Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kgalemelo le Kotlhao

Kgalemelo le Kotlhao

Goreng Baebele e le yone e e ka re kaelang fa re kgalemela mongwe?

Goreng rotlhe re tlhoka go kaelwa le go kgalemelwa?

Fa Jehofa a re kgalemela kgotsa a re otlhaya, seo se a bo se bontsha eng?

Dia 3:11, 12; Bah 12:7-9

Bona le Dut 8:5; Dia 13:24; Tsh 3:19

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 2Sa 12:9-13; 1Dk 15:5; Dit 13:22​—Le fa gone Kgosi Dafide a ne a dirile maleo a a masisi, Jehofa o ne a mo otlhaya ka lorato a bo a mo itshwarela

    • Jon 1:1-4, 15-17; 3:1-3​—Jehofa o ne a otlhaya moporofeti Jona ka gonne a ile a tshaba fa a mo naya kabelo nngwe, le fa go ntse jalo o ne a mo letla gore a ye go dira kabelo eo gape

Ke eng fa re tshwanetse go amogela kgalemelo le kotlhao e Modimo a re nayang yone?

Ke eng se se ka diragalelang batho ba ba ganang go amogela kgalemelo e e tswang kwa Modimong?

Dia 1:24-26; 13:18; 15:32; 29:1

Bona le Jer 7:27, 28, 32-34

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Jer 5:3-7​—Batho ba Modimo ba ne ba gana go fetoga fa a ba kgalemela, mme seo se ne sa felela ka gore a ba otlhaye

    • Sfn 3:1-8​—E re ka batho ba Jerusalema ba ne ba sa reetse fa Jehofa a ba kgalemela, ba ne ba tlelwa ke ditlamorago tse di botlhoko

Go ikoba fa Jehofa a re kgalemela kgotsa a re otlhaya, go re solegela molemo jang?

Dia 4:13; 1Bk 11:32; Tit 1:13; Bah 12:10, 11

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Dut 30:1-6​—Moporofeti Moshe o ne a bolelela batho gore fa ba ne ba ka reetsa fa Jehofa a ba kgalemela, o ne a tla ba segofatsa

    • 2Dt 7:13, 14​—Jehofa o ne a bolelela Kgosi Solomone dilo tse di molemo tse di neng di tla direga fa batho ba ne ba ka reetsa fa Jehofa a ba kgalemela

Ke eng fa go le botlhale gore re ithute sengwe fa batho ba bangwe ba kgalemelwa?

Goreng re sa tshwanela go itumela fa ba bangwe ba otlhaiwa?

Re tshwanetse go dira eng fa re batla go solegelwa molemo ke kgalemelo le kotlhao ya ga Jehofa?

Jos 1:8; Jak 1:25

Bona le Dut 17:18, 19; Ps 119:97

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 1Dt 22:11-13​—Kgosi Dafide o ne a solofetsa morwawe e bong Solomone gore Jehofa o ne a tla mo segofatsa fa fela a ne a ka ikobela kaelo ya gagwe ka kelotlhoko

    • Ps 1:1-6​—Jehofa a re o tla segofatsa batho ba ba balang molao wa gagwe e bile ba akanyetsa kwa teng ka one

Ke eng fa batsadi ba ba lorato ba kgalemela le go otlhaya bana ba bone?

Bona “Batsadi

Bana ba tshwanetse go dira eng fa batsadi ba bone ba ba kgalemela kgotsa ba ba otlhaya?