KGAOLO 21
Bogosi Jwa Modimo bo Tlosa Baba ba Jone
1, 2. (a) Ke bosupi bofe jo bo bontshang gore Kgosi ya rona e sa le e busa go tloga ka 1914? (b) Re tla sekaseka eng mo kgaolong eno?
GO NE go nonotsha tumelo tota go sekaseka se Bogosi jwa Modimo bo se fitlheletseng mo gare ga baba ba jone. (Pes. 110:2) Kgosi ya rona e dirile gore go nne le mophato wa bareri ba ba ithaopang ka go rata. O ntlafaditse le go itshekisa balatedi ba gagwe semoyeng le mo boitsholong. Mme go sa kgathalesege maiteko otlhe a baba ba Bogosi a go re kgaoganya, re ipelela go nna seoposengwe mo lefatsheng lotlhe gompieno. Diphitlhelelo tseno le tse dingwe tse Bogosi bo di fitlheletseng tse re setseng re di sekasekile, ke bosupi jo bontsi jwa gore fa e sa le ka 1914, Kgosi ya rona e ntse e busa mo gare ga baba ba Bogosi.
2 Tota e bile, Bogosi bo tla dira dilo tse di gakgamatsang thata mo isagweng e e gaufi. Bo tla ‘tla’ go ‘thubaganya le go fedisa’ baba ba jone. (Math. 6:10; Dan. 2:44) Mme pele ga nako eo e goroga, go tla diragala ditiragalo tse dingwe tse di botlhokwa. Ditiragalo tseno ke dife? Dipolelelopele di le mmalwa tsa Baebele di araba potso eno. Mma re sekasekeng dingwe tsa dipolelelopele tseo go bona gore ke ditiragalo dife tse di sa ntseng di larile kwa pele.
Se se Tla Diregang Pele ga “Tshenyego ya Tshoganyetso”
3. Ke tiragalo efe ya ntlha e re e emetseng?
3 Go goeletsa kagiso. Fa moaposetoloi Paulo a ne a kwalela Bathesalonika, o ne a tlhalosa tiragalo ya ntlha e re e emetseng. (Bala 1 Bathesalonika 5:2, 3.) Mo lekwalong leno, Paulo o umaka “letsatsi la ga Jehofa” le le tla simologang fa “Babelona o Mogolo” a tlhaselwa. (Tshen. 17:5) Le fa go ntse jalo, pele fela ga letsatsi la ga Jehofa le simologa, ditšhaba di tla goeletsa di re, “Kagiso le polokesego!” Polelwana eno e ka tswa e kaya kgoeletso e e dirwang gangwe fela kgotsa motseletsele wa dipolelwana tse di tlhomologileng. A baeteledipele ba bodumedi ba tla nna le seabe? E re ka ba le karolo ya lefatshe, ba tla ikamanya le ditšhaba mo go goeletseng jaana, “Go na le kagiso!” (Jer. 6:14; 23:16, 17; Tshen. 17:1, 2) Go goelediwa mono ga kagiso le polokesego go tla bontsha gore letsatsi la ga Jehofa le gaufi le go simologa. Baba ba Bogosi jwa Modimo “ga ba kitla ba falola ka gope.”
4. Re solegelwa molemo jang ke go tlhaloganya botlhokwa jwa boporofeti jwa ga Paulo jo bo malebana le go goelediwa ga kagiso le polokesego?
1 Bathes. 5:3, 4) Go farologana le batho ba bangwe ka kakaretso, re a lemoga gore ditiragalo tsa gone jaanong di lebisitse kae. Boporofeti jono jo bo malebana le kagiso le polokesego totatota bo tla diragadiwa ka mokgwa o o ntseng jang? Re tshwanetse go leta mme re bone se se tla diragalang. Ka jalo, “a re nneng re tsogile re bo re nne re thantse mo ditlhaloganyong.”—1 Bathes. 5:6; Sefa. 3:8.
