Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Segakolodi

Segakolodi

Ke eng se se bontshang gore Jehofa o bopile batho ba na le segakolodi?

Go ka direga eng ka segakolodi sa motho fa a tswelela a dira se se sa siamang?

A go tla bo go lekane go dumela fela gore se re se dirang se siame?

Joh 16:2, 3; Bar 10:2, 3

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • 2Dt 18:1-3; 19:1, 2​—Jehofa o ne a galefela Kgosi Jehoshafate ka gonne a ile a thusa Kgosi Ahabe yo o bosula

    • Dit 22:19, 20; 26:9-11​—Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa gore pele o ne a akanya gore go bogisa balatedi ba ga Keresete le go ba bolaya, ke selo se se siameng

Segakolodi se ka katisiwa jang ka tsela e e siameng?

2Ti 3:16, 17; Bah 5:14

  • Pego ya Baebele e e ka go thusang:

    • 1Sa 24:2-7​—Segakolodi sa ga Kgosi Dafide se ne sa mo tlhotlheletsa gore a tlotle Kgosi Saulo yo o neng a tloditswe ke Jehofa

Go ka kgonega jang gore batho ba ba nang le boleo ba nne le segakolodi se se siameng?

Bae 1:7; Bah 9:14; 1Pe 3:21; 1Jo 1:7, 9; 2:1, 2

Bona le Tsh 1:5

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Isa 6:1-8​—Jehofa o ne a tlhomamisetsa moporofeti Isaia gore o tla itshwarela maelo a gagwe

    • Tsh 7:9-14​—Ba boidiidi jo bogolo ke ditsala tsa ga Jehofa ka ntlha ya setlhabelo sa ga Keresete

Fa segakolodi sa rona se se katisitsweng ka Lefoko la Modimo se re tlhagisa, goreng re sa tshwanela go se itlhokomolosa?

Dit 24:15, 16; 1Ti 1:5, 6, 19; 1Pe 3:16

Bona le Bar 13:5

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Ge 2:25; 3:6-13​—Adame le Efa ba ne ba itlhokomolosa digakolodi tsa bone mme moragonyana ba ne ba tlhabiwa ke ditlhong ka gonne ba sa ikobela Modimo

    • Neh 5:1-13​—Mmusi Nehemia o ne a leka go tlhotlheletsa digakolodi tsa Bajuda ba ba neng ba sa ikobele melao ya Modimo le ba ba neng ba duedisa ba bangwe merokotso e e kwa godimo thata

Goreng re sa tshwanela go kgopisa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi yo segakolodi sa gagwe se iseng se katisiwe sentle?

Re tshwanetse go ikemisetsa go dira eng mo kgannyeng e e amanang le segakolodi?