Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 7

Mekgwa ya go Rera—Go Dirisa Ditsela Dipe Fela go Fitlhelela Batho

Mekgwa ya go Rera—Go Dirisa Ditsela Dipe Fela go Fitlhelela Batho

SE KGAOLO ENO E TLOTLANG KA SONE

Batho ba Modimo ba dirisa mekgwa e e farologaneng ya go rera go fitlhelela batho ba le bantsi ka mo go ka kgoneng ka gone

1, 2. (a) Ke mokgwa ofe o Jesu a neng a o dirisa gore a kgone go bua le boidiidi jwa batho? (b) Balatedi ba ga Keresete ba ba ikanyegang ba ne ba latela sekao sa gagwe jang, mme ka ntlha yang?

BOIDIIDI bo phuthega go dikologa Jesu mo lotshitshing lwa letsha, mme o palama mokoro a bo a tsamaya sekgalanyana. Ka ntlha yang? O a itse gore metsi a tla godisa modumo wa lentswe la gagwe, gore batho bano ba bantsi ba kgone go utlwa molaetsa wa gagwe sentle.—Bala Mareko 4:1, 2.

2 Mo masomeng a dingwaga tsa pele le morago ga go tlhomiwa ga Bogosi, balatedi ba ga Keresete ba ba ikanyegang ba ne ba latela sekao sa gagwe, ba dirisa mekgwa e mesha e e farologaneng go anamisetsa batho ba le bantsi dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Kgosi e ile ya nna ya kaela batho ba Modimo go simolola mekgwa e mesha le go e dirisa fa maemo a ntse a fetoga le fa go ntse go nna le ditsela tse disha tsa thekenoloji. Re batla go fitlhelela batho ba le bantsi ka mo go ka kgonegang ka gone pele bokhutlo bo tla. (Math. 24:14) Ela tlhoko mengwe ya mekgwa e re neng ra e dirisa go fitlhelela batho, go sa kgathalesege gore ba nna kae. Akanya gape le ka ditsela tse ka tsone o ka etsang tumelo ya ba ba neng ba anamisa dikgang tse di molemo mo dingwageng tseo.

Go Fitlhelela Batho ba le Bantsi

3. Baba ba boammaaruri ba ne ba kgopisega jang fa re ne re dirisa makwalodikgang?

3 Makwalodikgang. Mokaulengwe Russell le ditsala tsa gagwe ba ile ba nna ba gatisa makasine wa Watch Tower fa e sa le go tloga ka 1879, ba tlisetsa batho ba le bantsi molaetsa wa Bogosi. Le fa go ntse jalo, mo dingwageng di le lesome pele ga 1914, go bonala Keresete a ile a kaela dilo ka tsela e e botlhale gore dikgang tse di molemo di fitlhelele batho ba le bantsi. Ditiragalo tseo tse di latelanang di ne tsa simologa ka 1903. Ka one ngwaga oo, Dr. E. L. Eaton, yo e neng e le mmueledi wa setlhopha sa baruti ba Porotesetanta kwa Pennsylvania, o ne a nna a gwetlha Charles Taze Russell gore ba nne le motseletsele wa dikganetsano ka dithuto tsa Baebele. Eaton o ne a kwala jaana mo lekwalong le a neng a le kwaletse Russell: “Ke akantse gore go ngangisana phatlalatsa ka dingwe tsa dipotso tse nna le wena re sa dumalaneng ka tsone . . . go tla kgatlhegelwa thata ke batho ba le bantsi.” Russell le ditsala tsa gagwe le bone ba ne ba akanya gore batho ba ka kgatlhegela go utlwa seo, ka jalo ba ne ba rulaganya gore dikganetsano tseo di gatisiwe mo lokwalodikgannyeng lo lo tumileng lwa The Pittsburgh Gazette. Ditlhogo tseo tsa lokwalodikgang di ne di kgatlhegelwa ke batho ba le bantsi mme tsela e e utlwalang sentle e Russell a neng a tlhalosa boammaaruri jwa Baebele ka yone, e ne e tlhotlheletsa mo e leng gore lokwalodikgang loo lo ne lwa ithaopela go gatisa dithero tsa ga Russell beke le beke. Ruri tiragalo eo e tshwanetse ya bo e ile ya kgopisa baba ba boammaaruri fela thata!

