Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAROLO 5

Boelang Kwa “Modiseng le Molebedi wa Meya ya Lona”

Boelang Kwa “Modiseng le Molebedi wa Meya ya Lona”

A o kile wa lebana le nngwe ya dikgwetlho tse go tlotlilweng ka tsone mo boroutšhareng jono? Fa e le gore go ntse jalo, itse gore ga se wena fela. Bontsi jwa batlhanka ba Modimo ba ba ikanyegang—ba mo motlheng wa ditiragalo tsa Baebele le ba mo motlheng wa rona—ba ne ba lebana le dikgwetlho tse di tshwanang le tseno. Fela jaaka Jehofa a ile a ba thusa go fenya dikgwetlho tseo, le wena a ka go thusa.

Jehofa o tla go ema nokeng fa o ntse o dira maiteko a go boela kwa go ene

TLHOMAMISEGA gore Jehofa o tla go ema nokeng fa o ntse o dira maiteko a go boela kwa go ene. O tla go thusa gore o lepalepane le go tlhobaela, o lwantshane le kutlobotlhoko le gore o nne le kagiso ya mogopolo o bo o ritibale pelo, e leng maikutlo a a nnang gone ka go bo o na le segakolodi se se phepa. Ka jalo, o ka nna wa ikutlwa o tlhotlheletsega gape go direla Jehofa o na le badumedimmogo le wena. Boemo jwa gago bo tla tshwana le jwa Bakeresete bangwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga, ba moaposetoloi Petere a neng a ba kwalela jaana: “Lo ne lo tshwana le dinku, tse di timelang; mme jaanong lo boetse kwa modiseng le molebedi wa meya ya lona.”—1 Petere 2:25.

Ruri go boela kwa go Jehofa ke selo se se molemo thata se o ka se dirang. Goreng re rialo? O tla ipedisa pelo ya ga Jehofa. (Diane 27:11) Jaaka o itse, Jehofa o na le maikutlo, ka jalo, se re se dirang se a mo ama. Boammaaruri ke gore Jehofa ga a re pateletse gore re mo rate le gore re mo direle. (Duteronome 30:19, 20) Mokanoki mongwe wa Baebele o tlhalosa kgang eno jaana: “Ga go ope yo o ka kgonang go bula pelo ya gago. Ke wena fela o tshwanetseng go e bula.” Fa re obamela Jehofa ka pelo e e tlhotlhelediwang ke go bo re mo rata, re tla bo re tlhopha go mmulela pelo ya rona. Fa re dira jalo, re a bo re mo naya mpho e e tlhwatlhwakgolo—bothokgami—e bile re ipedisa pelo ya gagwe fela thata. Eleruri, ga go na sepe se se ka bapisiwang le boitumelo jo re nnang le jone ka go bo re obamela Jehofa ka tsela e e mo tshwanetseng.—Ditiro 20:35; Tshenolo 4:11.

Mo godimo ga moo, fa o simolola go obamela Jehofa gape, keletso ya gago ya go batla go atamalana le ene e tla kgotsofadiwa. (Mathaio 5:3) Ka tsela efe? Batho mo lefatsheng lotlhe ba ipotsa gore, ‘Ke eng fa re tshela?’ Ba batla dikarabo tsa dipotso tse di malebana le boikaelelo jwa botshelo. Batho ba na le keletso eo ka gonne Jehofa o ba bopile ba na le yone. O re dirile ka tsela ya gore re itumele fa re mo direla. Ga go na sepe se se ka re kgotsofatsang thata go gaisa go itse gore re obamela Jehofa ka gonne re mo rata.—Pesalema 63:1-5.

Tsweetswee, itse gore Jehofa o batla gore o boele kwa go ene. O ka tlhomamisega jang? Ela tlhoko: Setlhopha se se Laolang se ne sa rapela thata fa se ne se kwala boroutšhara jono. Gongwe o ne wa bo newa ke mogolwane wa Mokeresete kgotsa modumedimmogo le wena. Go tswa foo, o ne wa tlhotlheletsega go bo bala le go tsaya kgato ka ntlha ya se o se badileng. Seno sotlhe ke bosupi jwa gore Jehofa ga a go lebala. Go na le moo, o go gogela kwa go ene ka bonolo.—Johane 6:44.

Re ka gomodiwa ke go itse gore Jehofa ga a ke a lebala batlhanka ba gagwe ba ba timetseng. Seo ke se kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Donna a ileng a se anaanela. A re: “Ke ne ke katogetse kgakala le boammaaruri ka iketlo, le fa go ntse jalo, gantsi ke ne ke nna ke akanya ka Pesalema 139:23, 24, e e reng: ‘Mphukutse, tlhe Modimo, o itse pelo ya me. Ntlhatlhobe, o itse dikakanyo tsa me tse di tlhobaetsang, mme o bone gore a go na le tsela epe e e botlhoko mo go nna, mme o nkgoge mo tseleng ya bosakhutleng.’ Ke ne ke itse gore ga ke karolo ya lefatshe—tota ke ne ke sa gololesega kwa lefatsheng—e bile ke ne ke itse gore ke tshwanetse nka bo ke le mo phuthegong ya ga Jehofa. Ke ne ka simolola go lemoga gore Jehofa ga a ise a ko a ntlogele; ke ne ke tlhoka fela go batla tsela ya go boela kwa go ene. Mme ke itumela tota go bo ke ile ka dira jalo!”

“Ke ne ka simolola go lemoga gore Jehofa ga a ise a ko a ntlogele; ke ne ke tlhoka fela go batla tsela ya go boela kwa go ene”

Re rapela go tswa pelong gore e kete le wena o ka boa wa nna le “boipelo jwa ga Jehofa.” (Nehemia 8:10) Le ka motlha o ka se ikwatlhaele go bo o boetse kwa go Jehofa.