Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 18

Kafa Ditiro Tsa Bogosi di Tshegediwang ka Gone ka Madi

Kafa Ditiro Tsa Bogosi di Tshegediwang ka Gone ka Madi

SE KGAOLO ENO E TLOTLANG KA SONE

Lebaka la go bo batho ba ga Jehofa ba tshegetsa tiro ya Bogosi ka madi le kafa ba dirang jalo ka gone

1, 2. (a) Mokaulengwe Russell o ne a araba jang moruti yo o neng a batla go itse gore ditiro tsa Baithuti ba Baebele di tlhokomelwa jang ka madi? (b) Re tla sekaseka eng mo kgaolong eno?

NAKO nngwe moruti wa Reformed Church o ne a tla kwa go Mokaulengwe Charles T. Russell a batla go itse gore ditiro tsa Baithuti ba Baebele di tlhokomelwa jang ka madi.

Mokaulengwe Russell o ne a mo tlhalosetsa jaana, “ga re ke re tsaya koleke.”

Moruti yoo o ne a mmotsa jaana, “e le gore lo bona jang madi?”

Russell o ne a mo fetola jaana, “tota le fa nka go bolelela se e leng boammaaruri jo bo motlhofo, o ka nna wa se ka wa bo dumela. Fa batho ba tla kwa dipokanong tsa rona, ga ba fitlhele re fetisa sekotlejana re kopa koleke mo bathong. Le fa go ntse jalo, ba a bona gore go na le ditshenyegelo. Ba ipolelela jaana, ‘Go na le ditshenyegelo tsa go dirisa holo eno . . . Ke ka ntsha moneelonyana jang go thusa?’”

Moruti yono o ne a leba Mokaulengwe Russell a sa dumele.

Russell o ne a tswelela ka gore, “ke go bolelela boammaaruri jo bo se nang bana ba phefo. Ba mpotsa potso eno, ‘Ke ka ntsha moneelonyana jang go thusa?’ Fa motho a segofadiwa e bile a na le madinyana a se kae, o batla go a dirisetsa Morena. Fa a se na one, ke eng fa re tshwanetse go mo pateletsa?” *

2 Ruri Mokaulengwe Russell o ne a bua “boammaaruri jo bo se nang bana ba phefo.” Batho ba Modimo ba tswa kgakala ba ithaopa go ntsha meneelo ka go rata gore ba eme nokeng kobamelo ya boammaaruri. Mo kgaolong eno, re tla sekaseka dikai dingwe tse di mo Dikwalong gammogo le hisitori ya mo motlheng wa rona. Fa re ntse re sekaseka kafa ditiro tsa Bogosi di tshegediwang ka gone ka madi gompieno, go tla bo go le molemo gore mongwe le mongwe a ipotse jaana, ‘Nka bontsha jang gore ke ema Bogosi nokeng?’

‘A Mongwe le Mongwe wa Pelo e e Ratang a Tlise Moneelo’

3, 4. (a) Ke eng se Jehofa a se tshepang ka baobamedi ba gagwe? (b) Baiseraele ba ne ba bontsha jang gore ba ema nokeng tiro ya go agiwa ga motlaagana?

3 Jehofa o tshepa baobamedi ba gagwe ba boammaaruri. O a itse gore fa ba neilwe tshono, ba tla itumelela go bontsha boineelo jwa bone ka go ithaopela go aba ka go rata. Ela tlhoko dikai di le pedi tsa mo motlheng wa Baiseraele.

4 Fa Jehofa a sena go etelela pele Baiseraele go tswa kwa Egepeto, o ne a ba laela gore ba age mogope o o ka rwalwang, kgotsa motlaagana wa kobamelo. Go aga motlaagana ono le go o kgabisa go ne go tla tlhoka moneelo o montsi. Jehofa o ne a laela Moshe gore a neye setšhaba tshono ya go ema porojeke eno nokeng ka go bua mafoko ano: ‘A mongwe le mongwe wa pelo e e ratang a tlisetse Jehofa moneelo.’ (Ekes. 35:5) Batho bano ba pelenyana ba neng ba ile ba bereka boima mo ‘maemong a a thata mo mofuteng mongwe le mongwe wa bokgoba’ ba ne ba tsiboga jang? (Ekes. 1:14) Ba ne ba ema tiro eno nokeng ba sa ikgogone ka go ntsha ka go rata gauta, selefera le dilo tse dingwe tse di tlhwatlhwakgolo—tse bontsi jwa tsone ba ka tswang ba ile ba di tsaya mo beng ba bone ba pele, e leng Baegepeto. (Ekes. 12:35, 36) Baiseraele ba ne ba ntsha se se fetang se se tlhokegang mme ba ne ba tshwanelwa ke go ‘thibelwa gore ba se ka ba tlisa sepe gape.’—Ekes. 36:4-7.

