Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAROLO 4

Go Ikutlwa o le Molato—“Mphepafatse mo Boleong Jwa Me”

Go Ikutlwa o le Molato—“Mphepafatse mo Boleong Jwa Me”

“Tiro ya me e ntšha e ne ya tokafatsa botshelo jwa lelapa la rona, le fa go ntse jalo, gape e ne ya dira gore ke feleletse ke nna le seabe mo ditirong tse di farologaneng tse di bontshang gore ga ke ikanyege. Ke ne ka simolola go keteka malatsi a boikhutso, ka nna le seabe mo ditirong tse di amanang le dipolotiki tota le e leng go ya kerekeng. Le fa ke ne ke le Mosupi wa ga Jehofa, ke ne ke tsidifetse dingwaga di le 40. Fa nako e ntse e feta, ke ne ka nna ke akanya gore Jehofa a ka se intshwarele. Ke ne ke na le boikutlo jwa gore nka se kgone go iitshwarela. Kana gone, ke ne ke itse boammaaruri pele ga ke tsaya tsela e e sa siamang.”—Martha.

GO IKUTLWA o le molato e ka nna mokgweleo o o boima tota. Kgosi Dafide o ne a kwala jaana: “Ditlolo tsa me di fetile mo godimo ga tlhogo ya me; di boima thata mo go nna jaaka morwalo o o boima.” (Pesalema 38:4) Bakeresete bangwe ba ile ba fekeediwa ke kutlobotlhoko e e feteletseng, mo ba ileng ba fetsa le mogopolo wa bone gore le ka motlha Jehofa a ka se ba itshwarele. (2 Bakorintha 2:7) A mme go siame go akanya jalo? Le fa gone o ka tswa o dirile maleo a a masisi, a o kgakala thata le Jehofa mo le ka motlha a ka se kang a go itshwarela? Tota ga go a nna jalo!

‘A re Tlhamalatseng Dilo fa Gare ga Rona’

Jehofa ga a latlhe baleofi ba ba ikwatlhayang. Tota e bile o amega ka bone! Mo setshwantshong sa morwa wa sesenyi, Jesu o ne a tshwantsha Jehofa le rre yo o lorato yo morwawe a neng a tlogela lelapa la gabone a bo a ya go tshela botshelo jwa botlhapelwa. Fa nako e ntse e ya, morwa yono o ne a dira tshwetso ya go boela gae. “Ya re [morwa] a sa ntse a le kgakala thata, rraagwe a tshogana ka a mmona mme a tlhomoga pelo, a siana a wela mo molaleng wa gagwe a ba a mo atla ka bonolo.” (Luke 15:11-20) A o batla go atamalana gape le Jehofa, le fa go ntse jalo, o utlwa e kete o ‘sa ntse o le kgakala thata’ le ene? Fela jaaka rre wa mo setshwantshong sa ga Jesu, Jehofa o tlhotlheletsega go go utlwela botlhoko. O iketleeleditse go go amogela gape.

Mme gone, go tweng fa e le gore o akanya gore maleo a gago a masisi thata kgotsa a mantsi thata mo e leng gore Jehofa a ka se go itshwarele? Tsweetswee, ela tlhoko taletso eno ya ga Jehofa e e mo go Isaia 1:18: “‘Tlang jaanong, mme re tlhamalatseng dilo fa gare ga rona,’ go bua Jehofa. ‘Le fa maleo a lona a ka nna jaaka bohibidu jo bo letlhololo, a tla dirwa masweu fela jaaka kapoko.’” Tota Jehofa o itshwarela le maleo a go lebegang a ka se phimoge a a tshwanang le enke e e bohibidu jo bo galotseng mo seaparong se sesweu.

