Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 9

Diphelelo Tsa go Rera—“Masimo . . . a Masweu go ka Rojwa”

Diphelelo Tsa go Rera—“Masimo . . . a Masweu go ka Rojwa”

SE KGAOLO ENO E TLOTLANG KA SONE

Jehofa o dirile gore dipeo tsa boammaaruri jwa Bogosi di gole

1, 2. (a) Ke eng fa barutwa ba gakgametse? (b) Jesu o bua ka mofuta ofe wa thobo?

BARUTWA ba gakgametse. Jesu o ba boleletse jaana: “Tsholetsang matlho a lona mme lo lebe masimo, gore a masweu go ka rojwa.” Ba leba kwa Jesu a supang teng, mme se ba se bonang ke masimo a matala e seng a masweu—mmala wa barele e e sa tswang go tlhoga. Ba ka tswa ba ipotsa jaana: ‘O bua ka thobo efe? Go tla tsaya dikgwedi di le mmalwa pele ga thobo e ka simologa.’—Joh. 4:35.

2 Le fa go ntse jalo, Jesu ga a bue ka thobo ya mmatota. Go na le moo, o dirisa tiragalo eno go ruta barutwa ba gagwe dithuto tse pedi tsa botlhokwa tse di amanang le thobo ya semoya—thobo ya batho. Ke dithuto dife tseo? Gore re bone gore ke dife, a re sekasekeng pego eno ka botlalo.

Kgothatso ya go Tsena mo Tirong le Tsholofetso ya go Bona Boipelo

3. (a) Ke eng se se ka tswang se tlhotlheleditse Jesu gore a re: “Masimo . . . a masweu go ka rojwa”? (Bona ntlha e e kwa tlase.) (b) Jesu o ne a tlhalosa jang mafoko a gagwe?

3 Fa Jesu a ne a bua le barutwa ba gagwe ka kgang eno, e ne e le kwa bowelong jwa 30 C.E., gaufi le motse wa Sikara kwa Samarea. Fa barutwa ba ga Jesu ba tsena mo motseng, o ne a sala fa sedibeng kwa a neng a bua ka boammaaruri jwa semoya gone le mosadi mongwe yo ka bonako fela a neng a tlhaloganya dithuto tsa botlhokwa tse Jesu a neng a di ruta. Fa barutwa ba boela kwa go Jesu, mosadi yono o ne a itlhaganelela kwa Sikara go ya go bolelela baagelani ba gagwe ka dilo tse di gakgamatsang tse a neng a di ithutile. Pego ya gagwe e ne ya kgatlha batho thata, mme bontsi jwa baagelani ba gagwe ba ne ba itlhaganelela kwa sedibeng go ya go kopana le Jesu. Go ka direga gore ka yone nako eo—fa Jesu a ne a leba kgakajana ka kwa ga masimo mme a bona boidiidi jwa Basamarea bo ntse bo atamela—o ne a re: ‘Lebang masimo, gore a masweu go ka rojwa.’ * Go tswa foo, fa Jesu a ne a tlhalosa gore o ne a bua ka thobo ya semoya e seng ya mmatota, o ne a oketsa ka gore: “Morobi o . . . kgetla maungo a botshelo jo bo sa khutleng.”—Joh. 4:5-30, 36.

4. (a) Ke dithuto dife tse pedi tse Jesu a neng a di ruta ka thobo ya semoya? (b) Re tla sekaseka dipotso dife?