5. Baiseraele ba ne ba tsiboga jang fa Dafide a ne a ba naya tshono ya gore ba ntshetse tiro ya go aga tempele moneelo?

5 Dingwaga di ka nna 475 morago ga moo, Dafide o ne a ntsha moneelo go tswa mo ‘thuong ya gagwe e e kgethegileng’ go tshegetsa ka madi go agiwa ga tempele, e e neng e le boremelelo jwa ntlha jwa leruri jwa kobamelo ya boammaaruri mo lefatsheng. Go tswa foo o ne a naya Baiseraele ka ene tshono ya go neela ka go botsa jaana: “Ke mang yo o ithaopelang go tlatsa seatla sa gagwe ka mpho ya ga Jehofa gompieno?” Batho ba ne ba tsibogela seo ka go “ntshetsa Jehofa meneelo ka go rata ka pelo e e feletseng.” (1 Ditir. 29:3-9) E re ka Dafide a ne a lemoga gore tota meneelo eo e ne e tswa kwa go mang, o ne a bua le Jehofa jaana mo thapelong: “Sengwe le sengwe se tswa kwa go wena, mme re go neile se se tswang mo seatleng sa gago.”—1 Ditir. 29:14.

6. Goreng go tlhokega madi gore go tsweledisiwe pele tiro ya Bogosi gompieno, mme go tsoga dipotso dife?

6 Moshe le Dafide ga ba a ka ba tshwanelwa ke go pateletsa batho ba Modimo gore ba ntshe moneelo. Go na le moo, batho ba ne ba ntsha ka dipelo tse di ratang. Go tweng ka mo motlheng wa rona? Re itse sentle gore tiro e Bogosi jwa Modimo bo e dirang e tlhoka madi. Go tlhokega madi a mantsi gore go gatisiwe le go anamisa Dibaebele le dikgatiso tsa Baebele, go aga le go tlhokomela mafelo a go kopanela le dikago tsa makala, gammogo le go neela badumedikarona thuso ya potlako ya namolo ka nako ya masetlapelo. Ka gone, go tsoga dipotso tseno tsa botlhokwa: Madi a a tlhokegang a tsewa kae? A balatedi ba Kgosi ba tlhoka go patelediwa go aba?

“Ga e Kitla e Kopa Kgotsa e Lopa Batho Gore ba e Tshegetse”

7, 8. Goreng batho ba ga Jehofa ba sa lope kgotsa go kopa batho ba bangwe madi?

7 Mokaulengwe Russell le ditsala tsa gagwe ba ne ba gana go etsa maano a go kgobokanya madi, a a tlwaelegileng mo dikerekeng tsa madumedi a a ipitsang a Bokeresete. Mo kgatisong ya bobedi ya makasine wa Watch Tower, mo setlhogong se se reng, “A o Batla ‘Zion’s Watch Tower’?” Russell o ne a bua jaana: “Jaaka re dumela, ‘Zion’s Watch Tower’ e tshegediwa ke JEHOFA, mme fa a ntse a dira jalo ga e kitla e kopa kgotsa e lopa batho gore ba e tshegetse. Fa Yo o reng: ‘Gouta le selefera e e mo dithabeng ke ya me,’ a palelwa ke go ntsha madi a a tlhokegang, re tla tsaya gore ke nako ya gore kgatiso eno e emisiwe.” (Hag. 2:7-9) Dingwaga di feta 130 morago ga moo, makasine wa Tora ya Tebelo le phuthego e e o gatisang di sa ntse di tsweletse di le maatla!

