Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tshiamo

Tshiamo

Ke mang yo o nang le tshwanelo ya go baya melao ya se se siameng?

Dut 32:4; Esk 33:17-20

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Ge 18:23-33​—Jehofa o ne a bontsha Aborahame gore ke Moatlhodi yo o siameng

    • Ps 72:1-4, 12-14​—Pesalema eno e tlotlomatsa Kgosi e e leng Mesia, e e siameng fela jaaka Jehofa a siame

Go tshela ka melao ya ga Jehofa e e siameng go re solegela molemo jang?

Ps 37:25, 29; Jak 5:16; 1Pe 3:12

Bona le Ps 35:24; Isa 26:9; Bar 1:17

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Job 37:22-24​—Elihu o ne a baka Jehofa ka gonne a siame le ka gonne bogolo jwa gagwe bo dira gore batho ba mo tlotle

    • Ps 89:13-17​—Mopesalema o ne a baka Jehofa ka gonne ka metlha o busa ka tsela e e siameng

Go batla tshiamo ya Modimo go kaya eng?

Esk 18:25-31; Mat 6:33; Bar 12:1, 2; Bae 4:23, 24

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Ge 6:9, 22; 7:1​—Noa o ne a itshupa gore o siame ka go dira sengwe le sengwe se Jehofa a neng a mo laetse gore a se dire

    • Bar 4:1-3, 9​—Jehofa o ne a tsaya Aborahame a siame ka gonne a ne a na le tumelo e e tlhomologileng

Goreng re tshwanetse go nna le boitshwaro jo bo siameng ka gonne re tlhotlhelediwa ke go rata Jehofa, e seng ke go batla go kgatlha batho?

Mat 6:1; 23:27, 28; Luk 16:14, 15; Bar 10:10

  • Dipego tsa Baebele tse di ka go thusang:

    • Mat 5:20; 15:7-9​—Jesu o ne a bolelela batho gore ba dire se se siameng, mme ba se ka ba etsa bakwadi le Bafarasai ba ba neng tshwenyegile thata ka se bone ba neng ba akanya gore se siame go na le go itumedisa Modimo

    • Luk 18:9-14​—Jesu o ne a dira setshwantsho a kgala batho ba ba neng ba itira e kete ba siame go feta ba bangwe

Goreng go nna molemo go le botoka go gaisa go siama?

Ke eng fa re tshwanetse go tila go itsaya re siame go feta ba bangwe?