4 Ke dithuto dife tse pedi tsa botlhokwa tse Jesu a neng a di ruta ka thobo ya semoya? Ya ntlha, tiro e potlakile. Mafoko a gagwe a a reng, “masimo . . . a masweu go ka rojwa” a ne a kgothaletsa balatedi ba gagwe gore ba tseye kgato. Fa Jesu a ne a gatelela mo megopolong ya barutwa ba gagwe gore tiro eno e potlakile go le kana kang, o ne a re: “Morobi o setse a amogela dituelo.” Ee, thobo e ne e setse e simologile—e ne e se nako ya go diega! Ya bobedi, badiri ba a ipela. Jesu o ne a re, bajadi le barobi ba tla ‘ipela mmogo.’ (Joh. 4:35b, 36) Fela jaaka Jesu ka boene a tshwanetse a bo a ile a ipela fa a bona “bontsi jwa Basamarea . . . ba dumela mo go ene,” barutwa ba gagwe le bone ba ne ba tla nna le boipelo jo bogolo fa ba dira ka moya otlhe mo thobong. (Joh. 4:39-42) Pego eno ya lekgolo la ntlha la dingwaga e botlhokwa thata mo go rona gompieno ka gonne e re bontsha se gone jaanong se diregang ka nako ya thobo ya semoya e kgolo go gaisa. Thobo eno ya mo motlheng wa rona e simologile leng? Ke bomang ba ba nang le seabe mo go yone? Mme e nnile le diphelelo dife?

Kgosi ya Rona e Etelela Pele Thobo e Kgolo go Gaisa

5. Ke mang yo o etelelang pele tiro ya thobo mo lefatsheng lotlhe, mme ponatshegelo ya ga Johane e bontsha jang gore tiro eno e potlakile?

5 Mo ponatshegelong e moaposetoloi Johane a neng a e bontshiwa, Jehofa o ne a senola gore o tlhomile Jesu go etelela pele thobo ya batho e e dirwang mo lefatsheng lotlhe. (Bala Tshenolo 14:14-16.) Mo ponatshegelong eno, Jesu o tlhalosiwa a na le serwalo sa gouta le sekele. ‘Serwalo sa gouta se se mo tlhogong ya ga [Jesu]’ se tlhomamisa boemo jwa gagwe jwa go nna Kgosi e e busang. “Sekele e e bogale mo seatleng sa gagwe” e tlhomamisa seabe se a nang le sone sa go nna Morobi. Fa Jehofa a dirisa moengele go tlhalosa gore “thobo ya lefatshe e budule thata,” o gatelela gore tiro e potlakile. Eleruri “nako e tlile ya go roba”—ga se nako ya go diega! Fa Jesu a tsibogela taelo ya Modimo e e reng, “tsenya sekele ya gago,” o tsenya sekele ya gagwe, mme lefatshe le a rojwa—se se kayang gore batho ba mo lefatsheng ba a rojwa. Ponatshegelo eno e e itumedisang e re gakolola gape gore “masimo . . . a masweu go ka rojwa.” A ponatshegelo eno e re thusa go itse gore thobo eno ya mo lefatsheng lotlhe e simologile leng? Ee!

6. (a) ‘Paka ya thobo’ e ne ya simologa leng? (b) “Thobo ya lefatshe” ya mmatota e ne ya simologa leng? Tlhalosa.

6 E re ka ponatshegelo ya ga Johane e e mo go Tshenolo kgaolo 14 e bontsha Jesu yo e leng Morobi, a rwele serwalo (temana 14), go tlhomiwa ga gagwe e le Kgosi ka 1914 go ne go setse go diragetse. (Dan. 7:13, 14) Nakwana morago ga moo, Jesu o laelwa gore a simolole thobo (temana 15). Tatelano ya ditiragalo e e tshwanang e tlhagelela mo setshwantshong sa ga Jesu sa thobo ya korong, fa a ne a re: “Thobo ke bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo.” Ka jalo, paka ya thobo le bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo di simologile ka nako e le nngwe—ka 1914. Moragonyana, “mo pakeng ya thobo,” thobo ya mmatota ya semoya e ne ya simologa. (Math. 13:30, 39) Fa re leba kwa morago go ya kafa re tlhaloganyang dilo ka gone, re kgona go bona gore thobo e ne ya simologa dingwaga di le mmalwa morago ga gore Jesu a simolole go busa e le Kgosi. La ntlha, go tloga ka 1914 go fitlha kwa tshimologong ya 1919, Jesu o ne a dira tiro ya go ntlafatsa mo balateding ba gagwe ba ba tloditsweng. (Mal. 3:1-3; 1 Pet. 4:17) Go tswa foo, ka 1919, “thobo ya lefatshe” e ne ya simologa. Kwantle ga go diega, Jesu o ne a dirisa motlhanka yo o boikanyego yo o neng a sa tswa go tlhomiwa go thusa bakaulengwe ba rona gore ba bone kafa tiro ya go rera e potlakileng ka gone. Ela tlhoko se se neng sa diragala.

