Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tlhobaela

Go Tlhobaela

A o tlhobaediwa ke mathata a a jaaka go humanega, go bolawa ke tlala kgotsa go tlhoka legae?

Dia 10:15; 19:7; 30:8

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Dik 3:19​—Moporofeti Jeremia o ne a se na legae fela jaaka batho ba le bantsi ba ne ba se na magae fa motse wa Jerusalema o sena go senngwa

    • 2Bk 8:1, 2; 11:27​—Bakeresete ba kwa Makedonia ba ne ba humanegile; moaposetoloi Paulo le ene gantsi o ne a tlhoka dijo, diaparo le lefelo le a neng a ka robala mo go lone

  • Ditemana tse di gomotsang:

A o a tlhobaela ka gonne o boifa gore o tla tlhoka ditsala, o ikutlwa o le nosi kgotsa o akanya gore ga o kitla o ratiwa?

Job 19:19; Mor 4:10, 12

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 1Dk 18:22; 19:9, 10​—Moporofeti Elija o ne a akanya gore ke ene fela motlhanka wa ga Jehofa yo o setseng

    • Jer 15:16-21​—Moporofeti Jeremia o ne a ikutlwa a le nosi mo gare ga batho ba ba neng ba itumedisiwa ke go dira metlae e bile ba itlhokomolosa molaetsa wa gagwe

  • Ditemana tse di gomotsang:

  • Dipego tsa Baebele tse di gomotsang:

    • 1Dk 19:1-19​—Jehofa o ne a tlamela moporofeti Elija ka dijo le metsi, o ne a mo reetsa ka bopelotelele fa a ntse a bua se se mo tshwenyang, e bile o ne a mo kgothatsa ka go mmontsha dilo tse di neng tsa mo gopotsa gore Modimo o maatla

    • Joh 16:32, 33​—Jesu o ne a itse gore ditsala tsa gagwe di ne di tlile go mo tlhanogela, mme gone o ne a itse gore Jehofa o na le ene ka metlha