Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Konelo

Konelo

A o a tle o gopole dinako tse di itumedisang tsa fa o ne o na le batho ba ga Jehofa—pokano e e kgothatsang ya phuthego, kopano nngwe e e itumedisang, maitemogelo mangwe a a molemo a mo bodireding kgotsa motlotlo o o itumedisang le modumedimmogo le wena? Ga o ise o lebale Jehofa; mme tota le ene ga a go lebala. O a itumela fa a gopola tirelo ya gago e o neng o e dira ka boikanyegi. E bile o iketleeleditse go go thusa gore o boele kwa go ene.

Jehofa a re: ‘Nna ka bonna, ke tla batla dinku tsa me ke bo ke di tlhokomela. Ke tla tlhokomela dinku tsa me fela jaaka modisa yo o boneng dinku tsa gagwe tse di gasameng a bo a di fepa. Ke tla di golola mo mafelong otlhe a di gasamiseditsweng kwa go one.’—Esekiele 34:11, 12.