7. (a) Ke eng se se neng sa thusa bakaulengwe ba rona go bona gore tiro ya go rera e potlakile? (b) Bakaulengwe ba rona ba ne ba kgothalediwa go dira eng?

7 Ka Phukwi 1920, makasine wa The Watch Tower o ne wa re: “Fa o tlhatlhoba Dikwalo, go bonala go na le bosupi jo bo bontshang gore kereke e neilwe tshiamelo e kgolo ya go bolela molaetsa wa bogosi.” Ka sekai, mafoko a boporofeti jwa ga Isaia a ne a thusa bakaulengwe go bona gore dikgang tsa Bogosi di ne di tshwanetse go itsisiwe mo lefatsheng lotlhe. (Isa. 49:6; 52:7; 61:1-3) Ba ne ba sa itse gore tiro eo e ne e tla fitlhelelwa jang, mme gone ba ne ba na le tsholofelo ya gore Jehofa o tla ba bontsha tsela. (Bala Isaia 59:1.) Ka ntlha ya go bo jaanong go ne go tlhaloganngwa botoka go potlaka ga tiro ya go rera, bakaulengwe ba rona ba ne ba kgothalediwa go oketsa seabe sa bone mo tirong eo. Bakaulengwe ba ne ba tsiboga jang?

8. Ka 1921, ke dintlha dife tse pedi tse di malebana le tiro ya go rera tse bakaulengwe ba rona ba ileng ba di tlhaloganya?

8 Ka Sedimonthole 1921, makasine wa The Watch Tower o ne wa re: “E nnile ngwaga o o di gaisang tsotlhe; batho ba le bantsi thata ba utlwile molaetsa wa boammaaruri ka 1921 go gaisa dingwaga dipe fela tse di fetileng.” Makasine oo o ne wa oketsa jaana: “Go sa ntse go na le mo gontsi mo go tshwanetseng go dirwa. . . . A re e direng ka dipelo tse di tletseng boipelo.” Ela tlhoko kafa bakaulengwe ba neng ba tlhaloganya ka gone dintlha tse pedi tsa botlhokwa ka tiro ya go rera tse Jesu a neng a di gatelela mo megopolong ya baaposetoloi ba gagwe: Tiro e potlakile, e bile badiri ba a ipela.

9. (a) Ka 1954, ke eng se makasine wa The Watchtower o neng wa se bua malebana le tiro ya go rera, mme ka ntlha yang? (b) Go ne ga nna le koketsego e kana kang ya baboledi mo lefatsheng lotlhe mo dingwageng di le 50 tse di fetileng? (Bona tšhate e e reng, “ Koketsego ya Lefatshe Lotlhe.”)

9 Ka bo1930, fa bakaulengwe ba sena go tlhaloganya gore boidiidi jo bogolo jwa dinku tse dingwe bo ne bo tla tsibogela molaetsa wa Bogosi, tiro ya go rera e ne ya oketsega le go feta. (Isa. 55:5; Joh. 10:16; Tshen. 7:9) Diphelelo e ne ya nna dife? Palo ya batho ba ba neng ba rera molaetsa wa Bogosi e ne ya tlhatloga go tswa go 41 000 ka 1934 go ya go 500 000 ka 1953! Go ne go tshwanela gore makasine wa The Watchtower wa December 1, 1954, o bue jaana: “Ke ka moya wa ga Jehofa le ka maatla a Lefoko la gagwe go bo re kgonne go fitlhelela tiro eno e kgolo ya thobo e e dirwang mo lefatsheng lotlhe.” *Seka. 4:6.