4 Re solegelwa molemo jang ke go tlhaloganya botlhokwa jwa boporofeti jono? Paulo o bua jaana: “Ga lo mo lefifing, mo letsatsi leo le ka lo welang ka tshoganyetso jaaka le ne le ka wela magodu.” (Pitlagano e Kgolo e a Simologa
5. Ke tiragalo efe e e tla simololang “pitlagano e kgolo”?
5 Go tlhaselwa ga bodumedi. Gopola se Paulo a se kwadileng: “Motlhang ba reng, ‘Kagiso le polokesego!’ foo tshenyego ya tshoganyetso e tla ba wela ka ponyo ya leitlho.” Fela jaaka go benya ga logadima go latelwa ka bonako ke go ratha ga tladi, ka tsela e e tshwanang, go goelediwa ga “Kagiso le polokesego!” go tla latelwa ka bonako ke “tshenyego ya tshoganyetso.” Ke eng se se tla senngwang? Sa ntlha, go tla senngwa “Babelona o Mogolo,” mmusomogolo wa bodumedi jwa maaka yo gape a bidiwang “seaka.” (Tshen. 17:5, 6, 15) Go senngwa mono ga madumedi a a ipitsang a Bokeresete le mekgatlho e mengwe ya bodumedi jwa maaka, ke gone go simololang “pitlagano e kgolo.” (Math. 24:21; 2 Bathes. 2:8) Tiragalo eno e tla gakgamatsa batho ba le bantsi. Ka ntlha yang? Ka gonne go fitlha ka nako eo, seaka se tla ipona e le “kgosigadi” e e ‘se kitlang e bona khutsafalo.’ Mme ka tshoganyetso fela o tla lemoga gore o a iphora. O tla senngwa ka bonako jaaka e kete “ka letsatsi le le lengwe.”—Tshen. 18:7, 8.
6. Ke mang kgotsa ke eng se se tla tlhaselang “Babelona o Mogolo”?
6 Ke mang kgotsa ke eng se se tla tlhaselang “Babelona o Mogolo”? Ke “Sebatana” se se “dinaka di le lesome.” Buka ya Tshenolo e bontsha gore sebatana seno se emela lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng (UN). Dinaka di le lesome di emela dipuso tsa sepolotiki tse di emang nokeng ‘sebatana seno se se mmala wa bohibidu jo bo letlhololo.’ (Tshen. 17:3, 5, 11, 12) Tlhaselo eno e tla baka tshenyo e e kana kang? Ditšhaba tsa UN di tla gapa dikhumo tsa seaka, di tla ja dikarolo tsa sone tse di dinama di bo di se “ja ka molelo gotlhelele.”—Bala Tshenolo 17:16. *
7. Mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 24:21, 22 a ne a diragadiwa jang mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., mme a tla diragadiwa jang mo isagweng?
7 Go khutshwafatsa malatsi. Kgosi ya rona e senotse se se tla diragalang ka yone nako eo fa pitlagano e kgolo e ntse e tsweletse. Jesu o ne a re: “Ka ntlha ya ba ba tlhophilweng malatsi ao a tla khutshwafadiwa.” (Bala Mathaio 24:21, 22.) Mafoko a ga Jesu a ne a diragadiwa ka selekanyo se sennye ka 66 C.E. fa Jehofa a ne a “khutshwafatsa” tlhaselo ya masole a Roma mo Jerusalema. (Mar. 13:20) Kgato eo e ne ya dira gore Bakeresete ba ba mo Jerusalema le Judea ba bolokwe. Jaanong, ke eng se se tla diragalang ka selekanyo se segolo fa boporofeti jono bo diragadiwa mo lefatsheng lotlhe ka nako ya pitlagano e kgolo? Jehofa o tla dirisa Kgosi ya rona go “khutshwafatsa” tlhaselo ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng mo bodumeding, gore bodumedi jwa boammaaruri bo se ka jwa senngwa le jwa maaka. Ka jalo, le fa gone mekgatlho yotlhe ya bodumedi jwa maaka e tla senngwa, bodumedi bo le nosi jwa boammaaruri bo tla falola. (Pes. 96:5) A jaanong re sekasekeng gore ke ditiragalo dife tse di tla diragalang fa karolo eno ya pitlagano e kgolo e sena go feta.
