Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAROLO 2

Go Tlhobaela—‘Go Patikwa Thata ka Tsela Nngwe le Nngwe’

Go Tlhobaela—‘Go Patikwa Thata ka Tsela Nngwe le Nngwe’

“Morago ga dingwaga di le 25 re nyalane, nna le monna wa me re ne ra tlhalana. Bongwanake ba ne ba tlogela boammaaruri. Ke ne ka simolola go nna le malwetse a a masisi. Go tswa foo, ka simolola go tshwenyega thata mo maikutlong. Ke ne ke feletswe ke tsholofelo e bile ke akanya gore nka se tlhole ke kgona go itshokela sepe. Ke ne ka tlogela go ya dipokanong mme ka tsidifala.”—June.

GO TLHOBAELA go ama mongwe le mongwe—tota le batho ba Modimo. Mopesalema o ne a kwala jaana: “Dikakanyo tsa me tse di tlhobaetsang di ne di ntsifala mo teng ga me.” (Pesalema 94:19) Gape Jesu o ne a re mo metlheng ya bofelo, “ditlhobaelo tsa botshelo” di ne di tla dira gore go direla Jehofa go nne thata le go feta. (Luke 21:34) Go tweng ka wena? A o fekeeditswe ke mathata a madi, a lelapa kgotsa a botsogo? Jehofa a ka go thusa jang gore o kgone go lepalepana le one?

“Maatla a a Fetang a a Tlwaelegileng”

Ga re ka ke ra kgona go fenya ditlhobaelo ka borona fela. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Re patikwa ka tsela nngwe le nngwe . . . ; re akabetse,  . .  re latlhelwa fa fatshe.” Le fa go ntse jalo, gape o ne a re, “ga re a pitlagana mo re ka se tshikhinyegeng,” “ga se mo re tlhokang kgoro ya botso gotlhelele” e bile “ga re senngwe.” Ke eng se se re thusang gore re itshoke? Ke “maatla a a fetang a a tlwaelegileng,” e leng maatla a a tswang kwa Modimong wa rona yo o maatlaotlhe, Jehofa.—2 Bakorintha 4:7-9.

Akanya kafa o ileng wa nna le “maatla a a fetang a a tlwaelegileng” ka gone mo nakong e e fetileng. A o gopola kafa puo nngwe e e kgothatsang e ileng ya dira gore o anaanele thata lorato lo lo ikanyegang lwa ga Jehofa? A tumelo e o nang le yone mo ditsholofetsong tsa ga Jehofa e ne ya nonofa fa o ne o ruta batho ba bangwe ka tsholofetso ya Paradaise? Fa re nna gone mo dipokanong tsa Bokeresete e bile re bolelela ba bangwe se re se dumelang, re nna le nonofo ya go itshokela ditlhobaelo tsa botshelo e bile re nna le kagiso ya mogopolo gore re kgone go direla Jehofa ka boipelo.

‘Leka Mme o Bone Gore Jehofa o Molemo’

Gone ke boammaaruri gore o ka tswa o ikutlwa e kete go na le mo gontsi mo o tshwanetseng go go dira. Ka sekai, Jehofa o re kopa gore re batle pele Bogosi le go nna le thulaganyo ya ka metlha ya go nna le seabe mo ditirong tsa Bokeresete. (Mathaio 6:33; Luke 13:24) Le fa go ntse jalo, go tweng fa kganetso, go lwala kgotsa mathata a lelapa di dira gore o sale o se na maatla? Mme go tweng fa tiro ya boitshediso e go jela nako e bile e go tlogela o se na maatla a o neng o ka a dirisa mo phuthegong? E re ka o tlhoka go dira dilo di le dintsi—mme o se na nako le maatla a a lekaneng a go di dira—o ka nna wa ikutlwa o imetswe. Gongwe e bile o kile wa ipotsa gore ke ka ntlha yang fa Jehofa a lebeletse gore o dire dilo di le dintsi jaana.

Jehofa o a tlhaloganya. Ga a lebelela gore re dire dilo tse re ka se kang ra di kgona. E bile o a itse gore go tsaya nako gore re fole morago ga go utlwa botlhoko mo maikutlong le mo mmeleng.—Pesalema 103:13, 14.