 

KOKETSEGO YA LEFATSHE LOTLHE

Naga

1962

1987

2013

Australia

15 927

46 170

66 023

Brazil

26 390

216 216

756 455

Fora

18 452

96 954

124 029

Italy

6 929

149 870

247 251

Japane

2 491

120 722

217 154

Mexico

27 054

222 168

772 628

Nigeria

33 956

133 899

344 342

Philippines

36 829

101 735

181 236

U.S. of America

289 135

780 676

1 203 642

Zambia

30 129

67 144

162 370

 

PALO E E NTSENG E OKETSEGA YA DITHUTO TSA BAEBELE

1950

234 952

1960

646 108

1970

1 146 378

1980

1 371 584

1990

3 624 091

2000

4 766 631

2010

8 058 359

Diphelelo Tsa Thobo—Di ne Tsa Bolelelwa Pele ka Dipapiso Tse di Utlwalang Sentle

10, 11. Mo setshwantshong sa tlhaka ya mosetara, ke dintlha dife tse di tlhomololwang malebana le tsela e peo e golang ka yone?

10 Mo ditshwantshong tsa ga Jesu tse di malebana le Bogosi, o ne a bolelela pele diphelelo tsa tiro ya thobo a dirisa puo e e utlwalang sentle. Mma re sekasekeng setshwantsho sa tlhaka ya mosetara le sa sebediso. Re tla tlhoma mogopolo segolobogolo mo go reng di ile tsa diragadiwa jang mo motlheng wa bokhutlo.

11 Setshwantsho sa tlhaka ya mosetara. Monna mongwe o jala tlhaka ya mosetara. Go tswa foo, e a gola e bo e nna setlhare se dinonyane di bonang bonno mo go sone. (Bala Mathaio 13:31, 32.) Ke dintlha dife malebana le tsela e peo eno e golang ka yone tse di tlhomololwang mo setshwantshong seno? (1) Tsela e kgolo e diregang ka yone e a gakgamatsa. Peo “e nnye thata mo dipeong tsotlhe” e nna setlhare se se nang le “dikala tse dikgolo.” (Mar. 4:31, 32) (2) Go na le tlhomamisego ya kgolo. ‘Fa peo e sena go jalwa, e a gola.’ Jesu ga a re, “e ka nna ya gola.” Nnyaa, a re: ‘E a gola.’ Kgolo ya yone ga e thibelwe ke sepe. (3) Setlhare seno se se golang se oka baeng e bile se ba fa bonno. ‘Dinonyane tsa legodimo di a tla’ di bo di ‘bona bonno mo moriting wa sone.’ Dintlha tseno tse tharo di amana jang le thobo ya semoya ya mo motlheng wa rona?

12. Setshwantsho sa tlhaka ya mosetara se amana jang le thobo ya gompieno? (Bona le tšhate e e reng, “ Palo e e Ntseng e Oketsega ya Dithuto Tsa Baebele.”)

12 (1) Tsela e kgolo e diregang ka yone: Setshwantsho seno se bontsha kgolo ya molaetsa wa Bogosi le ya phuthego ya Bokeresete. Fa e sa le go tloga ka 1919, badiri ba thobo ba ba tlhagafetseng ba ntse ba phuthelwa mo phuthegong ya Bokeresete e e tsosolositsweng. Ka nako eo, palo ya badiri e ne e le potlana mme gone, e ne ya gola ka lobelo lo lo kwa godimo. Tota e bile, kgolo ya yone go tloga mo masimologong a bo1900 go fitlha gompieno, e nnile ka tsela e e tlhomologileng thata. (Isa. 60:22) (2) Tlhomamisego: Tsela e phuthego ya Bokeresete e golang ka yone e ntse e sa kgone go thibelwa. Go sa kgathalesege gore peo eno e ne ya kopana le dikganetso tse di kana kang, e ne ya nna e ntse e gola. (Isa. 54:17) (3) Bonno: “Dinonyane tsa legodimo” tse di bonang bonno mo setlhareng seno di emela dimilionemilione tsa batho ba ba dipelo di siameng ba ba tswang mo dinageng di ka nna 240, ba ba ileng ba amogela molaetsa wa Bogosi ka go nna karolo ya phuthego ya Bokeresete. (Esek. 17:23) Fa ba le koo, ba bona dijo tsa semoya, tapologo le tshireletsego.—Isa. 32:1, 2; 54:13.