Ditiragalo Tse di Gogelang Kwa Haramagedona
8, 9. Jesu a ka tswa a ne a bua ka ditiragalo dife tse di sa tlwaelegang, mme batho ba tla tsibogela jang se ba se bonang?
8 Boporofeti jwa ga Jesu jo bo malebana le metlha ya bofelo bo bontsha gore go tla diragala ditiragalo di le mmalwa tsa botlhokwa mo nakong e e gogelang kwa Haramagedona. Ditiragalo tsa ntlha tse pedi tse re tla di sekasekang, tsotlhe di umakiwa mo Dikwalong tsa Efangele ya ga Mathaio, Mareko le Luke.—Bala Mathaio 24:29-31; Mar. 13:23-27; Luke 21:25-28.
9 Ditiragalo tse di sa tlwaelegang kwa legodimong. Jesu o bolelela pele jaana: “Letsatsi le tla fifala, le ngwedi ga e na go ntsha lesedi la yone, mme dinaledi di tla wa di tswa kwa legodimong.” Ruri batho ga ba na go tlhola ba leba kwa baeteledipeleng ba bodumedi go kopa kaelo. A gape Jesu o ne a bua ka dipontsho tse di sa tlwaelegang tsa maatla a a fetang a tlholego kwa magodimong? Go ka tswa go ntse jalo. (Isa. 13:9-11; Joele 2:1, 30, 31) Batho ba tla tsibogela jang se ba se bonang? Ba tla nna mo ‘tlalelong e e mahehe’ ka gonne ‘ba sa itse kgoro ya botso.’ (Luke 21:25; Sefa. 1:17) Ee, baba ba Bogosi jwa Modimo—go tloga ka ‘dikgosi go ya kwa batlhankeng’—ba tla ‘tepelela ka ntlha ya poifo le tebelelo ya dilo tse di tlang’ mme ba tla sia gore ba iphitlhe. Le fa go ntse jalo, ga ba na go bona lefelo la go iphitlha le le sireletsegileng le le ka ba falotsang mo bogaleng jwa Kgosi ya rona.—Luke 21:26; 23:30; Tshen. 6:15-17.
10. Jesu o tla itsise katlholo efe, mme baemanokeng le baganetsi ba Bogosi jwa Modimo ba tla e tsibogela jang?
10 Go itsisiwe ga katlholo. Go tswa foo baba botlhe ba Bogosi jwa Modimo ba tla patelesega go bona tiragalo e e tla ba ngomolang pelo le go feta. Jesu a re: “Ba tla bona Morwa motho a tla a le mo marung ka maatla a magolo le kgalalelo.” (Mar. 13:26) Dipontsho tseno tsa maatla a a fetang a tlholego di tla bontsha gore Jesu o tlile, go tla go itsise katlholo. Mo karolong e nngwe ya jone boporofeti jono jo bo malebana le metlha ya bofelo, Jesu o re naya dintlha tse di oketsegileng tse di malebana le katlholo e e tla itsisiweng ka nako eo. Re fitlhela tshedimosetso eno mo setshwantshong sa dinku le dipodi. (Bala Mathaio 25:31-33, 46.) Baemanokeng ba ba ikanyegang ba Bogosi jwa Modimo ba tla atlholwa go nna “dinku” mme ba tla ‘tsholetsa ditlhogo tsa bone’ ba lemoga gore ‘kgololo ya bone e atametse.’ (Luke 21:28) Le fa go ntse jalo, baganetsi ba Bogosi ba tla atlholwa go nna “dipodi” mme ba tla ‘ititaya ba lela selelo sa khutsafalo,’ fa ba lemoga gore ba emetswe ke ‘go kgaolwa ga bosakhutleng.’—Math. 24:30; Tshen. 1:7.
