Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 10

Kgosi e Itshekisa Batho ba Yone Semoyeng

Kgosi e Itshekisa Batho ba Yone Semoyeng

SE KGAOLO ENO E TLOTLANG KA SONE

Lebaka la go bo Jesu a ile a itshekisa le go ntlafatsa balatedi ba gagwe semoyeng le kafa a ileng a dira jalo ka gone

1-3. Jesu o ne a dira eng fa a ne a fitlhela tempele e itshepololwa?

JESU o ne a tlotla tempele e e kwa Jerusalema fela thata e re ka a ne a itse se e se emelang. Tempele e ne e sa bolo go nna boremelelo jwa kobamelo ya boammaaruri mo lefatsheng. Mme kobamelo eo—kobamelo ya Modimo yo o boitshepo Jehofa—e tshwanetse go nna phepa le go itsheka. A ko o akanye kafa Jesu a ileng a ikutlwa ka gone fa a ne a goroga kwa tempeleng ka Nisane 10, 33 C.E., mme a fitlhela e itshepololwa. Go ne go diragala eng?—Bala Mathaio 21:12, 13.

2 Mo Lolwapeng lwa Baditšhaba, bagwebi ba ba pelotshetlha le baananyi ba madi ba ne ba tsietsa baobamedi ba ba tlileng go ntshetsa Jehofa ditshupelo. * Jesu o ne a “lelekela kwa ntle botlhe ba ba rekisang le ba ba rekang mo tempeleng, mme a pitikolola ditafole tsa baananyi ba madi.” (Bapisa Nehemia 13:7-9.) O ne a kgalela banna bao ba ba pelotshetlha go bo ba fetotse ntlo ya ga Rraagwe “logaga lwa dinokwane.” Ka go dira jalo, Jesu o ne a bontsha gore o tlotla tempele le se e se emelang. Kobamelo ya ga Rraagwe e ne e tshwanetse go bolokwa e le phepa!

3 Makgolo a dingwaga morago ga moo, fa Jesu a sena go tlhomiwa go nna Kgosi ya Bomesia, o ne a ntlafatsa tempele gape—e e kopanyeletsang botlhe ba gompieno ba batlang go obamela Jehofa ka tsela e a e amogelang. Ka nako eo, o ne a phepafatsa tempele efe?

Go Ntlafatsa “Bomorwa Lefi”

4, 5. (a) Balatedi ba ga Jesu ba ba tloditsweng ba ne ba itshekisiwa le go ntlafadiwa jang go tloga ka 1914 go ya kwa tshimologong ya 1919? (b) A seo e ne e le bokhutlo jwa go itshekisiwa le go ntlafadiwa ga batho ba Modimo? Tlhalosa.

4 Jaaka re bone mo Kgaolo 2 ya buka eno, fa Jesu a sena go tlhomiwa mo setulong sa Bogosi ka 1914, o ne a tla le Rraagwe go tla go tlhatlhoba tempele ya semoya—thulaganyo ya kobamelo e e itshekileng. * Ka ntlha ya go tlhatlhoba moo, Kgosi e ne ya bona gore Bakeresete ba ba tloditsweng, “bomorwa Lefi,” ba ne ba tlhoka go itshekisiwa le go ntlafadiwa. (Mal. 3:1-3) Go tloga ka 1914 go ya kwa tshimologong ya 1919, Jehofa yo e leng Moitshekisi, o ne a letla gore batho ba gagwe ba lebane le diteko le mathata a a farologaneng, gore ba tle ba itsheke le gore ba ntlafale. Se se itumedisang ke gore, batlodiwa bao ba ne ba tswa mo ditekong tseo tsa sekamolelo ba le mo boemong jo bo ntlafaditsweng, ba tshwanelega e bile ba ikemiseditse go ema Kgosi ya Bomesia nokeng!