Ka sekai, ela tlhoko kafa Jehofa a neng a tlhokomela moporofeti Elija ka gone. Fa Elija a ne a kgobegile marapo e bile a boifa mo a neng a tshabela kwa nageng, a Jehofa o ne a omanya moporofeti yono le go mo laela gore a boele kwa kabelong ya gagwe? Nnyaa. Jehofa o ne a romela moengele gabedi gore a tsose Elija ka bonolo mme a mo fe dijo. Le fa go le jalo, malatsi a le 40 moragonyana, Elija o ne a sa ntse a tlhobaela e bile a boifa. Ke eng gape se Jehofa a neng a se dira go mo thusa? Sa ntlha, Jehofa o ne a bontsha gore a ka mo sireletsa. Sa bobedi, o ne a gomotsa Elija ka “lentswe le le sisibetseng, le le kwa tlase.” Kwa bofelong, Jehofa o ne a senola gore go ne go na le batho ba bangwe ba le diketekete ba ba neng ba mo obamela ka boikanyegi. Go ise go ye kae, Elija o ne a nna moporofeti yo o tlhagafetseng gape. (1 Dikgosi 19:1-19) Re ithuta eng? Fa Elija a ne a fekeediwa ke go tlhobaela, Jehofa o ne a dirisana le ene ka bopelotelele e bile a mo utlwela botlhoko. Jehofa ga a fetoga. Le gompieno o sa ntse a re kgathalela ka tsela e e tshwanang.

Fa o ntse o akanya ka se o ka se direlang Jehofa, nna tekatekano. O se ka wa bapisa se o kgonang go se dira gone jaanong le se o kileng wa bo o kgona go se dira. Ka sekai: Motabogi yo o tlogelang go ikatisa dikgwedi di le mmalwa kgotsa dingwaga, a ka se boele mo thulaganyong ya gagwe ya pele ka gangwe fela. Go na le moo, o simolola ka go ipeela mekgele e mennye e e tla mo thusang gore a nne le nonofo le gore a kgone go itshoka. Bakeresete ba tshwana le batabogi. Ba ikatisa ka boikaelelo jwa go fitlhelela mokgele o o rileng. (1 Bakorintha 9:24-27) Ke eng o sa ipeele mokgele o le mongwe wa go baakanya kamano ya gago le Jehofa, o go bonalang sentle gore o ka kgona go o fitlhelela gone jaanong? Ka sekai, o ka ipeela mokgele wa go nna teng kwa dipokanong tsa phuthego. Kopa Jehofa gore a go thuse go o fitlhelela. Fa kamano ya gago le Modimo e ntse e nonofa, o tla ‘bona gore Jehofa o molemo.’ (Pesalema 34:8) Gakologelwa gore sengwe le sengwe se o se dirang go bontsha gore o rata Jehofa—le fa se ka tswa se lebega se le sennye go le kana kang—o a se anaanela.—Luke 21:1-4.

Jehofa ga a lebelela gore re dire dilo tse re ka se kang ra di kgona

“Kgothatso E ke Sa Bolong go e Emela”

Jehofa o ne a nonotsha June jang gore a kgone go boela kwa go ene? O tlhalosa jaana: “Ke ne ka nna ke rapela Jehofa, ke mo kopa gore a nthuse mme ngwetsi ya me e ne ya mpolelela gore go tla nna le kopano ya potologo mo toropong ya rona. Ke ne ka dira tshwetso ya gore ke ye kopanong eo letsatsi le le lengwe. Ruri go ne go itumedisa tota go boa ke kopana gape le batho ba ga Jehofa! Kopano eo e ne e le kgothatso e ke sa bolong go e emela. Gone jaanong, ke direla Jehofa gape ke itumetse. Botshelo jwa me bo na le bokao go feta pele. Jaanong go feta le fa e le leng pele, ke a itse gore ke tlhoka bakaulengwe le bokgaitsadi ba me e bile ke tlhoka go amogela thuso ya bone. Ke leboga gore go ne go sa ntse go na le nako ya gore ke boe.”