11. Re tshwanetse go nna re gopotse eng fa re ntse re sekaseka ditiragalo tse di larileng kwa pele?
11 Fa Jesu a sena go itsise katlholo mo ‘ditšhabeng tsotlhe,’ go tla diragala ditiragalo di le mmalwa tsa botlhokwa pele ga Math. 25:32) Re tla sekaseka di le pedi tsa ditiragalo tseno: Go tlhasela ga ga Gogo le go phuthiwa ga batlodiwa. Fa re ntse re sekaseka ditiragalo tseo tse pedi, re tshwanetse go gopola gore Lefoko la Modimo ga le senole ka tlhamalalo nako e di tla diragalang ka yone. Tota e bile, go bonala sentle gore go ya bokgakaleng jo bo rileng, e nngwe e tla simologa fa e nngwe e ntse e tsweletse.
ntwa ya Haramagedona e simologa. (12. Satane o tla bolotsa tlhaselo efe e e maatla kgatlhanong le Bogosi?
12 Tlhaselo e e maatla. Gogo wa Magogo o tla tlhasela masalela a batlodiwa le ditsala tsa bone tsa dinku tse dingwe. (Bala Esekiele 38:2, 11.) Tlhaselo eno e e kgatlhanong le Bogosi jo bo busang jo bo setseng bo tlhomilwe, e tla bo e le tlhabano ya bofelo mo ntweng e Satane a ntseng a e boloditse kgatlhanong le masalela a batlodiwa fa e sa le a kobiwa kwa legodimong. (Tshen. 12:7-9, 17) Segolobogolo fa e sa le batlodiwa ba simolola go phuthelwa mo phuthegong ya Bokeresete e e tsosolositsweng, Satane o ntse a leka go senya katlego ya bone ya semoya—mme o itaya se fololetse. (Math. 13:30) Le fa go ntse jalo, ka nako e mekgatlho yotlhe ya bodumedi jwa maaka e tla bong e sentswe mme go lebega e kete batho ba Modimo ba nna ‘ba sa sirelediwa ke dipota, mephakalego kgotsa ditswalo,’ Satane o tla bona e le tshono e ntle. O tla tlhotlheletsa batlhabani ba gagwe ba ba boikepo gore ba tsene mme ba tlhasele ka maatla ba e leng baemanokeng ba Bogosi.
13. Jehofa o tla lwela jang batlhanka ba gagwe?
13 Esekiele o tlhalosa se se tla diragalang. Boporofeti jo bo malebana le Gogo bo bua jaana: “O tla tla o tswa kwa lefelong la gago, kwa dikarolong tse di kwa kgakala thata tsa bokone, wena mmogo le ditšhaba di le dintsi, botlhe ba palame dipitse, phuthego e kgolo, tota le mophato o mogolo wa sesole. Mme ruri o tla tsogologela batho ba me . . . jaaka maru a a bipang lefatshe.” (Esek. 38:15, 16) Jehofa o tla tsibogela jang tlhaselo eno e go lebegang e ka se thibelwe? A re: “Tšararego ya me e tla tlhatloga e tsena mo nkong ya me.” “Ke tla mmiletsa tšhaka.” (Esek. 38:18, 21; bala Sekarea 2:8.) Jehofa o tla lwela batlhanka ba gagwe ba mo lefatsheng. O tla dira seno a dirisa ntwa ya Haramagedona.
14, 15. Ke tiragalo efe e e tla nnang gone nako nngwe morago ga go simologa ga tlhaselo ya ga Satane e e maatla?
14 Pele ga re tswelela ka go sekaseka kafa Jehofa a tla femelang batho ba gagwe ka gone ka nako ya ntwa ya Haramagedona, a re ipheng nako go sekaseka tiragalo e nngwe ya botlhokwa. Tiragalo eno e tla diragala nako nngwe magareng ga go simologa ga tlhaselo ya ga Satane e e maatla le fa Jehofa a simolola go lwela batlhanka ba gagwe a dirisa ntwa ya Haramagedona. Jaaka re bone mo serapeng sa 11, tiragalo eno ya bobedi ke go phuthiwa ga masalela a batlodiwa.
