Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lenyalo

Lenyalo

Lenyalo le simolotswe ke mang?

Mokeresete o tshwanetse go tlhopha go nyalana le motho yo o ntseng jang?

Goreng Mokeresete a sa tshwanela go dumelela gore morwawe kgotsa morwadie yo o kolobeditsweng a nyalane le motho yo o sa ineelang mo go Jehofa le go kolobediwa?

1Bk 7:39; 2Bk 6:14, 15

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Ge 24:1-4, 7​—Aborahame yo o neng a tsofetse o ne a dira tshwetso ya go batlela morwawe e bong Isake mosadi mo bathong ba ba neng ba obamela Jehofa, e seng mo Bakananeng ba ba neng ba obamela medimo e mengwe

    • Ge 28:1-4​—Isake o ne a bolelela morwawe e bong Jakobe gore a se ka a nyala mosadi wa Mokanana, mme a nyale mosadi yo o direlang Jehofa

Jehofa o ikutlwa jang fa motlhanka wa gagwe a nyalana le motho yo e seng Mosupi?

Dut 7:3, 4

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 1Dk 11:1-6, 9-11​—Jehofa o ne a galefela Kgosi Solomone ka gonne a ile a itlhokomolosa molao wa gagwe a bo a nyala basadi ba ditšhaba di sele, mme basadi bao ba ne ba mo tlhotlheletsa gore a obamele medimo e mengwe

    • Neh 13:23-27​—Fela jaaka Jehofa, Nehemia o ne a galefela banna ba Baiseraele ba ba neng ba nyetse basadi ba ba sa direleng Jehofa, ka jalo o ne a ba otlhaya le go ba kgalemela

Ke eng fa go le botlhale go tlhopha go nyalana le motho yo o direlang Jehofa ka boikanyegi e bile a buiwa bontle mo phuthegong?

Dia 18:22; 31:10, 28

Bona le Bae 5:28-31, 33

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 1Sa 25:2, 3, 14-17​—Monna wa ga Abigaile e bong Nabale o ne a humile, le fa go ntse jalo o ne a le setlhogo e bile a le bosula

    • Dia 21:9​—Fa re sa tlhophe molekane wa lenyalo ka botlhale, re ka iphitlhela re nyalane le motho yo o ka dirang gore go nne thata gore re itumele e bile re nne le kagiso

    • Bar 7:2​—Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa gore fa mosadi a nyalwa, o nna mo taolong ya monna yo o nang le boleo; ka jalo go botlhale gore mosadi a ele tlhoko gore o dumela go nyalwa ke motho yo o ntseng jang

Go ipaakanyetsa lenyalo

Goreng monna a tshwanetse go tlhomamisa gore a o tla kgona go tlhokomela mosadi le bana pele ga a ka simolola go akanyetsa go nyala?

1Ti 5:8

  • Pego ya Baebele e e ka go thusang:

    • Dia 24:27​—Pele ga monna a nyala a bo a nna le bana, o tshwanetse go dira ka natla gore a ipaakanyetse go tlamela lelapa la gagwe

Goreng batho ba ba ratanang ka maikaelelo a go nyalana ba tshwanetse go kopa kgakololo mo go ba bangwe le go tlhoma mogopolo mo dinonofong tse motho yo a ratanang le ene a nang le tsone go na le go o tlhoma mo ditebegong tsa gagwe?

Dia 13:10; 1Pe 3:3-6

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Ru 2:4-7, 10-12​—Boase o ne a ithuta gore Ruthe ke mosadi yo o ntseng jang ka go mmona a dira ka natla, ka go bona tsela e a neng a tlhokometse Naomi ka yone, ka go utlwa batho bangwe ba ba ka ikanngwang ba bua bontle ka ene, le ka go bona tsela e a neng a rata Jehofa ka yone

    • Ru 2:8, 9, 20​—Ruthe o ne a lemoga gore Boase ke monna yo o pelonomi, yo o pelotshweu le yo o ratang Jehofa

Goreng Jehofa a batla gore batho ba ba ratanang ka maikaelelo a go nyalana ba nne le boitsholo jo bo siameng ka nako ya fa ba ratana le fa ba beeletsane?

Bag 5:19; Bak 3:5; 1Bt 4:4

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Dia 5:18, 19​—Ditsela dingwe tsa go bontshana lorato, di tshwanetse go dirwa fela ke batho ba ba nyalaneng

    • Sfl 1:2; 2:6​—Mosimane wa modisa le mosetsana wa Moshulame ba ne ba bontshana lorato ka ditsela tse di tshwanetseng

    • Sfl 4:12; 8:8-10​—Mosetsana wa Moshulame o ne a na le boikgapo. O ne a tshwantshiwa le tshingwana e e lotletsweng

Goreng monna le mosadi ba tshwanetse go nyalana semolao?

Maikarabelo a monna yo o nyetseng

Jehofa o neile monna yo o nyetseng maikarabelo afe?

Monna yo o nyetseng o tshwanetse go latela sekao sa ga mang?

