Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAROLO 1

“Ke Tla Batla e e Latlhegileng”

“Ke Tla Batla e e Latlhegileng”

Nku e timetse. Fa e ntse e fula, ka tsela nngwe e ne ya kgaogana le tse dingwe. Jaanong ga e di bone e bile ga e bone modisa. Go nna lefifi. Nku eno e timeletse mo mokgatšheng o o sasankang dibatana mme e ka se kgone go iphemela. Kgabagare e utlwa lentswe le e le tlwaetseng—lentswe la modisa wa yone, yo o tabogelang kwa go yone, a bo a e tsholetsa, a e phuthela mo momenong wa seaparo sa gagwe a bo a e isa gae.

GANGWE le gape Jehofa o itshwantsha le modisa yo o ntseng jalo. O re tlhomamisetsa jaana mo Lefokong la gagwe: “Nna ka bonna, ke tla batla dinku tsa me ke bo ke di tlhokomela.”—Esekiele 34:11, 12.

‘Dinku Tse ke Amegang ka Tsone’

Dinku tsa ga Jehofa ke bomang? Ka bokhutshwane fela, dinku tsa ga Jehofa ke batho ba ba mo ratang le ba ba mo obamelang. Baebele ya re: “A re obameng re ikobeng; a re khubameng fa pele ga ga Jehofa Modiri wa rona. Gonne ke Modimo wa rona, mme re batho ba mafulo a gagwe le dinku tsa seatla sa gagwe [kgotsa dinku tse a di tlhokomelang].” (Pesalema 95:6, 7) Fela jaaka dinku tsa mmatota di sala modisa morago, baobamedi ba ga Jehofa ba iketleeleditse go latela Modisa wa bone. A mme gone ga ba ke ba dira diphoso? Ga go a nna jalo. Ka dinako tse dingwe, batlhanka ba Modimo ba ile ba nna jaaka ‘dinku tse di anamiseditsweng kgakala [kgotsa tse di gasameng],’ ‘dinku tse di latlhegileng’ e bile ‘ba tshwana le dinku tse di timelang.’ (Esekiele 34:12; Mathaio 15:24; 1 Petere 2:25) Le fa go ntse jalo, fa motho a katogela gosele, ka metlha Jehofa o na le tsholofelo ya gore o tla boa.

A o sa ntse o tsaya Jehofa e le Modisa wa gago? Jehofa o itshupa jang gore ke Modisa gompieno? Ela tlhoko ditsela tseno tse tharo:

O a re fepa. Jehofa a re: “Ke tla di fepa mo mafulong a a siameng. . . . Di tla lala koo mo lefelong le le siameng la bonno, mme di tla fula mo mafulong a a nonneng.” (Esekiele 34:14) Jehofa ga a ise a ko a palelwe ke go re naya dijo tsa tshwantshetso tse di farologaneng, tse di tlang ka nako e e tshwanetseng. A o gopola setlhogo, puo kgotsa bidio nngwe e e neng ya araba thapelo ya gago fa o ne o kopa thuso? A ga e a ka ya go tlhomamisetsa gore Jehofa o amega ka wena?

O a re sireletsa e bile o re ema nokeng. Jehofa o solofetsa jaana: “E e faletseng ke tla e busa, e bile ke tla hapa e e robegileng le e e bobolang ke tla e nonotsha.” (Esekiele 34:16) Jehofa o nonotsha ba ba koafaditsweng kgotsa ba ba fekeeditsweng ke ditlhobaelo. O hapa dinku tsa gagwe, a di thusa gore di fole fa di utlwisitswe botlhoko—gongwe e bile di utlwisitswe botlhoko ke badumedimmogo. Mme o busa ba ba faletseng le ba ba ka tswang ba lwantshana le maikutlo a a sa siamang.

O tsaya e le boikarabelo jwa gagwe go re tlhokomela. Jehofa a re: “Ke tla di golola mo mafelong otlhe a di gasamiseditsweng kwa go one. . . . Ke tla batla e e latlhegileng.” (Esekiele 34:12, 16) Jehofa ga a tlhoboge nku e e latlhegileng. Fa go na le nku e e timetseng, o a itse, o a e batla mme fa a e bona o a ipela. (Mathaio 18:12-14) Tota e bile, o bitsa baobamedi ba gagwe ba boammaaruri a re ke “dinku tsa me, dinku tsa mafulo a me [kgotsa dinku tse ke amegang ka tsone].” (Esekiele 34:31) Le wena o nngwe ya dinku tseo.

Jehofa ga a tlhoboge nku e e latlhegileng. O a ipela fa nku eo e bonwa

“Re Tlisetse Malatsi a Masha Jaaka mo Bogologolong”

Ke eng fa Jehofa a go senka e bile a go laletsa gore o boele kwa go ene? Ka gonne o batla gore o itumele. O solofetsa dinku tsa gagwe gore “go tla nna le dipula tse di tshologang tsa tshegofatso.” (Esekiele 34:26) Seno ga se dijo tsa ditoro fela. Le wena o setse o bone bosupi jwa seno.

Gopola tsela e o neng wa ikutlwa ka yone fa o ne o simolola go itse Jehofa. Ka sekai, o ne wa ikutlwa jang fa ka lekgetlo la ntlha o ne o ithuta boammaaruri jo bo itumedisang ka leina la Modimo le boikaelelo jwa gagwe ka batho? A o gopola kafa go neng go lapolosa ka teng go nna seoposengwe le Bakeresetemmogo kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo? Fa o ne o bolelela mongwe dikgang tse di molemo mme a bontsha gore o kgatlhega ka tsela ya mmatota, a ga o a ka wa boela gae o itumetse e bile o kgotsofetse?

O ka kgona go nna le boitumelo joo gape. Batlhanka ba Modimo ba bogologolo ba ne ba rapela jaana: “Re busetse kwa go wena, tlhe Jehofa, mme re tla boa kwantle ga go okaoka. Re tlisetse malatsi a masha jaaka mo bogologolong.” (Dikhutsafalo 5:21) Jehofa o ne a araba thapelo eo mme batho ba gagwe ba ne ba boa ba mo direla gape ka boipelo. (Nehemia 8:17) Le wena Jehofa o tla go direla jalo.

Le fa go ntse jalo, go boela kwa go Jehofa ga se kgetsi e potlana. Ela tlhoko dikgwetlho dingwe tse o ka lebanang le tsone fa o batla go boa le gore o ka di fenya jang.