Ka 1914, makwalodikgang a feta 2 000 a ne a gatisa dithero tsa ga Russell

4, 5. Ke nonofo efe e Russell a neng a e bontsha, mme ba ba nang le maikarabelo ba ka etsa sekao sa gagwe jang?

4 Go ise go ye kae, makwalodikgang a a oketsegileng a ne a batla go gatisa dithero tsa ga Russell. Ka 1908, makasine wa Watch Tower o ne o ka bega gore dithero tseno di ne di gatisiwa mo “makwalodikgannyeng a le lesome le bongwe ka metlha.” Le fa go ntse jalo, bakaulengwe ba ba neng ba tlwaelane le tiro ya makwalodikgang ba ne ba gakolola Russell gore fa a ne a ka fudusa diofisi tsa Mokgatlho go tswa kwa Pittsburgh mme a di isa kwa toropong nngwe e e itsegeng, makwalodikgang a le mantsi a ne a ka gatisa ditlhogo tseo tse di theilweng mo Baebeleng. Fa Russell a sena go akanyetsa kgakololo eo le go lebelela mabaka a mangwe, o ne a fudusetsa diofisi kwa Brooklyn, New York ka 1909. Seo se ne sa felela ka eng? Dikgwedi di le mmalwa fela morago ga go fuduga, makwalodikgang a ka nna 400 a ne a gatisa dithero, mme a ne a oketsega ka metlha. Fa Bogosi bo ne bo tlhomiwa ka 1914, makwalodikgang a a fetang 2 000 a ne a gatisa dithero tsa ga Russell le ditlhogo tse dingwe tsa Baebele ka dipuo di le nnè!

5 Re ithuta thuto efe ya botlhokwa mo tiragalong eno? Go a tshwanela gore ba ba nang le maikarabelo mo phuthegong ya Modimo ba etse sekao sa ga Russell sa boikokobetso. Ka tsela efe? Fa ba dira ditshwetso tsa botlhokwa, ba tshwanetse go akanyetsa kgakololo ya ba bangwe.—Bala Diane 15:22.

6. Boammaaruri jo bo gatisitsweng mo ditlhogong tsa makwalodikgang bo ne jwa ama motho mongwe jang?

6 Boammaaruri jwa Bogosi jo bo neng bo gatisiwa mo ditlhogong tsa makwalodikgang ao bo ne bo fetola matshelo a batho. (Baheb. 4:12) Ka sekai, Ora Hetzel, yo o neng a kolobediwa ka 1917, e ne e le mongwe wa ba bantsi ba ba ithutileng boammaaruri lekgetlo la ntlha ka ditlhogo tse di ntseng jalo. Ora o ne a re: “Fa ke sena go nyalwa, ke ne ka etela mmè kwa Rochester, Minnesota. Fa ke goroga, ke ne ka mo fitlhela a segolola ditlhogo dingwe go tswa mo lokwalodikgannyeng. E ne e le dithero tsa ga Russell. Mmè o ne a ntlhalosetsa dilo tse a di ithutileng go tswa mo go tsone.” Ora o ne a amogela boammaaruri jo a neng a bo ithuta mme a nna mmoledi yo o ikanyegang wa Bogosi jwa Modimo ka dingwaga di ka nna masome a marataro.

