Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Maemo mo Setšhabeng

Maemo mo Setšhabeng

A Modimo o tsaya batho bangwe ba le botlhokwa mo go ba bangwe ka ntlha ya lotso lwa bone, lelapa la bone kgotsa gore ba na le madi a a kana kang?

Dit 17:26, 27; Bar 3:23-27; Bag 2:6; 3:28

  • Pego ya Baebele e e ka go thusang:

    • Joh 8:31-40​—Bajuda bangwe ba ne ba itlotlomatsa ka gonne Aborahame e ne e le rraabonemogolo, mme Jesu o ne a ba kgalemela ka gonne ba ne ba sa dire dilo jaaka Aborahame

A go na le lebaka la gore re lebele ba bangwe kwa tlase ka ntlha ya lotso lwa bone kgotsa naga e ba tswang kwa go yone?

Joh 3:16; Bar 2:11

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Jon 4:1-11​—Jehofa o ne a ruta moporofeti Jona gore a utlwele Baninife botlhoko, ba e neng e le batho ba naga e sele

    • Dit 10:1-8, 24-29, 34, 35​—Moaposetoloi Petere o ne a ithuta gore o ne a sa tshwanela go tsaya batho ba e seng Bajuda ba se phepa, mme o ne a thusa Korenelio le ba lelapa la gagwe gore e nne Bakeresete ba ntlha ba e neng e se Bajuda

A Bakeresete ba ba humileng ba tshwanetse go itsaya ba le botoka kgotsa ba solofela go tshwarwa ka tsela e e farologaneng le ya batho ba ba se nang madi?

Fa motho e le molebedi, a seo se raya gore o tshwanetse go itsaya a le botoka mo go ba bangwe le go ba gatelela?

2Bk 1:24; 1Pe 5:2, 3

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Dut 17:18-20​—Jehofa o ne a bolelela dikgosi tsa kwa Iseraele gore di se ka tsa itsaya di le botoka go feta Baiseraele ba bangwe, ka gonne botlhe e ne e le bana ba motho

    • Mar 10:35-45​—Jesu o ne a kgalemela baaposetoloi ba gagwe ka gonne ba ne ba tshwenyegile thata ka go batla go nna le maemo (Bona ntlha ya go ithuta e e mo go Mar 10:42, “lord it over them” mo Baebeleng ya Seesemane)

Modimo o amogela batho ba ba ntseng jang?

A Bakeresete ba tshwanetse go leka go fetola melao ya puso e ba akanyang gore ga e a siama?

Bae 6:5-9; 1Ti 6:1, 2

  • Pego ya Baebele e e ka go thusang:

    • Joh 6:14, 15​—Le fa gone batho ba le bantsi ba ne ba batla gore Jesu a rarabolole mathata a bone, o ne a gana fa ba ne ba batla go mo dira kgosi