Setshwantsho sa peo ya mosetara se bontsha gore ba ba leng mo phuthegong ya Bokeresete ba ipelela bonno le tshireletsego (Bona serapa 11, 12)

13. Ke dintlha dife tsa kgolo tse di gatelelwang mo setshwantshong sa sebediso?

13 Setshwantsho sa sebediso. Fa mosadi a sena go tsenya sebediso mo leribing la bupi, sebediso se bedisa leribi lotlhe. (Bala Mathaio 13:33.) Ke dintlha dife tsa kgolo tse di gatelelwang mo setshwantshong seno? A re sekasekeng di le pedi tsa tsone. (1) Kgolo e dira gore go nne le phetogo. Sebediso se a anama “go fitlha leribi lotlhe le bela.” (2) Kgolo e dira gore go nne le koketsego. Sebediso seno se bedisa ‘dilekanyetso tsotlhe tse tharo tse dikgolo tsa bupi’—leribi lotlhe. Dintlha tseno tse pedi di amana jang le thobo ya semoya ya mo motlheng wa rona?

14. Setshwantsho sa sebediso se amana jang le thobo ya gompieno?

14 (1) Phetogo: Sebediso se emela molaetsa wa Bogosi, mme leribi la bupi le emela batho. Fela jaaka sebediso se dira gore go nne le phetogo mo buping fa di sena go tlhakanngwa, molaetsa wa Bogosi le one o dira gore go nne le phetogo mo dipelong tsa batho fa ba sena go o amogela. (Bar. 12:2) (2) Koketsego: Go anama ga sebediso go emela go anama ga molaetsa wa Bogosi. Sebediso se nwelelela mo leribing go fitlha se anamela mo go lone lotlhe. Ka tsela e e tshwanang, molaetsa wa Bogosi o anametse kwa ‘dikarolong tse di kwa kgakalakgakala tsa lefatshe.’ (Dit. 1:8) Gape ntlha eno ya setshwantsho e bontsha gore tota le kwa dinageng tse tiro ya rona e thibetsweng kwa go tsone, molaetsa wa Bogosi o tla anama, le fa gone ditiro tsa rona tsa go rera mo mafelong ao di ka nna tsa se ka tsa tsewa tsia.

15. Mafoko a a mo go Isaia 60:5, 22 a ile a diragadiwa jang? (Bala le lebokose le le reng, “ Jehofa o Dirile Gore go Kgonege,” tsebe 93, le le le reng, “ Kafa ‘yo Mmotlana’ a Nnileng ‘Setšhaba se se Thata’ ka Gone” tsebe 96-97.)

15 Dingwaga di ka nna 800 pele ga Jesu a bua ditshwantsho tseno, Jehofa o ne a dirisa Isaia go bolelela pele a dirisa mafoko a a sa lebalesegeng go tlhalosa gore mo motlheng wa rona thobo ya semoya e ne e tla dirwa ka selekanyo se se kana kang le boipelo jo bo neng bo tla tlisiwa ke tiro eno. * Jehofa o bua ka batho ‘ba ba tswang kgakala’ ba ba ologelang mo phuthegong ya gagwe. Fa a ne a bua le “mosadi” yo gompieno a emelwang ke masalela a batlodiwa ba ba mo lefatsheng, o ne a re: “O tla leba mme o phatsime, mme pelo ya gago e tla roroma e bo e [phophoma], ka gonne mahumo a lewatle a tla tla kwa go wena; dikhumo tsa ditšhaba di tla tla kwa go wena.” (Isa. 60:1, 4, 5, 9) Ruri mafoko ao a boammaaruri! Eleruri gompieno batlhanka ba ga Jehofa ba ba mo diretseng ka lobaka lo loleele, ba phatsima ka boipelo fa ba bona kafa palo ya baboledi ba Bogosi mo dinageng tsa bone e oketsegileng ka gone, go tswa mo bathong ba le mmalwa fela go nna batho ba le diketekete.