8 Batho ba ga Jehofa ga ba kope madi. Ga ba fetise dipoleiti tsa koleke kgotsa go romela makwalo a go kopa dithuso tsa madi. Gape ga ba leke go kgobokanya madi ka go dirisa mekgwa e e tshwanang le bingo, bazaars, dirafole le disosaete. Ba ngangatletse se makasine wa Watch Tower o sa bolong go se bua bogologolo fa o ne o re: “Ga re ise re tsamaye re bone go siame go kopela tiro ya Morena madi jaaka dikereke tse dingwe di dira . . . Rona re tsaya gore go kopa madi ka maano a a farologaneng ka leina la Morena, go a kgopisa mme ga a go amogele, e bile ga a segofatse ba ba a ntshang kana tiro e e dirwang ka one.” *

“A Mongwe le Mongwe a Dire Fela Jaaka a Sweditse mo Pelong ya Gagwe”

9, 10. Lengwe la mabaka a go bo re ntsha meneelo ka go rata ke lefe?

9 Rona babusiwa ba Bogosi gompieno, ga re tlhoke go patelediwa go aba. Go farologana thata le seo, re itumelela go dirisa madi a rona le dithoto tse dingwe tsa rona go ema nokeng ditiro tsa Bogosi. Ke eng fa re iketleeleditse thata go aba? Ela tlhoko mabaka a le mararo.

10 Sa ntlha, re ntsha meneelo ka go rata ka gonne re rata Jehofa e bile re batla go dira “dilo tse di itumedisang mo matlhong a gagwe.” (1 Joh. 3:22) Ruri Jehofa o itumedisiwa ke moobamedi yo o abang ka go rata go tswa pelong. A re sekasekeng mafoko a ga moaposetoloi Paulo a a amanang le go aba ga Bakeresete. (Bala 2 Bakorintha 9:7.) Mokeresete wa boammaaruri ga a abe ka go ikgogona kgotsa ka go patelediwa. Go na le moo, o aba ka gonne a “sweditse mo pelong ya gagwe” go dira jalo. * Ke gore, o aba morago ga go sekaseka se se tlhokegang le kafa a ka tsenyang letsogo ka gone go thusa. Jehofa o rata thata motho yo o abang ka tsela e e ntseng jalo, ka gonne “Modimo o rata yo o nayang ka boitumelo.” Thanolo e nngwe e balega jaana: “Modimo o rata batho ba ba ratang go neela.”

Tota le bana ba rona ba bannye ba kwa Mozambique ba rata go aba

11. Ke eng se se re tlhotlheletsang go naya Jehofa mpho ya rona e e di gaisang tsotlhe?

11 Sa bobedi, re ntsha meneelo ya dithoto le madi e le tsela ya go lebogela Jehofa masego a rona a mantsi. Ela tlhoko molaomotheo o o tlhotlheletsang pelo o o mo Molaong wa ga Moshe. (Bala Duteronome 16:16, 17.) Fa monna mongwe le mongwe wa Iseraele a ne a ya kwa meletlong e meraro ya ngwaga le ngwaga, o ne a tshwanetse go ntsha mpho e e ‘lekanang le tshegofatso e Jehofa’ a neng a mo e neile. Ka jalo, pele ga monna mongwe le mongwe a ya kwa moletlong, o ne a tshwanetse go bala masego a gagwe mme a hukutse pelo ya gagwe gore a dire tshwetso ya gore o ka ntsha jang mpho e e di gaisang tsotlhe. Ka tsela e e tshwanang, fa re akanya ka ditsela di le dintsi tse Jehofa a re segofaditseng ka tsone, re ikutlwa re tlhotlheletsega go mo naya mpho ya rona e e di gaisang tsotlhe. Mpho ya rona e re e ntshang ka pelo yotlhe, e e akaretsang meneelo ya dithoto le madi, e bontsha kafa re anaanelang ka gone masego a Jehofa a re a tshololetseng.—2 Bakor. 8:12-15.

12, 13. Meneelo ya rona e re e ntshang ka go rata e bontsha jang gore re rata Kgosi, mme mongwe le mongwe o ntsha bokae?