Jehofa ga a batle gore o tswelele o boga ka ntlha ya segakolodi se se molato. Ka jalo, o ka dira eng gore o itumelele kgololesego e e nnang teng ka ntlha ya go bo Modimo a go itshwaretse le ka ntlha ya go bo o na le segakolodi se se phepa? Ela tlhoko dikgato di le pedi tse Kgosi Dafide a ileng a di tsaya. Sa ntlha, o ne a re: “Ke tla ipolela ditlolo tsa me mo go Jehofa.” (Pesalema 32:5) Gopola gore Jehofa o setse a go laleditse gore o bue le ene ka thapelo le gore o ‘tlhamalatse dilo’ le ene. Amogela taletso eo. Ipolele maleo a gago mo go Jehofa mme o mmulele mafatlha. Ka ntlha ya se se mo diragaletseng, Dafide o ne a ka rapela jaana a tlhatswegile pelo: “Ntlhatswe tlolo ya me. . . . Pelo e e phatlogileng le e e gateletsweng, wena Modimo, ga o kitla o e nyatsa [kgotsa o e gana].”—Pesalema 51:2, 17.

Sa bobedi, Dafide o ne a thusiwa ke moemedi yo o tlhomilweng wa Modimo e leng moporofeti Nathane. (2 Samuele 12:13) Gompieno Jehofa o tlhomile bagolwane mo phuthegong, ba ba thapiseditsweng go thusa baleofi ba ba ikwatlhayang gore ba boe ba nne ditsala tsa gagwe. Fa o ya kwa bagolwaneng, ba tla dirisa Dikwalo e bile ba tla rapela gore ba sidile pelo ya gago, ba fokotse kgotsa ba tlose maikutlo a a sa siamang a o nang le one, e bile ba tla go thusa gore o boe o nne le kamano e e siameng le Modimo.—Jakobe 5:14-16.

Jehofa o batla gore o nne le segakolodi se se phepa se se imologileng

‘Go Itumela yo Molato wa Gagwe o Itshwaretsweng’

Boammaaruri ke gore, o ka nna wa utlwa e kete go ipolela maleo a gago mo go Jehofa Modimo le go ya kwa bagolwaneng, ke dingwe tsa dilo tse o tsayang di le boima thata go di dira. Ga go pelaelo gore Dafide le ene o ne a ikutlwa ka tsela eo. Go ne ga feta nakwana ‘a didimetse’ a sa ipolele maleo a gagwe. (Pesalema 32:3) Le fa go ntse jalo, morago o ne a itumelela melemo ya go bo a ile a ipolela maleo a gagwe le go bo a ile a baakanya botshelo jwa gagwe.

Selo sa konokono se Dafide a neng a se itumelela ke gore, o ne a boa a ipela gape. O ne a kwala jaana: “Go itumela yo go tlhanoga ga gagwe go itshwaretsweng, yo boleo jwa gagwe bo bipilweng [kgotsa bo itshwaretsweng].” (Pesalema 32:1) Gape o ne a rapela jaana: “Jehofa, e kete o ka bula dipounama tseno tsa me, gore molomo wa me o bolele pako ya gago.” (Pesalema 51:15) E re ka Dafide a ne a sa tlhole a ikutlwa a le molato e bile a ne a leboga go bo Modimo a mo itshwaretse, o ne a tlhotlheletsega go bolelela ba bangwe ka Jehofa.

Jehofa o batla gore o nne le segakolodi se se phepa se se imologileng. E bile o batla gore o bolelele ba bangwe ka ene le ka maikaelelo a gagwe, mme ga a batle gore o dire jalo o na le maikutlo a go ipona molato, go na le moo, o batla o dira jalo go tswa pelong e bile o itumetse thata. (Pesalema 65:1-4) Gopola gore o go laletsa gore o tseye kgato gore ‘maleo a gago a phimolwe, gore dipaka tse di lapolosang di tle di tswa mo go Jehofa.’—Ditiro 3:19.

Ke sone se se neng sa diragalela Martha. O tlhalosa jaana: “Morwaake o ne a nna a nthomelela dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Ka bonya ka bonya, ke ne ka simolola go atamalana le Jehofa gape. Selo se se neng se le boima le go feta e ne e le go kopa Modimo gore a intshwarele maleo otlhe a ke neng ke a dirile. Kgabagare ke ne ka bua le Modimo ka thapelo mme ka mo kopa gore a intshwarele. Go thata go dumela gore go ne ga feta dingwaga di le 40 pele ga ke boela kwa go Jehofa. Se se ntiragaletseng ke bosupi jwa gore tota le morago ga dingwaga tse dintsi, motho a ka fiwa tshono e nngwe ya go direla Modimo le gore a boele gape mo loratong lwa Modimo.”