7. Ke eng fa ba ba neng ba eteletse pele ba ile ba akanyetsa kgang ya gore a ba tswelele ba dirisa makwalodikgang?

7 Ka 1916, go ne ga nna le ditiragalo tse pedi tse dikgolo tse di neng tsa dira gore ba ba eteletseng pele ba akanyetse kgang ya gore a ba tswelele ba dirisa makwalodikgang go anamisa dikgang tse di molemo. Tiragalo ya ntlha, Ntwa e Kgolo e e neng e fagile ka nako eo e ne ya dira gore go nne thata go bona didirisiwa tsa go gatisa. Ka 1916, pego e e neng e tswa kwa lephateng la rona la makwalodikgang kwa Boritane e ne ya tlhalosa kgwetlho eo jaana: “Gone jaanong go na le makwalodikgang a feta 30 a a gatisang Dithero. Go bonala sentle gore go ise go ye kae palo eno e tla fokotsega fela thata ka ntlha ya ditlhwatlhwa tsa pampiri tse di ntseng di oketsega.” Tiragalo ya bobedi e ne ya nna loso lwa ga Mokaulengwe Russell ka Diphalane 31, 1916. Ka jalo, makasine wa The Watch Tower wa December 15, 1916, o ne wa itsise jaana: “E re ka jaanong Mokaulengwe Russell a tlhokafetse, karolo ya dithero [mo makwalodikgannyeng] ga e kitla e tlhola e nna gone gotlhelele.” Le fa gone mokgwa ono wa go rera o ile wa fedisiwa, mekgwa e mengwe e e jaaka “Photo-Drama of Creation,” e ne ya tswelela e atlega fela thata.

8. Ke eng se se neng sa akarediwa fa go ne go dirwa “Photo-Drama of Creation”?

8 Go bontsha batho difilimi. Russell le ditsala tsa gagwe ba ne ba fetsa dingwaga di ka nna tharo ba dira “Photo-Drama of Creation,” e e neng ya gololwa ka 1914. (Dia. 21:5) The Drama, jaaka e ne e bidiwa, e ne ya nna filimi ya ntlhantlha e ntšha e mo go yone go kopantsweng ditshwantsho tse di tshikinyegang, mantswe a a rekotilweng le diselaete tsa galase tse di nang le mebala e e farologaneng. Batho ba le makgolokgolo ba ne ba nna le seabe mo go diragatseng dipono tsa Baebele mme ga tsewa filimi ya tiragatso eo, go ne ga kopanyelediwa le diphologolo. Pego nngwe ya 1913 e ne ya re: “Go ne ga tlisiwa diphologolo tse dintsi thata tse di neng di tswa kwa go nngwe ya dizuu tse dikgolo, gore di dirisiwe fa go dirwa karolo ya ga Noa ya ditshwantsho tse di buang le tse di Tshikinyegang.” Nngwe le nngwe ya diselaete tse di makgolokgolo tse di dirilweng ka galase tse di neng tsa dirisiwa, e ne e takilwe ke bataki ba kwa London, New York, Paris le kwa Philadelphia.

9. Ke ka ntlha yang fa go ne go dirisiwa nako e ntsi jaana le madi a a kana kana go dira “Photo-Drama”?

9 Ke ka ntlha yang fa go ne go dirisiwa nako e ntsi jaana le madi a a kana kana go dira “Photo-Drama”? Maitlamo a a neng a dirwa ka 1913 mo motseletseleng wa dikopano tsa kgaolo a tlhalosa jaana: “Katlego e e iseng e ko e direge e makwalodikgang a Amerika a neng a nna le yone mo go bopeng tsela e batho ba akanyang ka yone a dirisa ditshwantsho tsa metlae, le ditshwantsho tse dingwe mo dikgannyeng tsa bone le mo dikarolong tsa dimakasine, mmogo le ditshwantsho tse di tshikinyegang tse di kgatlhang tse di ratiwang ke batho ba le bantsi, e bontsha sentle gore di botlhokwa, mme re dumela re sa belaele gore, le rona bareri ba ba gatetseng pele e bile re le barutisi ba Baebele, re ka atlega fa re ka dirisa ditshwantsho tse di tshikinyegang le di-projector tse di tshamekang diselaete tse di dirilweng ka galase (stereopticon slides) gore e nne mokgwa o o solegelang molemo e bile e le o baefangele le barutisi ba o ratang.”

Kwa godimo: Kamorenyana e “Photo Drama” e neng e tshamekiwa go tswa mo go yone; Mo gare: Diselaete tsa galase tsa “Photo-Drama”

10. “Photo-Drama” e ne ya bontshiwa ka selekanyo se segolo go le kana kang?

