Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAROLO 3

Go Utlwisiwa Botlhoko—Fa re Na le “Lebaka la go Ngongorega”

Go Utlwisiwa Botlhoko—Fa re Na le “Lebaka la go Ngongorega”

“Kgaitsadi mongwe mo phuthegong ya rona o ne a ntatofatsa ka gore ke utswile madi a gagwe. Ba bangwe mo phuthegong ba ile ba itse ka seno mme ba simolola go tsaya letlhakore. Kgabagare kgaitsadi yono o ne a mpolelela gore o bone bosupi jo bo bontshang gore ga ke molato. Le fa gone a ile a kopa gore ke mo itshwarele, ke ne ke sa bone fa ke tla kgona go dira jalo ka ntlha ya boemo jo ke neng ka tshwanelwa ke go bo itshokela.”—Linda.

A O IKUTLWA jaaka Linda, yo o neng a utlwisiwa botlhoko thata ke se modumedimmogo le ene a neng a mo dira sone? Ka maswabi, bangwe ba ile ba utlwisiwa botlhoko thata ke tsela e ba bangwe ba itshwarang ka yone mo e leng gore seno se ile sa ama thulaganyo ya bone ya go obamela Modimo. A le wena o diragaletswe ke se se tshwanang?

A go Na le Mongwe Yo o Ka ‘Re Kgaoganyang le Lorato Lwa Modimo’?

Go a utlwala go bo re ka nna ra bona go le thata go itshwarela modumedimmogo le rona yo o re utlwisitseng botlhoko. Kana e bile Bakeresete ba tshwanetse go ratana. (Johane 13:34, 35) Fa modumedimmogo le rona a re diretse phoso, go ikutlwa re swabisitswe e bile re utlwisitswe botlhoko go ka dira gore re ngomoge pelo.—Pesalema 55:12.

Gone ke boammaaruri gore Baebele ga e ganetse gore ka dinako dingwe Bakeresete ba dira gore ba bangwe ba nne le “lebaka la go ngongorega” ka bone. (Bakolosa 3:13) Le fa go ntse jalo, fa seo se re diragalela, re ka nna ra bona e le kgwetlho go lebana le boemo joo. A go na le sengwe se se ka re thusang? Akanya ka melaometheo eno ya Dikwalo e meraro:

Rraarona yo o kwa legodimong o bona sengwe le sengwe. Jehofa o etse tlhoko sengwe le sengwe se se diragalang, go akaretsa le tshiamololo e re lebanang le yone gammogo le pogo e e bakiwang ke tshiamololo. (Bahebera 4:13) Mo godimo ga moo, Jehofa o re utlwela botlhoko fa re boga. (Isaia 63:9) Ga a ke a letla “pitlagano kgotsa matshwenyego” kgotsa sepe fela—tota le e leng motlhanka yo mongwe wa gagwe—“go re kgaoganya le lorato lwa Modimo.” (Baroma 8:35, 38, 39) Ka jalo, le rona ga re a tshwanela go letla sepe kgotsa ope go re kgaoganya le Jehofa.

Go itshwarela ga se go mpampetsa diphoso. Fa re itshwarela batho ba ba re diretseng diphoso, ga se gore re a bo re tsaya gore se ba se dirileng ga se re sepe, re se buelela kgotsa re se mpampetsa. Gopola gore Jehofa ga a rate boleo, mme gone, o itshwarela motho fa go na le lebaka la go dira jalo. (Pesalema 103:12, 13; Habakuke 1:13) Fa Jehofa a re kgothaletsa go itshwarela ba bangwe, tota o a bo a re kopa gore re mo etse. Ga a ke “a nna a kgopilwe ka bosakhutleng.”—Pesalema 103:9; Mathaio 6:14.

Fa re sa nne ka sekgopi, re solegelwa molemo. Ka tsela efe? Akanya ka boemo jono. O tsaya leje, gongwe le le seng bokete go le kalo, o bo o le tsholetsa o tsharolotse letsogo. Gongwe go ka nna motlhofo go nna o le tsholeditse ka nako e khutshwane. Mme go tweng fa o ne o ka leka go dira jalo ka lobaka lo loleele? O ne o ka kgona go le tsholetsa ka lobaka lo lo kae—metsotso e se kae? ura? kgotsa go feta? Ga go pelaelo gore letsogo la gago le ne le tla lapa fela thata! Ke boammaaruri gore bokete jwa leje leo bo ka se fetoge. Mme gone, fa o nna o le tsholeditse ka lobaka lo loleele, go a go nna jaaka e kete le nna bokete le go feta. Go ntse fela jalo le ka go boloka sekgopi. Fa re nna ka sekgopi ka lobaka lo loleele—tota le fa se ka tswa se le sennye jang—re ikutlwisa botlhoko le go feta. Ka jalo, ke gone ka moo Jehofa a re kgothaletsang gore re se ka ra nna ka sekgopi. Eleruri, go itshwarela go solegela rona molemo.—Diane 11:17.

Fa re sa nne ka sekgopi, re solegelwa molemo

“Ke ne Ke Utlwa e Kete Jehofa ka Boene O ne A Bua le Nna”

Linda o thusitswe ke eng gore a se ka a tswelela a bolokile sekgopi ka ntlha ya se modumedimmogo le ene a neng a se mo dirile? Sengwe sa dilo tse di neng tsa mo thusa e ne ya nna go tlhatlhanya ka mabaka a Dikwalo a go itshwarela. (Pesalema 130:3, 4) Linda o ne a tlhotlhelediwa segolobogolo ke go itse gore fa re itshwarela ba bangwe, Jehofa le ene o tla re itshwarela. (Baefeso 4:32–5:2) Fa a tlhalosa kafa mafoko a ditemana tseo a neng a mo ama ka teng, a re: “Ke ne ke utlwa e kete Jehofa ka boene o ne a bua le nna.”

Fa nako e ntse e ya, Linda o ne a kgona go tlogela go nna ka sekgopi. O ne a itshwarela kgaitsadi yoo a gololesegile, mme gone jaanong ene le kgaitsadi yoo ke ditsala tse di ntshanang se inong. Linda o tsweletse ka go direla Jehofa. Tlhomamisega gore Jehofa o batla go go thusa gore le wena o dire jalo.