Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa

Jehofa

Leina la gagwe

Re tlhaloganya gore leina Jehofa le kaya “O Dira Gore go Diragale”

Jehofa o kgona go nna eng kgotsa go dira eng e le gore a tlhokomele batlhanka ba gagwe?

Goreng mongwe le mongwe a tshwanetse go itse gore Jehofa o boitshepo le gore ke ene fela Modimo wa boammaaruri?

Goreng Jehofa a tshwanelwa ke gore mongwe le mongwe a mo ikobele?

Dingwe tsa direto tsa ga Jehofa

Mothatayotlhe​—Ge 17:1; Tsh 19:6

Rara​—Mat 6:9; Joh 5:21

Motlhatlheledi yo Mogolo​—Isa 30:20

Jehofa wa masomosomo​—1Sa 1:11

Kgosi ya bosakhutleng​—1Ti 1:17; Tsh 15:3

Modimo yo Mogolo​—Bah 1:3; 8:1

Mogodimodimo​—Ge 14:18-22; Ps 7:17

Lefika​—Dut 32:4; Isa 26:4

Morena Molaodimogolo​—Isa 25:8; Amo 3:7

Dinonofo dingwe tsa ga Jehofa tse di tlhomologileng

Jehofa o dira jang gore go bonale sentle gore o boitshepo mme go itse seo go tshwanetse ga re tlhotlheletsa go dira eng?

Ek 28:36; Lef 19:2; 2Bk 7:1; 1Pe 1:13-16

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Isa 6:1-8​—Fa moporofeti Isaia a ne a bona Jehofa mo ponatshegelong, kwa tshimologong o ne a ipona a sa tshwanelege ka gonne o ne a itse gore o na le boleo. Le fa go ntse jalo moengele o ne a mmontsha gore go a kgonega gore Jehofa a tseye batho ba ba nang le boleo ba le phepa

    • Bar 6:12-23; 12:1, 2​—Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa gore re ka kgona go lwantsha dikeletso tsa rona tsa go batla go dira boleo mme ‘ditiro tsa rona di bo di nna boitshepo’

Maatla a ga Jehofa a magolo go le kana kang, mme o a dirisa ka ditsela dife?

Ek 15:3-6; 2Dt 16:9; Isa 40:22, 25, 26, 28-31

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Dut 8:12-18​—Moporofeti Moshe o ne a gopotsa Baiseraele gore ba ne ba na le dilo tse di molemo di le dintsi ka gonne Jehofa a ile a dirisa maatla a gagwe go ba segofatsa

    • 1Dk 19:9-14​—Jehofa o ne a kgothatsa moporofeti Elija ka go mmontsha maatla a gagwe a magolo

Goreng re ka ikanya ka botlalo tsela e Jehofa a atlholang ka yone?

Dut 32:4; Job 34:10; 37:23; Ps 37:28; Isa 33:22

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Dut 24:16-22​—Melao ya ga Jehofa e a neng a e neile Moshe e bontsha gore ka metlha o dira dilo ka tshiamiso, o lorato e bile o kutlwelobotlhoko

    • 2Dt 19:4-7​—Kgosi Jehoshafate o ne a gopotsa baatlhodi gore fa ba atlhola ba ne ba tshwanetse go ela tlhoko se Jehofa a reng se siame, e seng se batho ba akanyang gore se siame

Ke eng se se re bontshang gore Jehofa o botlhale go feta mongwe le mongwe?

Ps 104:24; Dia 2:1-8; Jer 10:12; Bar 11:33; 16:27

Bona Ps 139:14; Jer 17:10

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 1Dk 4:29-34​—Jehofa o ne a dira gore Kgosi Solomone a nne botlhale go gaisa mongwe le mongwe yo o neng a tshela ka nako ya gagwe

    • Luk 11:31; Joh 7:14-18​—Jesu o ne a le botlhale go gaisa Solomone, mme gone o ne a itse gore Jehofa ke ene a mo neileng botlhale joo

Jehofa o ne a dira eng se se bontshang gore o re rata thata?