10 Ka 1914, “Photo-Drama” e ne ya bontshiwa mo ditoropong di le 80 letsatsi le letsatsi. Mo e ka nnang batho ba le dimilione di le robedi kwa United States le kwa Canada ba ne ba bona filimi eo. Mo go one ngwaga oo, “Photo-Drama” e ne ya bontshiwa kwa Australia, Boritane, Denmark, Finland, Jeremane, New Zealand, Norway, Sweden le Switzerland. Go ne ga dirwa filimi e e tlhofofaditsweng, e e se nang ditshwantsho tse di tshikinyegang, gore e bontshiwe mo ditoropong tse dinnye. Filimi eo—“Eureka Drama”—e ne e sa je madi a mantsi go e dira e bile go ne go le motlhofo go tsamaya ka yone. Ka 1916, “Photo-Drama” kgotsa “Eureka Drama” e ne e setse e ranoletswe mo dipuong tsa Se-Armenia, Se-Dano-Norwegian, Sefora, Sejeremane, Segerika, Sentadiana, Se-Poland, Se-Spain le Se-Sweden.

Ka 1914, “Photo-Drama” e ne ya bontshiwa mo diholong tse dikgolo tse di neng di tletse batho

11, 12. “Photo-Drama” e ne ya ama jang lekawana lengwe, mme o ne a tlhoma sekao se se ntseng jang?

11 “Photo-Drama” e e ranoletsweng mo puong ya Sefora e ne ya ama thata Charles Rohner, yo o neng a na le dingwaga di le 18. Charles o ne a re: “E ne ya bontshiwa mo toropong e ke neng ke nna mo go yone—Colmar, Alsace, kwa Fora. Go tloga fela kwa tshimologong, ke ne ka kgatlhiwa ke tsela e e utlwalang sentle e boammaaruri jwa Baebele bo neng bo bontshiwa ka yone.”

12 Ka ntlha ya seo, Charles o ne a kolobediwa mme ka 1922 a tsenela tirelo ya nako e e tletseng. Nngwe ya dikabelo tsa gagwe tsa ntlha e ne ya nna go bontsha batho ba kwa Fora “Photo-Drama.” Fa Charles a ne a tlhalosa tiro ya gagwe o ne a re: “Ke ne ke abetswe go dira ditiro di le mmalwa—go tshameka seletswa sa violin, go nna motlhanka wa diakhaonto le go nna motlhanka wa dibuka. Gape ke ne ka kopiwa go didimatsa batho pele ga thulaganyo e simologa. Ka nako ya boikhutso, re ne re aba dikgatiso. Re ne ra abela mokaulengwe kgotsa kgaitsadi karolo ya holo. Mongwe le mongwe wa bone o ne a tsaya dikgatiso di tletse seatla mme a bo a di abela botlhe ba ba mo karolong ya gagwe. Mo godimo ga moo, kwa kgorong ya holo, go ne go na le ditafole di tletse dikgatiso.” Ka 1925, Charles o ne a lalediwa go ya go direla kwa Bethele ya Brooklyn kwa New York. Fa a le koo, o ne a abelwa tiro ya go etelela pele setlhopha sa mmino wa okhestra, o o neng o tla dirisiwa mo seteisheneng sa radio se se neng se sa tswa go tlhomiwa sa WBBR. Morago ga go sekaseka sekao sa ga Mokaulengwe Rohner, re ka ipotsa jaana: ‘A ke ikemiseditse go amogela kabelo nngwe le nngwe e ke e newang go thusa go anamisa molaetsa wa Bogosi?’—Bala Isaia 6:8.

13, 14. Radio e ne ya dirisiwa jang go anamisa dikgang tse di molemo? (Bona le Lebokose le le reng, “ Dithulaganyo Tsa mo WBBR” le le le reng, “ Kopano ya Kgaolo E e Sa Lebalesegeng.”)