15 Go phuthiwa ga batlodiwa. Mathaio le Mareko ba ne ba kwala mafoko a ga Jesu a a malebana le “ba ba tlhophilweng”—Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya—e le karolo ya motseletsele wa ditiragalo tse di tla diregang pele ga go runya ga ntwa ya Haramagedona. (Bona serapa 7.) Jesu o ne a porofeta jaana fa Mar. 13:27; Math. 24:31) Jesu o bua ka go phutha gofe fano? Ga a bue ka go tshwaiwa labofelo ga masalela a Bakeresete ba ba tloditsweng, mo go tla diregang pele ga pitlagano e kgolo e simologa. (Tshen. 7:1-3) Go na le moo, o bua ka tiragalo e e tla diragalang ka nako ya pitlagano e kgolo e e tlang. Ka jalo, go lebega batlodiwa ba ba sa ntseng ba le mo lefatsheng ba tla phuthelwa kwa legodimong ka nako nngwe morago ga tshimologo ya tlhaselo e e maatla ya ga Satane mo bathong ba Modimo.
a ne a bua ka nako e a tla bong a le Kgosi: “Go tswa foo o tla romela baengele mme ba tla phutha ba ba tlhophilweng ba gagwe go tswa kwa diphefong tse nnè, go tswa ntlheng ya lefatshe go ya ntlheng ya legodimo.” (16. Batlodiwa ba ba tsositsweng ba tla nna le seabe sefe mo ntweng ya Haramagedona?
16 Go phuthiwa mono ga masalela a batlodiwa go amana jang le tiragalo e e tla latelang ya Haramagedona? Nako ya go phutha e bontsha gore batlodiwa botlhe ba tla bo ba le kwa legodimong pele ga ntwa ya Modimo ya Haramagedona e simologa. Fa babusimmogo le Keresete ba ba 144 000 ba le kwa legodimong, ba tla amogela taolo ya go kopanela le Jesu mo go kgatikanyeng “thobane ya tshipi” e e senyang, kgatlhanong le baba botlhe ba Bogosi jwa Modimo. (Tshen. 2:26, 27) Go tswa foo, batlodiwa ba ba tsositsweng mmogo le baengele ba ba maatla ba tla sala Keresete morago, yo e leng Kgosi ya Motlhabani, fa a ya go kgatlhantsha “mophato o mogolo wa sesole” wa baba o o tla bong o dikanyeditse ba o ba tlhaselang—batho ba ga Jehofa. (Esek. 38:15) Fa mephato eno e mebedi e thulana ka mashetla, go tla bo go runtse ntwa ya Haramagedona!—Tshen. 16:16.
Konelo e e Molemolemo ya Pitlagano e Kgolo
17. Go tla diragala eng ka “dipodi” ka nako ya Haramagedona?
17 Go diragatsa katlholo. Ntwa ya Haramagedona e tla bo e le konelo ya pitlagano e kgolo. Ka nako eo, Jesu o tla tsaya maikarabelo a a oketsegileng. Mo godimo ga go nna Moatlhodi wa “ditšhaba tsotlhe,” gape o tla nna Mmolai wa ditšhaba—ke gore, wa batho botlhe ba pelenyana a neng a ba atlhola gore ke “dipodi.” (Math. 25:32, 33) Kgosi ya rona e tla ‘itaya ditšhaba’ ka “tšhaka e e bogale e telele.” Ee, botlhe ba sekadipodi—go simologa ka “dikgosi” go fitlha ka “batlhanka”—“ba tla ya kwa go kgaolweng ga bosakhutleng.”—Tshen. 19:15, 18; Math. 25:46.
18. (a) Maemo a tla fetoga jang mo go ba e tla bong e le “dinku”? (b) Jesu o tla wetsa jang phenyo ya gagwe?
