Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Matseno

Matseno

Buka eno ya Bakeresete ba Kaelwa ke Baebele e tla dira gore go nne motlhofo go bona ditemana le dipego tsa Baebele tse di ka go thusang go lepalepana le dikgwetlho tse o lebanang le tsone. Gape e tla go thusa go bona ditemana tsa Baebele tse di maleba tse o ka di dirisang go kgothatsa ba bangwe le go ba thusa gore ba dire ditshwetso tse di tla itumedisang Jehofa. Tlhopha setlhogo se se go kgatlhang. Setlhogo sengwe le sengwe se na le dipotso tse di tla go thusang le ditlhaloso tse dikhutshwane tsa dipego tsa Baebele. (Bona lebokoso le le reng “ Kafa o ka Dirisang Kgatiso Eno ka Gone.”) Ka bonako fela, o tla bona ditemana tse di tla go gakololang le tse di tla go gomotsang. Gape o tla bona melaometheo ya Baebele e o ka e dirisang go thusa ba bangwe le go ba kgothatsa.

Mo bukeng eno, ga go a kwalwa ditemana tsotlhe tsa Baebele tse di buang ka kgang nngwe e e rileng. Mme gone, e diretswe go go thusa go bona ditemana tse di ka go thusang thata, mme go tswa foo o ka dirisa dithulusu tse dingwe go dira dipatlisiso tse di oketsegileng ka kgang e o batlang go ithuta ka yone. (Dia 2:1-6) Fa o batla go ithuta mo go oketsegileng, dirisa ditemana tse di mo kholomong e e mo gare ga tsebe nngwe le nngwe mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha le dintlha tsa go ithuta fa di le gone ka puo nngwe e o e tlhaloganyang. Fa o batla go itse mo go oketsegileng ka temana nngwe, e lebe mo karolong e e reng, “Ditemana di a Tlhalosiwa” mo bukeng ya Kaedi ya go Dira Dipatlisiso ya Basupi ba ga Jehofa kgotsa mo Watch Tower Publications Index. Dibuka tseno di tla go bontsha se se buiwang ka temana eo. Dikgatiso tsa bosheng di tla go bontsha tsela e e tokafaditsweng e gone jaanong re tlhaloganyang temana eo ka yone.

E kete buka eno ya Bakeresete ba Kaelwa ke Baebele e ka go thusa gore o nne botlhale, o nne le kitso o bo o tlhaloganye se se mo Dikwalong Tse di Boitshepo. Fa o ntse o dirisa buka eno, o tla tlhatswega pelo le go feta gore “lefoko la Modimo le a tshela e bile le naya maatla.”​—Bah 4:12.