12 Sa boraro, fa re ntsha meneelo ka go rata, re bontsha gore re rata Kgosi Jesu Keresete. Jang? Ela tlhoko se Jesu a neng a se bolelela barutwa ba gagwe mo bosigong jwa bofelo jwa botshelo jwa gagwe a le mo lefatsheng. (Bala Johane 14:23.) O ne a re: “Fa motho a nthata, o tla boloka lefoko la me.” “Lefoko” la ga Jesu le akaretsa taelo ya gagwe ya gore go rerwe dikgang tse di molemo tsa Bogosi mo lefatsheng lotlhe. (Math. 24:14; 28:19, 20) Re boloka “lefoko” leo ka go dira sotlhe se se mo maatleng a rona—go dirisa nako ya rona, nonofo ya rona le dithoto tsa rona—go tsweledisa pele tiro ya go rera ka Bogosi. Ka go dira jalo, re bontsha gore re rata Kgosi ya Bomesia.

13 Ee, e re ka re le babusiwa ba Bogosi, re batla go bontsha ka pelo yotlhe gore re ema nokeng Bogosi ka go ntsha meneelo ya madi. Re dira seno jang? Eo ke tshwetso ya motho ka namana. Mongwe le mongwe o ntsha go ya kafa a kgonang ka gone. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa badumedikarona ga ba a itsholela. (Math. 19:23, 24; Jak. 2:5) Mme gone, batho bano ba itumedisiwa ke go itse gore Jehofa le Morwawe ba tseela kwa godimo le meneelo e mennye e e ntshiwang ka pelo e e ratang.—Mar. 12:41-44.

Madi a Amogelwa Jang?

14. Basupi ba ga Jehofa ba feditse dingwaga tse dintsi ba abela batho dikgatiso tsa bone jang?

14 Basupi ba ga Jehofa ba feditse dingwaga tse dintsi ba naya batho dikgatiso tsa Baebele fela fa ba ntshitse moneelo. Moneelo o go neng go akantshiwa gore o ntshiwe e ne e le o monnye, go direla gore tota le batho ba ba neng ba se na madi a a kalo ba kgone go amogela dikgatiso. Tota e bile, fa mong wa ntlo a lebega a kgatlhega mme a sa kgone go ntsha moneelo, baboledi ba Bogosi ba ne ba iketleeditse thata go mo naya kgatiso. Keletso ya bone e ne e le go naya batho ba ba peloephepa dikgatiso, ba ba neng ba ka kgona go di bala le go solegelwa molemo ke tsone.

15, 16. (a) Ka1990, Setlhopha se se Laolang se ne sa simolola go dira phetogo efe mo tseleng e re abang dikgatiso tsa rona ka yone? (b) Meneelo e e ntshiwang ka go rata e ntshiwa jang? (Bona le lebokose le le reng, “ Meneelo ya Rona e ya Kae?”)

15 Ka 1990, Setlhopha se se Laolang se ne sa simolola go fetola tsela e re abang dikgatiso tsa rona ka yone. Go simologa ka one ngwaga oo, dikgatiso tsa rona tsotlhe kwa United States di ne tsa simololwa go newa batho mahala mme ba ne ba ka ntsha moneelo fa ba rata. Lekwalo le le yang go diphuthego tsotlhe mo nageng eo le ne la tlhalosa jaana: “Dimakasine le dikgatiso di tla newa baboledi le batho ba ba kgatlhegang kwantle ga go ba kopa kgotsa go ba akantsha gore ba ntshe moneelo pele ga ba di tsaya. . . . Mongwe le mongwe fela yo o eletsang go ntsha moneelo go thusa go duelela ditshenyegelo tsa tiro ya rona ya go ruta a ka dira jalo, mme gone a ka amogela dikgatiso go sa kgathalesege gore o ntshitse moneelo kgotsa ga a o ntsha.” Thulaganyo eo e ne e tlhalosa sentle mofuta wa tiro ya rona ya go ithaopa le ya bodumedi le go papamatsa gore “ga re babapatsi ba lefoko la Modimo.” (2 Bakor. 2:17) Fa nako e ntse e ya, thulaganyo eo ya go ntsha moneelo ka go ithaopa, e ne ya simololwa go dirisiwa mo makaleng a mangwe go ralala lefatshe.

16 Meneelo e e ntshiwang ka go rata e ntshiwa jang? Mo Diholong Tsa Bogosi tsa Basupi ba ga Jehofa, go na le mabokose a moneelo a a beilweng ka tsela e e rulagantsweng sentle. Mongwe le mongwe a ka tsenya moneelo mo mabokoseng ano kgotsa a o romela ka tlhamalalo kwa go mongwe wa mekgatlho ya semolao o o dirisiwang ke Basupi ba ga Jehofa. Ngwaga le ngwaga go nna le setlhogo mo makasineng wa Tora ya Tebelo se se tlhalosang ka botlalo kafa meneelo eo e e ntshiwang ka go rata e ka dirwang ka gone.