Mabaka A go Bo Batlhanka Botlhe ba ga Jehofa ba Tshwanetse go Ipela

16, 17. Lengwe la mabaka a go bo ‘mojadi le morobi ba ipela mmogo’ ke lefe? (Bona le lebokose le le reng, “ Kafa Dipampitshana Tse Pedi di Neng Tsa Ama Dipelo Tsa Batho ba Babedi ka Gone Kwa Amazon.”)

16 O tla gakologelwa gore Jesu o ne a raya baaposetoloi ba gagwe a re: “Morobi o . . . kgetla maungo a botshelo jo bo sa khutleng, gore mojadi le morobi ba tle ba ipele mmogo.” (Joh. 4:36) Re ‘ipela mmogo’ jang mo thobong e e dirwang mo lefatsheng lotlhe? Ka ditsela di le mmalwa. A re sekasekeng di le tharo tsa tsone.

17 Sa ntlha, re ipelela go bona kafa Jehofa a nang le seabe ka gone mo tirong eno. Fa re rera molaetsa wa Bogosi, re a bo re jala peo. (Math. 13:18, 19) Fa re thusa mongwe go nna morutwa wa ga Keresete, re a bo re kgetla maungo. Rotlhe re ipela fela thata fa re bona tsela e e gakgamatsang ya kafa Jehofa a dirang ka gone gore peo ya Bogosi “e tlhoge e bo e golele kwa godimo.” (Mar. 4:27, 28) Dipeo dingwe tse re di gasang di tlhoga moragonyana mme di bo di robiwa ke ba bangwe. Gongwe o ka tswa o ile wa diragalelwa ke se se tshwanang le se se diragaletseng Joan, kgaitsadi wa Mokeresete kwa Boritane yo o neng a kolobediwa dingwaga di le 60 tse di fetileng. O ne a re: “Ke ne ka kopana le batho ba ba neng ba mpolelela gore ke ne ka jala peo mo dipelong tsa bone fa ke ne ke ba rerela dingwaga tse di fetileng. Moragonyana Basupi ba bangwe ba ne ba ithuta Baebele le bone ke sa itse, mme ba ba thusa gore ba nne batlhanka ba ga Jehofa. Ke ipelela gore peo e ke neng ka e jala e ne ya gola mme ya rojwa.”—Bala 1 Bakorintha 3:6, 7.

18. Ke lebaka lefe la go ipela le le umakiwang mo go 1 Bakorintha 3:8?

18 Sa bobedi, re tswelela re le badiri ba ba ipelang fa re nna re gakologetswe mafoko ano a Paulo a ileng a a bua: “Mongwe le mongwe o tla amogela maduo a gagwe go ya ka tiro ya gagwe.” (1 Bakor. 3:8) Maduo a newa go ya ka tiro, e seng go ya ka diphelelo tsa tiro eo. Ruri tlhomamisetso eo e itumedisa ba ba rerang mo tshimong e batho ba yone ba sa kgatlhegeng go le kalo! Mo matlhong a Modimo, Mosupi mongwe le mongwe yo o nnang le seabe ka pelo yotlhe mo tirong ya go jala o ‘ungwa maungo a mantsi,’ ka jalo, o na le lebaka la go ipela.—Joh. 15:8; Math. 13:23.

19. (a) Boporofeti jwa ga Jesu jo bo mo go Mathaio 24:14 bo amana jang le boipelo jwa rona? (b) Ke eng se re tshwanetseng go nna re se gopotse le fa tota re sa atlege mo go direng barutwa?