18 Ruri maemo a tla bo a jele semenogane mo go ba Jesu a ba atlhotseng gore ke “dinku”! Go na le gore ba “boidiidi jo bogolo” ba e leng “dinku” tse go lebegang di sa sireletsega, ba batle ba gatakakiwa ka dinao ke mophato o mogolo wa sesole wa ga Satane wa “dipodi,” ba tla falola tlhaselo ya mmaba mme ba tla ‘tswa mo pitlaganong e kgolo.’ (Tshen. 7:9, 14) Go tswa foo, fa Jesu a sena go fenya le go tlosa batho botlhe ba e leng baba ba Bogosi jwa Modimo, o tla piriganyetsa Satane le madimona a gagwe mo moleteng o o se nang bolekanngo. Fa ba le koo, ba tla ba bo ba le mo boemong jwa go sa dire jo bo tshwanang le go swa, ka dingwaga di le sekete.—Bala Tshenolo 6:2; 20:1-3.
Kafa re ka Ipaakanyang ka Gone
19, 20. Re ka dirisa jang thuto e e mo mafokong a a mo go Isaia 26:20 le 30:21?
19 Re ka ipaakanyetsa jang ditiragalo tse di garolang pelo tse di tlang? Makasine wa Tora ya Tebelo o ne wa bua jaana dingwaga di le mmalwa tse di fetileng: “Go falola go tla ikaega ka go nna kutlo.” Goreng go ntse jalo? Karabo ya potso eno e fitlhelwa mo tlhagisong e Jehofa a neng a e neela batshwarwa ba Bajuda ba ba neng ba nna kwa Babelona wa bogologolo. Jehofa o ne a bolelela pele gore Babelona o ne a tla fenngwa, mme gone, batho ba Modimo ba ne ba tshwanetse go dira eng gore ba ipaakanyetse tiragalo eo? Jehofa o ne a re: “Tsamayang, batho ba me, tsenang mo diphaposing tsa lona tse di kwa teng, lo tswale dikgoro fa lo sena go tsena. Lo iphitlhe ka nakwana fela go fitlha katlholo e feta.” (Isa. 26:20) Ela tlhoko madiri a a mo temaneng eno: “Tsamayang,” “tsenang” “lo tswale,” “lo iphitlhe”—otlhe a tlhotlheletsa motho go tsaya kgato; ke ditaelo. Bajuda ba ba neng ba tsaya tsia ditaelo tseo ba ne ba tla nna mo matlong a bone, kgakala le masole a a fenyang mo mebileng. Ka jalo, go falola ga bone go ne go ikaegile ka go tlhwaela tsebe ditaelo tsa ga Jehofa. *
20 Re ithuta eng mo go seno? Fela jaaka go ne go ntse ka batlhanka bao ba Modimo ba bogologolo, go falola ga rona ditiragalo tse di larileng kwa pele, go ikaegile ka go ikobela ga rona ditaelo tsa ga Jehofa. (Isa. 30:21) Re newa ditaelo tseo ka thulaganyo ya phuthego. Ka jalo, re batla go nna kutlo go tswa pelong mme re ikobele taelo e re e newang. (1 Joh. 5:3) Fa re dira jalo gompieno, re tla tlhotlheletsega go ikoba ka go rata mo isagweng mme ka jalo, re tla amogela tshireletso ya ga Rraarona Jehofa le ya Kgosi ya rona Jesu. (Sefa. 2:3) Go sirelediwa ke Modimo ka tsela e e ntseng jalo go tla dira gore re iponele ka matlho kafa Bogosi jwa Modimo bo tla tlosang baba ba jone gotlhelele ka gone. Ruri eo e tla bo e le tiragalo e e sa lebalegeng!
^ ser. 6 Go lebega go utlwala gore go senngwa ga “Babelona o Mogolo” go kaya segolobogolo go senngwa ga mekgatlho ya bodumedi, e seng kganyaolo ya batho botlhe ba bodumedi. Ka jalo, bontsi jwa batho ba e neng e le maloko a Babelona o Mogolo ba tla falola tshenyego eo, mme go bonala ba tla leka go katogela kgakala le bodumedi, ba dira jalo mo pontsheng jaaka go bontshiwa mo go Sekarea 13:4-6.
^ ser. 19 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona buka ya Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe I, tsebe 282-283.