Madi Ano a Dirisiwa Jang?

17-19. Tlhalosa kafa meneelo e dirisediwang ka gone (a) tiro ya lefatshe lotlhe, (b) kago ya Diholo Tsa Bogosi mo lefatsheng lotlhe, le (c) ditshenyegelo tsa phuthego ya lona.

17 Tiro ya lefatshe lotlhe. Madi ano a dirisediwa go duelela ditshenyegelo tse di nnang teng fa go ntse go tsweledisiwa pele tiro ya go rera mo lefatsheng lotlhe. Ditshenyegelo tseno di akaretsa madi a a dirisiwang go dira dikgatiso tse di romelwang mo lefatsheng lotlhe, go aga le go tlhokomela diofisi tsa makala le magae a Bethele, le go tshwara dikolo tse di farologaneng tsa puso ya Modimo. Mo godimo ga moo, madi ano a dirisediwa go tlhokomela barongwa, balebedi ba ba etang le babulatsela ba ba kgethegileng. Gape meneelo eno ya rona e dirisediwa go neela badumedikarona thuso ya potlako ya namolo ka nako ya masetlapelo. *

18 Kago ya Diholo Tsa Bogosi mo lefatsheng lotlhe. Madi ano a dirisediwa go thusa diphuthego go aga kgotsa go aga sesha Diholo tsa tsone tsa Bogosi. Fa diphuthego di ntse di ntsha meneelo, madi a meneelo eo a ka dirisediwa go thusa diphuthego tse dingwe tse dintsi. *

19 Ditshenyegelo tsa phuthego ya lona. Madi ano a dirisediwa go duelela go dirisiwa ga Holo ya Bogosi. Bagolwane ba ka nna ba akantsha gore madi mangwe a romelwe kwa ofising ya lekala le le okametseng naga ya bone gore a dirisediwe go tsweledisa pele tiro ya lefatshe lotlhe. Mo maemong ao, bagolwane ba tla kopa gore phuthego e dire maitlamo. Fa phuthego e dumela, madi a a akantshitsweng a tla romelwa kwa ofising ya lekala. Kgwedi le kgwedi, mokaulengwe yo o tlhokomelang diakhaonto tsa phuthego o rulaganya pego ya madi e e balelwang phuthego.

20. O ka tlotla Jehofa jang ka “dilo tsa gago tse di tlhwatlhwakgolo”?

20 Fa re akanya ka sotlhe se se akarediwang mo go direng tiro ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa mo lefatsheng lotlhe, re tlhotlheletsega go “tlotla Jehofa ka dilo tsa [rona] tse di tlhwatlhwakgolo.” (Dia. 3:9, 10) Dilo tsa rona tse di tlhwatlhwakgolo di akaretsa bokgoni jwa rona jwa mmele, jwa mogopolo le jwa semoya. Eleruri re batla go dirisa bokgoni jono ka botlalo mo tirong ya Bogosi. Le fa go ntse jalo, gopola gore dilo tse di tlhwatlhwakgolo gape di akaretsa dithoto tsa rona. A re ititeyeng sehuba go ntsha se re ka se kgonang ka nako e re kgonang go dira jalo. Meneelo ya rona e re e ntshang ka go rata e tlotla Jehofa e bile e bontsha gore re ema nokeng Bogosi jwa Bomesia.

^ ser. 1 The Watch Tower, July 15, 1915, tsebe 218-219.

^ ser. 8 Watch Tower, August 1, 1899, tsebe 201.

^ ser. 10 Mokanoki mongwe a re lefoko la Segerika le le reng “sweditse,” “le na le kgopolo ya go dira tshwetso go sa le gale.” O oketsa ka gore: “Le fa ka tlholego fela motho a ipela fa a aba, o sa ntse a tlhoka go nna le tsela e e rulaganeng sentle ya go dira jalo.”—1 Bakor. 16:2.

^ ser. 17 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le bodiredi jwa namolo, bona Kgaolo 20.

^ ser. 18 Go bona dintlha ka botlalo malebana le go agiwa ga Diholo Tsa Bogosi, bona Kgaolo 19.