19 Sa boraro, re a ipela ka gonne tiro ya rona e diragatsa boporofeti. Ela tlhoko kafa Jesu a neng a araba baaposetoloi ba gagwe ka gone fa ba ne ba mmotsa jaana: “Sesupo e tla nna eng sa go nna gone ga gago le sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo?” O ne a ba bolelela gore karolo nngwe ya sesupo seo e ne e tla nna tiro ya go rera mo lefatsheng lotlhe. A o ne a bua ka tiro ya go dira barutwa? Nnyaa. O ne a re: “Dikgang tse di molemo tseno tsa Bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi.” (Math. 24:3, 14) Ka jalo, go rera ka Bogosi—go jala peo—ke gone karolo ya sesupo. Ka gone, fa re ntse re rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi, re nna re gopotse gore le fa tota re sa atlege mo go direng barutwa, re atlega mo go neeleng “bosupi.” * Ee, go sa kgathalesege gore batho ba tsiboga jang, re nna le seabe mo go diragatseng boporofeti jwa ga Jesu e bile re nna le tlotla ya go direla re le “badirimmogo le Modimo.” (1 Bakor. 3:9) Ruri leno ke lebaka la go ipela!

‘Go Tswa Tlhabong ya Letsatsi go ya Phirimong ya Lone’

20, 21. (a) Mafoko a a mo go Malaki 1:11 a ntse a diragadiwa jang? (b) O ikemiseditse go dira eng malebana le tiro ya thobo, mme ka ntlha yang?

20 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Jesu o ne a thusa baaposetoloi ba gagwe go bona gore tiro ya go rera e potlakile. Go tloga ka 1919 go ya pele, Jesu o ne a thusa barutwa ba gagwe ba mo motlheng wa rona go tlhaloganya boammaaruri jono. Batho ba Modimo ba ne ba tsibogela seo ka go oketsa seabe sa bone mo tirong eo. Tota e bile, tiro ya thobo e itshupile gore e ka se thibelwe ke sepe. Fela jaaka moporofeti Malaki a ile a bolelela pele, gompieno tiro ya go rera e dirwa ‘go tswa tlhabong ya letsatsi go ya phirimong ya lone.’ (Mal. 1:11) Ee ruri, go tswa tlhabong ya letsatsi go ya phirimong ya lone—go tswa botlhaba go ya bophirima, go sa kgathalesege gore ba fa kae mo lefatsheng—bajadi le barobi ba bereka mmogo e bile ba ipela mmogo. Le go tswa tlhabong ya letsatsi go ya phirimong ya lone—go tloga mo mosong go fitlha maitseboa, kgotsa letsatsi lotlhe—re bereka re na le boikutlo jwa go potlaka.

21 Gompieno fa re leba kwa morago dingwaga di feta 100 mme re bona kafa setlhopha se sennye sa batlhanka ba Modimo se godileng ka gone go nna “setšhaba se se thata,” eleruri dipelo tsa rona di a ‘roroma di bo di phophoma’ ka boipelo. (Isa. 60:5, 22) E kete boipelo joo le lorato lo re ratang Jehofa ka lone, “Mong wa thobo,” di ka tlhotlheletsa mongwe le mongwe wa rona gore a nne a dire seabe sa gagwe mo go wetseng thobo e kgolo go gaisa!—Luke 10:2.

^ ser. 3 Mafoko a ga Jesu a a buang ka “masimo a masweu” a ka tswa a ne a kaya diaparo tse ditshweu tse ditelele tse di neng di aperwe ke boidiidi jwa Basamarea ba Jesu a neng a ba bona ba tla.

^ ser. 9 Go bona dintlha tse di oketsegileng malebana le dingwaga tseo le masomesome a dingwaga a a neng a latela, re go kgothaletsa gore o bale buka ya Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi Jwa Modimo, mo tsebe 425-520, e e tlhalosang se tiro ya thobo e se fitlheletseng go tloga ka 1919 go fitlha ka 1992.

^ ser. 15 Fa o batla go bona dintlha tse di oketsegileng ka boporofeti jono jo bo nang le dintlha tse di itumedisang, bala buka ya, Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe II, tsebe 303-320.

^ ser. 19 Boammaaruri joo jwa botlhokwa bo ne bo setse bo tlhaloganngwa ke Baithuti ba Baebele ba ntlhantlha. Makasine wa Zion’s Watch Tower wa November 15, 1895, o ne wa re: “Mme fa go ka phuthwa korong e le nnye fela, go ka neelwa bosupi bo le bontsi jo bo malebana le boammaaruri. . . . Botlhe ba ka rera efangele.”