Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lelapa

Lelapa

Jehofa o dirile lelapa

Batsadi

Bona “Batsadi

Borre

Bona “Borre

Bommê

Bona “Bommê

Banna ba ba nyetseng, Basadi ba ba nyetsweng

Bona “Lenyalo

Barwa le Barwadi

Ke eng se Jehofa a se lebeletseng mo baneng?

Goreng bana ba tshwanetse go ikobela batsadi ba bone?

Bae 6:1-3; Bak 3:20

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Ps 78:1-8​—Baiseraele ba ne ba bolelela bana ba bone se borraabonemogolo ba ileng ba se dira fa Jehofa a sena go ba naya ditaelo tsa gagwe. Ba ne ba dira jalo gore bana ba bone ba ikanye Jehofa mme ba se ka ba tlhanoga

    • Luk 2:51, 52​—Le fa gone Jesu a ne a se na boleo, o ne a tswelela a ikobela batsadi ba gagwe le fa ba ne ba na le boleo

Ke eng se se ka dirang gore go nne thata gore bana ba tlotle batsadi ba bone?

Modimo o ikutlwa jang ka bana ba ba sa ikobeleng batsadi ba bone?

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Dut 21:18-21​—Go ya ka Molao wa ga Moshe, fa morwa a ne a ka tlhanoga a bo a simolola go nyatsa batsadi ba gagwe, o ne a tshwanetse go bolawa

    • 2Dk 2:23, 24​—Basimanyana bangwe ba ne ba bolawa ke dibera tse pedi ka gonne ba ne ba nyatsa moporofeti Elisha, yo e neng e le moemedi wa Modimo

Batsadi ba tshwanetse go ikutlwa jang ka maikarabelo a ba nang le one a go godisa bana?

Ps 127:3; 128:3

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Lef 26:9​—Fa Baiseraele ba ne ba nna le bana, ba ne ba tsaya seo e le masego a a tswang kwa go Jehofa

    • Job 42:12, 13​—E re ka Jobe a ile a tswelela a ikanyega le fa a ne a boga mo go botlhoko, Jehofa o ne a mo segofatsa ka go dira gore ene le mosadi wa gagwe ba nne le bana ba bangwe ba le lesome

Jehofa o batla gore bana mo lelapeng ba tshwarane jang?

Ps 34:14; Dia 15:23; 19:11

  • Pego ya Baebele e e ka go thusang:

    • Ge 27:41; 33:1-11​—Jakobe o ne a bontsha gore o tlotla morwarraagwe e bong Esau ka go agisana le ene, mme Esau o ne a mmontsha gore o a mo rata

Bana ba ba setseng ba godile, ba na le maikarabelo afe mo batsading ba bone le mo batsading ba batsadi ba bone?

Dia 23:22; 1Ti 5:4

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Ge 11:31, 32​—Fa Aborahame a ne a fuduga kwa Ure, o ne a tsamaya le rraagwe e bong Tera, mme o ne a mo tlhokomela go fitlha a swa

    • Mat 15:3-6​—Jesu o ne a dirisa Molao wa ga Moshe go bontsha batho gore bana ba ba setseng ba godile ba tshwanetse go tlamela batsadi ba bone ka dilo tse ba di tlhokang

Ba bogwe le ba bogwegadi

Batsadi ba batsadi

Bona “Batsadi ba Batsadi