Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jesu Keresete

Jesu Keresete

Jesu o na le seabe sefe sa botlhokwa mo go diragadiweng ga boikaelelo jwa ga Jehofa?

Dit 4:12; 10:43; 2Bk 1:20; Baf 2:9, 10

Bona le Dia 8:22, 23, 30, 31; Joh 1:10; Tsh 3:14

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Mat 16:13-17​—Moaposetoloi Petere o ne a tlhalosa gore Jesu ke Keresete e bile ke Morwa Modimo

    • Mat 17:1-9​—Baaposetoloi ba ga Jesu ba bararo ba ne ba bona ponatshegelo ya fa Jesu a tla bo e le Kgosi e e galalelang e bile ba ne ba utlwa Jehofa a bua gore Jesu ke Morwawe

Goreng Jesu a ne a sa tshwane le batho ba bangwe?

Joh 8:58; 14:9, 10; Bak 1:15-17; 1Pe 2:22

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Mat 21:1-9​—Fa Jesu a ne a tsena kwa Jerusalema a palame tonki, o ne a diragatsa boporofeti jo bo buang ka Kgosi e e leng Mesia, e Jehofa a e tlhophileng

    • Bah 7:26-28​—Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa gore Jesu, yo e leng Moperesiti yo Mogolo, o farologana jang le baperesiti ba bangwe botlhe ba bagolo

Dikgakgamatso tse Jesu a neng a di dira, di re ruta eng ka ene le ka Rraagwe?

Joh 3:1, 2; 5:36

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Mat 4:23, 24​—Jesu o ne a bontsha gore o na le maatla go gaisa madimona le gore o kgona go fodisa bolwetse bongwe le bongwe

    • Mat 14:15-21​—Jesu o ne a fepa batho ba le bantsintsi ka go dira gore dinkgwe di le tlhano le ditlhapi di le pedi di oketsege ka kgakgamatso

    • Mat 17:24-27​—Jesu o ne a dira kgakgamatso gore Petere a kgone go duela lekgetho la tempele gore batho ba bangwe ba se ka ba kgopisega

    • Mar 1:40, 41​—Jesu o ne a tlhomogela molepero mongwe pelo a bo a mo fodisa. Seno se bontsha gore eleruri o batla go fodisa batho ba ba lwalang

    • Mar 4:36-41​—Jesu o ne a sisibatsa setsuatsue se se maatla, a bontsha gore Jehofa o mo neile maatla a go laola maemo a bosa

    • Joh 11:11-15, 31-45​—Jesu o ne a lela fa tsala ya gagwe e bong Lasaro a ne a tlhokafetse; go tswa foo o ne a mo tsosa mo baswing mme seo se ne se bontsha gore o tlhoile loso le kutlobotlhoko e e bakiwang ke loso

Molaetsa wa konokono wa ga Jesu e ne e le ofe?

Dingwe tsa dinonofo tse di kgatlhang tse Jesu a neng a di bontsha fa a ne a le mo lefatsheng ke dife? Ela tlhoko gore o ne a bontsha jang gore. . .

O a atamelesega​—Mat 13:2; Mar 10:13-16; Luk 7:36-50

O pelotlhomogi; o kutlwelobotlhko​—Mar 5:25-34; Luk 7:11-15

O pelokgale​—Mat 4:2-11; Joh 2:13-17; 18:1-6

O boikokobetso​—Mat 11:29; 20:28; Joh 13:1-5; Baf 2:7, 8

O lorato​—Joh 13:1; 14:31; 15:13; 1Jo 3:16

O kutlo​—Luk 2:40, 51, 52; Bah 5:8

O botlhale​—Mat 12:42; 13:54; Bah 2:3

Goreng Jesu a ne a ikemiseditse go swa, mme setlhabelo sa gagwe se re thusa jang?

Goreng re tshwanetse go itumelela gore Jesu Keresete o busa e le Kgosi kwa legodimong?

Ps 72:12-14; Dan 2:44; 7:13, 14; Tsh 12:9, 10

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Ps 45:2-7, 16, 17​—Pesalema eno e bontsha gore Kgosi e Modimo a e tlhophileng e tla fenya baba botlhe ba yone e bile e tla busa ka boammaaruri, boikokobetso le ka tshiamo

    • Isa 11:1-10​—Fa Jesu a tla bo a busa lefatshe e le Kgosi, lefatshe lotlhe le tla nna paradaise

Ke eng se Jesu a tla se dirang mo nakong e e tlang?