Goreng monna yo o nyetseng a tshwanetse go bontsha gore o rata mosadi wa gagwe, o tlhaloganya dilo tse a di tlhokang le kafa a ikutlwang ka gone?

Bak 3:19; 1Pe 3:7

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Ge 21:8-12​—Jehofa o ne a laela Aborahame gore a reetse Sara le fa gone Aborahame a ne a sa rate kakantsho ya ga Sara

    • Dia 31:10, 11, 16, 28​—Monna yo o botlhale yo o nyetseng mosadi yo o molemo, ga a mo gatelele e bile ga a mo tshwayetshwaye diphoso. Go na le moo, o a mo ikanya le go mo akgola

    • Bae 5:33​—Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa gore mosadi yo o nyetsweng o tlhoka go itse gore monna wa gagwe o a mo rata

Maikarabelo a mosadi yo o nyetsweng

Jehofa o neile basadi ba ba nyetsweng maikarabelo afe a botlhokwa?

A maikarabelo a mosadi yo o nyetsweng a nang le one, a a mo nyenyefatsa?

Ge 1:26-28, 31; 2:18

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Dia 1:8; 1Bk 7:4​—Modimo o neile basadi ba ba nyetsweng le bommê taolo e e rileng mo lelapeng

    • 1Bk 11:3​—Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa gore mo thulaganyong e Jehofa a e tlhomileng, rotlhe fela re na le mongwe yo re tlhokang go nna mo taolong ya gagwe. Modimo Mothatayotlhe ke ene fela a sa tlhokeng go laolwa ke ope

    • Bah 13:7, 17​—Mo phuthegong, banna mmogo le basadi ba tshwanetse go utlwa ba ba eteletseng pele le go dirisana sentle le bone

Kgaitsadi yo o nyetsweng ke monna yo e seng Mosupi a ka itumedisa Jehofa jang?

Goreng kgaitsadi yo o nyetsweng a tshwanetse go tlotla monna wa gagwe?

Bae 5:33

  • Pego ya Baebele e e ka go thusang:

    • Ge 18:12; 1Pe 3:5, 6​—Sara o ne a tlotla Aborahame fela thata e bile o ne a akanya ka ene e le “morena”

Ke mosadi yo o ntseng jang yo Baebele e mmuang bontle?

Dia 19:14; 31:10, 13-31

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Ge 24:62-67​—Rebeka o ne a gomotsa monna wa gagwe e bong Isake fa a sena go tlhokafalelwa ke mmaagwe

    • 1Sa 25:14-24, 32-38​—Abigaile o ne a sireletsa monna wa gagwe wa seeleele a bo a boloka matshelo a ba lelapa la gagwe ka go kopa Dafide gore a ba utlwele botlhoko

    • Est 4:6-17; 5:1-8; 7:1-6; 8:3-6​—Kgosigadi Esethere o ne a tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing makgetlo a le mabedi ka go ya go bona monna wa gagwe le fa gone a ne a sa mmitsa. O ne a dira jalo ka gonne a ne a batla go sireletsa batho ba Modimo

Go rarabolola mathata

Ke melaometheo efe e e ka thusang banyalani go rarabolola mathata mo lenyalong la bone?

Ke melaometheo efe e e ka thusang banyalani go dira ditshwetso tse di siameng ka go dirisa madi?

Ke melaometheo efe e e ka thusang banyalani go dumalana gore ba tla dirisana jang le bamasika, ba bogwe le ba bogwegadi?

Ke melaometheo efe e e ka kaelang banyalani fa go tla mo dikgannyeng tsa tlhakanelodikobo?

Goreng go le botlhokwa go tlhoma mogopolo mo dinonofong tse di molemo tsa molekane wa gago, go na le go o tlhoma mo diphosong tsa gagwe?

Goreng go le botoka go rarabolola mathata ka bonako le ka lorato, go na le go nna o bolokile sekgopi kgotsa o galefile?

Ke eng fa go phatloga ka bogale, go goa, go dirisa mafoko a a kgobang le go itaya molekane wa gago go sa amogelesege mo Bakereseteng?

Fa banyalani ba sa dumalane ka sengwe, mokgele wa bone e tshwanetse go nna eng?

Ke masego afe a a nang teng fa banyalani ba tsenya Jehofa mo lenyalong la bone?

Melao ya lenyalo

Baebele e a reng ka tlhakanelodikobo le lenyalo?

A Bakeresete ba tshwanetse go nyala lefufa?

Re itse jang gore monna le mosadi ke bone fela ba ba tshwanetseng go nyalana?

Goreng banyalani ba tshwanetse go nna mmogo botshelo jotlhe?

Ke lebaka lefe le le lengwe le Baebele e letlang banyalani gore ba ka tlhalana?

Jehofa o ikutlwa jang ka banyalani ba ba tlhalanang ka mabaka a a sa tshwanelang?

Fa molekane yo mongwe a tlhokafala, a molekane yo o sa ntseng a tshela a ka nyala kgotsa a nyalwa gape?