Joh 3:16; Bar 8:32; 1Jo 4:8-10, 19

Bona le Sfn 3:17; Joh 3:35

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Mat 10:29-31​—Jesu o ne a dira setshwantsho sa dithaga e le go bontsha gore Jehofa o rata batlhanka ba gagwe e bile o ba tsaya ba le botlhokwa

    • Mar 1:9-11​—Jehofa o ne a bolelela Jesu gore o a mo rata le gore o itumelela go bo Jesu e le Morwawe. Seno ke sekao se se molemo mo batsading ka gonne bana botlhe ba tlhoka go utlwa mafoko ao go tswa mo batsading ba bone

Ke mabaka afe a mangwe a a dirang gore re rate Jehofa? Baebele e bontsha gore Jehofa o na le dinonofo tse dintsi tse di kgatlhang, mme dingwe tsa tsone ke tse di latelang . . .

O bona sengwe le sengwe​—2Dt 16:9; Dia 15:3

Ga a fetoge; re ka mo ikanya​—Mal 3:6; Jak 1:17

O pelotlhomogi​—Isa 49:15; 63:9; Sek 2:8

O nnetse ruri; ga a na tshimologo kgotsa bokhutlo​—Ps 90:2; 93:2

O pelotshweu​—Ps 104:13-15; 145:16

O a galalela​—Tsh 4:1-6

O itumetse​—1Ti 1:11

O boikokobetso​—Ps 18:35

O pelonomi ​—Luk 6:35; Bar 2:4

O a ikanyega​—Tsh 15:4

O tlotlometse​—Ps 8:1; 148:13

O kutlwelobotlhoko​—Ek 34:6

O pelotelele​—Isa 30:18; 2Pe 3:9

O rata kagiso​—Baf 4:9

O siame​—Ps 7:9

Fa re itse Jehofa botoka, re tla tlhotlholetsega go dira eng?

Kafa re ka direlang Jehofa ka gone

Ke eng se se re bontshang gore Jehofa ga a re kope go dira dilo tse a itseng gore re ka se di kgone?

Dut 10:12; Mik 6:8; 1Jo 5:3

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Dut 30:11-14​—Molao o Jehofa a neng a o neile Moshe o ne o se thata, ka jalo Baiseraele ba ne ba ka kgona go o ikobela

    • Mat 11:28-30​—E re ka Jesu a na le botho jo bo tshwanang le jwa ga Jehofa, o ne a bolelela balatedi ba gagwe gore ke Mong yo o bonolo

Goreng Jehofa a tshwanelwa ke gore re mmake?

Ps 105:1, 2; Isa 43:10-12, 21

Bona le Jer 20:9; Luk 6:45; Dit 4:19, 20

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Ps 104:1, 2, 10-20, 33, 34​—Mopesalema o ne a baka Jehofa ka ntlha ya dilo tse a di bopileng

    • Ps 148:1-14​—Dilo tsotlhe tse Jehofa a di bopileng di a mo galaletsa, go akaretsa le baengele, ka jalo le rona re tshwanetse go mo galaletsa

Boitshwaro jwa rona bo ka dira jang gore batho ba bangwe ba tlotle Jehofa?

Re ka dira eng gore re nne ditsala tsa ga Jehofa?

Goreng re tlhoka go nna boikokobetso gore re nne ditsala tsa ga Jehofa?

Goreng re tlhoka go bala Baebele le go akanyetsa kwa teng ka se re se balang fa e le gore re batla go nna ditsala tsa ga Jehofa?

Goreng re tlhoka go dirisa se re se ithutileng ka Jehofa?

Goreng re sa tshwanela go leka go fitlhela Jehofa sepe?

Job 34:22; Dia 28:13; Jer 23:24; 1Ti 5:24, 25

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 2Dk 5:20-27​—Gehasi o ne a leka go fitlha boleo jo a neng a bo dirile, le fa go ntse jalo Jehofa o ne a senolela moporofeti Elisha se Gehasi a se dirileng

    • Dit 5:1-11​—Ananiase le Safira ba ne ba leka go fitlha boleo jwa bone, mme Jehofa o ne a bo senola a bo a ba otlhaya ka gonne ba ile ba bua maaka