13 Radio. Ka bo1920, tiro ya go bontsha “Photo-Drama” e ne ya fokotsega, mme radio e ne ya itshupa e le mokgwa wa botlhokwa mo go anamiseng dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Ka Moranang 16, 1922, Mokaulengwe Rutherford o ne a neela puo ya gagwe ya ntlha mo radiong a le kwa Metropolitan Opera House kwa Philadelphia, Pennsylvania. Go fopholediwa gore batho ba le 50 000 ba ne ba utlwa puo ya setlhogo se se reng, “Dimilione Tse di Tshelang Jaanong ga di Kitla di Swa.” Go tswa foo, ka 1923, go ne ga nna le kgaso ya ntlha ya karolo ya kopano ya kgaolo. Mo godimo ga go dirisa diteishene tsa kgwebo, ba ba neng ba eteletse pele ba ne ba swetsa ka gore go ka nna molemo gore re ikagele seteishene sa rona, se ne sa agiwa kwa Staten Island, New York, mme sa kwadisiwa e le WBBR. Se ne sa simolola go gasa ka Tlhakole 24, 1924.

Ka 1922, go fopholediwa gore batho ba le 50 000 ba ne ba utlwa puo ya setlhogo se se reng, “Dimilione Tse di Tshelang Jaanong ga di Kitla di Swa” e gasiwa mo radiong

14 Fa makasine wa The Watch Tower wa December 1, 1924, o ne o tlhalosa boikaelelo jwa WBBR, o ne wa re: “Re dumela gore radio ke mokgwa o o sa jeng madi a mantsi e bile o na le diphelelo tse di molemo mo go anamiseng molaetsa wa boammaaruri go gaisa mekgwa e re setseng re kile ra e dirisa.” O ne wa oketsa jaana: “Fa Morena a bona go tshwanela gore re age diteishene tse dingwe tsa radio gore re anamise boammaaruri, o tla re naya madi ka tsela ya gagwe e e molemo.” (Pes. 127:1) Ka 1926, batho ba ga Jehofa ba ne ba na le diteishene tsa radio di le thataro. Tse pedi tsa tsone di ne di le kwa United States—WBBR kwa New York le WORD gaufi le Chicago. Tse nnè di ne di le kwa Canada, di agilwe kwa Alberta, British Columbia, Ontario le Saskatchewan.

15, 16. (a) Baruti ba kwa Canada ba ne ba tsibogela jang dikgaso tsa rona? (b) Dithero tsa mo radiong le tiro ya go rera ka ntlo le ntlo di ne di thusana jang?

15 Baruti ba madumedi a a ipitsang a Bokeresete ba ne ba lemoga tsela e kgolo e boammaaruri jwa Baebele bo neng bo anamisiwa ka yone ka radio. Albert Hoffman, yo o neng a tlwaelane le tiro e e neng e dirwa kwa seteisheneng sa radio se se kwa Saskatchewan kwa Canada, o ne a re: “Batho ba le bantsi ba ne ba simolola go itse Baithuti ba Baebele [jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa ka nako eo]. Go ne ga neelwa bosupi jo bogolo go fitlha ka 1928, fa baruti ba ne ba tlhotlheletsa badiredi ba bagolo mme seo sa dira gore diteishene tsotlhe tsa Baithuti ba Baebele mo Canada di tseelwe dilaesense.”

16 Go sa kgathalesege go tswalwa ga diteishene tsa rona tsa radio kwa Canada, dithero tsa Baebele di ne tsa tswelela di gasiwa mo diteisheneng tsa kgwebo. (Math. 10:23) Gore dithulaganyo tseo di nne le diphelelo tse di molemo, dimakasine tsa The Watch Tower le The Golden Age (o gone jaanong o bidiwang Tsogang!) di ne di na le lenaane la diteishene tsa kgwebo tse di neng di gasa boammaaruri jwa Baebele, gore baboledi ba ba neng ba tsamaya ka ntlo le ntlo ba kgothaletse batho go reetsa dithero tseo mo diteisheneng tse di mo lefelong la bone. Diphelelo e ne ya nna dife? Kgatiso ya Bulletin ya January 1931, e ne ya re: “Tiro ya radio e ile ya kgothatsa bakaulengwe fela thata mo tirong ya go rera ka ntlo le ntlo. Go ne ga romelwa dipego tse dintsi kwa ofising ya rona tse di bolelang gore batho ba ne ba reetsa, mme fa ba sena go utlwa dithero tse di neng di neelwa ke Mokaulengwe Rutherford, ba ne ba ikemiseditse go amogela dibuka tse ba neng ba di neelwa.” Kgatiso ya Bulletin e ne ya tlhalosa dikgaso tsa radio le tiro ya ka ntlo le ntlo e le “mekgwa e megolo e mebedi ya go rera phatlalatsa e phuthego ya Morena e e dirisang.”

