo

    • Mat 23:5-7, 23-33​—Jesu o ne a kgala bakwadi le Bafarasai a sa potapote ka ntlha ya boitimokanyi jwa bone le dithuto tsa bone tse di sa siamang

    • Mar 7:5-9​—Jesu o ne a kgala bakwadi le Bafarasai ka gonne ba ne ba tlotla dingwao tsa batho thata go feta Lefoko la Modimo

A Jesu o ne a batla gore balatedi ba gagwe ba kgaogane mme ba dire madumedi a a farologaneng?

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Joh 15:4, 5​—Jesu o ne a dira setshwantsho ka setlhare sa morara e le go bontsha gore balatedi ba gagwe ba tshwanetse go nna seoposengwe le ene le badumedimmogo le bone

    • Joh 17:1, 6, 11, 20-23​—Mo bosigong jwa ga Jesu jwa bofelo a na le baaposetoloi ba gagwe, pele ga a bolawa, o ne a rapelela gore balatedi ba gagwe ba boammaaruri ba nne seoposengwe

A diphuthego tsa Bakeresete ba bogologolo di ne di dumela dithuto tse di tshwanang e bile di obamela Jehofa ka tsela e e tshwanang?

Dit 16:4, 5; Bar 12:4, 5

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Dit 11:20-23, 25, 26​—Diphuthego tsa kwa Antioka le kwa Jerusalema di ne di dirisana sentle e bile di le seoposengwe

    • Bar 15:25, 26; 2Bk 8:1-7​—Bakeresete ba diphuthego tsa bogologolo ba ne ba bontsha gore ba a ratana ka go thusana ka dinako tsa mathata, mme seo se ne se supa gore ba seopesengwe

A Modimo o amogela madumedi otlhe a a ipolelang gore a dumela mo go Jesu?

Fa batho ba sa dumalane le dithuto tsa ga Jesu le tsa baaposetoloi, a re ka re Modimo o amogela kobamelo ya bone?

Dit 20:29, 30; 1Ti 4:1-3

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Mat 13:24-30, 36-43​—Jesu o ne a tshwantsha Bakeresete ba maaka le mefero a bo a tlhalosa gore fa nako e ntse e ya go ne go tla nna le Bakeresete ba maaka ba le bantsi mo ba neng ba tla hupetsa phuthego ya boammaaruri

    • 1Jo 2:18, 19​—Moaposetoloi Johane yo o tsofetseng o ne a tlhalosa gore batho ba le bantsi ba ba ganetsang Keresete ba ne ba setse ba le gone kwa bowelong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga

Go direga eng fa batho ba ba rutang dithuto tsa maaka le ba ba sa ikobeleng Keresete ba letlelelwa go nna karolo ya phuthego?

Bakeresete ba tshwanetse go dira eng gore ba tswelele ba le seoposengwe?

Goreng Bakeresete ba tshwanetse go tila kobamelo ya maaka?

Ke eng fa go siame e bile go tshwanela gore re itsise batho ka madumedi a a sa ruteng boammaaruri?

Goreng re sa tshwanela go gakgamala fa batho ba madumedi a maaka ba re tlhasela e bile ba re bogisa?