Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lorato

Lorato

Jehofa o bontshitse jang gore o a re rata?

Jer 31:3; Joh 3:16; Bar 5:8; 1Jo 4:8, 19

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Ge 1:1, 26-31; 2:8, 9, 15, 16​—E re ka Jehofa a le lorato, o ne a bopa lefatshe a bo a dira tshingwana e ntle ya Edene e na le dilo tse dintsi tse batho ba ntlha ba neng ba tla di tlhoka gore ba itumelele botshelo a bo a ba baya mo go yone

    • Ps 104:27-30​—Mopesalema o ne a baka Jehofa ka gonne a tlhokomela ditshedi tsotlhe ka lorato

Re ka bontsha ba bangwe jang gore re a ba rata?

Joh 13:34, 35; 15:12, 13; 1Pe 4:8; 1Jo 4:10, 11; 5:3

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Mat 22:36-39​—Jesu o ne a tlhalosa gore ditaelo tse pedi tsa botlhokwa thata ke go rata Modimo le go rata batho ba bangwe

    • 1Bk 13:1-8​—Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa gore lorato lo botlhokwa; gape o ne a re bolelela gore re ka bontsha ba bangwe jang gore re a ba rata