17, 18. Le fa gone maemo a ile a fetoga, radio e ne ya tswelela e na le seabe sefe?

17 Ka bo1930, kganetso e ne ya oketsega kgatlhanong le go dirisa ga rona diteishene tsa radio tsa kgwebo. Ka jalo, mo bowelong jwa 1937, batho ba ga Jehofa ba ne ba tsamaisana le maemo a a neng a fetoga. Ba ne ba tlogela go dirisa go gasa mo diteisheneng tsa kgwebo mme ba tlhoma mogopolo thata mo bodireding jwa ka ntlo le ntlo. * Le fa go ntse jalo, radio e ne ya tswelela go nna le seabe sa botlhokwa mo go anamisetseng molaetsa wa Bogosi kwa dikarolong tsa lefatshe tse di kgakala kgotsa tse di kgaphetsweng kwa thoko ka ntlha ya dipolotiki. Ka sekai, go tloga ka 1951 go fitlha ka 1991, seteishene se se neng se le kwa Berlin Bophirima, kwa Jeremane, se ne se gasa dipuo tsa Baebele ka metlha gore batho ba ba nnang mo dikarolong tse ka nako eo di neng di le mo karolong e e neng e bidiwa Jeremane Botlhaba ba ka utlwa molaetsa wa Bogosi. Go simologa ka 1961 le dingwaga di feta masome a mararo morago ga moo, seteishene sa radio sa setšhaba, sa kwa Suriname, Amerika Borwa, se ne se gasa thulaganyo ya metsotso e le 15 beke le beke go anamisa boammaaruri jwa Baebele. Go tloga ka 1969 go fitlha ka 1977, phuthego e ne ya dira dithulaganyo tsa radio tse di rekotilweng di feta 350 tsa motseletsele o o reng, “Lokwalo Lotlhe lo Tswela Mosola.” Kwa United States, diteishene tsa radio di le 291 mo dinageng di le 48, di ne tsa gasa dithulaganyo tseo. Ka 1996, seteishene sa radio kwa Apia, motsemoshate wa naga ya South Pacific kwa Samoa, se ne sa gasa thulaganyo ya beke le beke ya setlhogo se se reng, “Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Gago Tsa Baebele.”

18 Kwa bowelong jwa lekgolo la bo20 la dingwaga, radio e ne ya se ka ya tlhola e nna mokgwa wa konokono wa go anamisa dikgang tse di molemo. Le fa go ntse jalo, go ne ga tlhaga mokgwa o mongwe wa thekenoloji o o neng wa dira gore re kgone go fitlhelela batho ba le bantsi ka tsela e e iseng e ko e direge.

19, 20. Ke ka ntlha yang fa batho ba ga Jehofa ba ile ba dira web site ya jw.org, mme e nnile le diphelelo dife? (Bona le lebokose le le reng, “ JW.ORG.”)

19 Internet. Fa e sa le go simologa ka 2013, batho ba feta dibilione di le 2,7, mo e batlang e le diperesente di le 40 tsa baagi botlhe ba lefatshe, ba ne ba dirisa Internet. Go ya ka diphopholetso dingwe, batho ba ka nna dibilione di le pedi ba e dirisa mo didirisiweng tsa thekenoloji tse o kgonang go tsamaya o di tshotse tse di jaaka di-smartphone le di-tablet. Palo eo e ntse e oketsega lefatshe ka bophara, mme gone jaanong koketsego e kgolo ya go dirisa Internet mo didirisiweng tse o kgonang go tsamaya o di tshotse e mo Afrika, kwa go nang le pego ya dimilione di feta 90 e e bontshang gore batho ba dirisa Internet mo didirisiweng tseo. Diphetogo tseo di fetotse thata tsela e batho ba le bantsi ba amogelang tshedimosetso ka yone.

20 Go simologa ka 1997, batho ba ga Jehofa ba ne ba simolola go dirisa mokgwa ono wa go anamisa tshedimosetso. Ka 2013, Web site ya jw.org e ne ya nna gone ka dipuo di ka nna 300, mme go na le tshedimosetso e e theilweng mo Baebeleng e e ka kgonang go itseelwa mo saeteng eno ka dipuo di feta 520. Letsatsi le letsatsi, batho ba feta 750 000 ba tsena mo saeteng eno. Mo godimo ga go lebelela dibidio, kgwedi le kgwedi batho ba itseela dibuka tse di feletseng di feta dimilione di le 3, dimakasine tse di feletseng di feta dimilione di le 4 le dikarolo tsa dikgatiso tse di rekotilweng di feta dimilione di le 22.

21. O ithutile eng mo go se se diragaletseng Sina?

21 Web site e nnile mokgwa o o maatla tota wa go anamisa dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo, tota le kwa dinageng tse tiro ya rona ya go rera e thibetsweng kwa go tsone. Ka sekai, mo masimologong a 2013, monna mongwe yo o bidiwang Sina o ne a bona saete ya jw.org mme a founela kwa ntlokgolo e e kwa United States, a kopa tshedimosetso e e oketsegileng ka Baebele. Ke eng se se neng se sa tlwaelega ka go founa ga gagwe? Sina o godisitswe e le Momoseleme, a nna kwa motseng o o kgakala mo nageng nngwe e tiro ya Basupi ba ga Jehofa e thibetsweng kwa go yone. Ka ntlha ya go bo Sina a ile a founa, go ne ga dirwa dithulaganyo tsa gore Mosupi mongwe wa kwa United States a mo rute Baebele gabedi ka beke. O ne a tshwarelwa thuto go dirisiwa mokgwa wa go bua le motho ka bidio mo Internet.

Go Ruta Batho ka Bongwe

22, 23. (a) A mekgwa e e neng e dirisiwa go fitlhelela batho ba le bantsi e ne e emisetsa bodiredi jwa ka ntlo le ntlo? (b) Kgosi e ile ya segofatsa jang maiteko a rona?

22 Ga go na mokgwa ope wa e re kileng ra e dirisa go fitlhelela batho ba bantsi, e e jaaka makwalodikgang, “Photo-Drama,” dithulaganyo tsa radio le Web site, o o neng wa dirisiwa ka boikaelelo jwa go emisetsa bodiredi jwa ka ntlo le ntlo. Ka ntlha yang? Ka gonne batho ba ga Jehofa ba ne ba ithuta mo sekaong se se neng sa tlhomiwa ke Jesu. O ne a sa rerele boidiidi jwa batho jo bo neng bo phuthegile fela; o ne a tlhomile mogopolo mo go thuseng batho ka bongwe. (Luke 19:1-5) Gape Jesu o ne a thapisa barutwa ba gagwe gore ba dire se se tshwanang, mme o ne a ba naya molaetsa o ba neng ba tshwanetse go o rera. (Bala Luke 10:1, 8-11.) Jaaka go tlhalositswe mo Kgaolo 6, ba ba eteletseng pele ba ne ba nna ba kgothaletsa motlhanka mongwe le mongwe wa ga Jehofa gore a bue le batho ba lebane difatlhego.—Dit. 5:42; 20:20.

23 Dingwaga di le lekgolo morago ga go tlhomiwa ga Bogosi, baboledi ba ba fetang dimilione di le 7,9 ba ntse ba tlhagafaletse go nna le seabe mo go ruteng ba bangwe ka maikaelelo a Modimo. Ga go pelaelo gore Kgosi e ile ya segofatsa mekgwa e re ntseng re e dirisa go itsise Bogosi. Jaaka kgaolo e e latelang e tla bontsha, gape o ne a re naya le didirisiwa tse re di tlhokang gore re anamisetse dikgang tse di molemo kwa ditšhabeng tsotlhe, le ditso le diteme.—Tshen. 14:6.

^ ser. 17 Ka 1957, ba ba neng ba eteletse pele ba ne ba swetsa ka gore go tswale seteishene sa rona sa bofelo sa WBBR kwa New York.