5 A seo e ne e le bokhutlo jwa go itshekisiwa le go ntlafadiwa ga batho ba Modimo? Nnyaa. Go ralala metlha ya bofelo, Jehofa o ntse a tsweletse a dirisa Kgosi ya Bomesia go thusa balatedi ba gagwe go nna phepa gore ba kgone go nna ba le mo tempeleng ya semoya. Mo dikgaolong tse pedi tse di latelang, re tla bona kafa a ba itshekisitseng ka teng mo boitsholong le mo phuthegong. Mme gone, mma re simololeng ka go sekaseka go ntlafadiwa semoyeng. Go nonotsha tumelo go bona kafa Jesu a dirileng seno ka gone—ka ditsela tse di lemotshegang sentle le ka ditsela tse di sa lemotshegeng—gore a thuse balatedi ba gagwe go nna phepa semoyeng.

“Ipolokeng lo le Phepa”

6. Melao e Jehofa a neng a e naya batshwarwa ba Bajuda, e re thusa jang go tlhaloganya se bophepa jwa semoya bo se akaretsang?

6 Bophepa jwa semoya ke eng? Go araba potso eno, a re sekasekeng mafoko a Jehofa a neng a a bua le batshwarwa ba Bajuda fa ba ne ba tloga ba tswa kwa Babelona mo lekgolong la borataro la dingwaga B.C.E. (Bala Isaia 52:11.) Batshwarwa bao ba ne ba boela gae kwa Jerusalema segolobogolo go ya go aga tempele sesha le go tsosolosa kobamelo ya boammaaruri. (Esera 1:2-4) Jehofa o ne a batla gore batho ba gagwe ba tlogele masalela ape fela a ditumelo tsa kwa Babelona. Ela tlhoko gore o ne a ba naya motseletsele ono wa ditaelo: “Lo se ka lwa ama sepe se se seng phepa,” “tswang mo gare ga gagwe,” “ipolokeng lo le phepa.” Kobamelo e e itshekileng ya ga Jehofa ga e a tshwanela go kgotlelwa ke kobamelo ya maaka. Jaanong re ka swetsa ka go reng? Bophepa jwa semoya bo akaretsa go ikgapa mo dithutong le mo ditlwaelong tsa bodumedi jwa maaka.

7. Jesu o ile a dirisa tsela efe go thusa balatedi ba gagwe go nna phepa semoyeng?

7 Moragonyana fela fa Jesu a sena go tlhongwa go nna Kgosi, o ne a tlhoma thulaganyo e e lemotshegang sentle e ka yone a ileng a thusa balatedi ba gagwe gore ba nne phepa semoyeng. Thulaganyo eo ke motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale, yo Keresete a neng a mo tlhoma ka 1919. (Math. 24:45) Ka ngwaga oo, Baithuti ba Baebele ba ne ba setse ba iintlafaditse ka go tlogela dithuto di le dintsi tsa bodumedi jwa maaka. Le fa go ntse jalo, ba ne ba sa ntse ba tlhoka go tswelela ba ntlafadiwa semoyeng. Ka bonya ka bonya, Keresete o ntse a dirisa motlhanka yo o boikanyego go sedimosetsa balatedi ba gagwe ka meletlo le ditlwaelo tse di farologaneng tse ba neng ba tlhoka go di tlogela. (Dia. 4:18) A re sekasekeng dikai dingwe tsa seno.

A Bakeresete ba Tshwanetse go Keteka Keresemose?

8. Ke eng se Baithuti ba Baebele ba neng ba sa bolo go se itse ka Keresemose, mme ke eng se ba neng ba sa se tlhaloganye sentle?

8 Baithuti ba Baebele ba ne ba sa bolo go itse gore Keresemose e simologile mo boheitaneng le gore Jesu ga a tsholwa ka Sedimonthole 25. Makasine wa Zion’s Watch Tower wa December 1881 o ne wa re: “Batho ba le dimilionemilione ba ile ba tsena kereke ba tswa mo Boheitaneng. Mme se tota se neng se fetogile e ne e le leina fela, ka gonne baperesiti ba baheitane ba ne ba nna baperesiti ba bakeresete le malatsi a boikhutso a boheitane a ne a bidiwa ka maina a bokeresete—Keresemose e ne e le lengwe la malatsi ao a boikhutso.” Ka 1883, setlhogo se se reng, “Jesu o Tshotswe Leng?” se se neng se le mo makasineng wa Watch Tower, se ne sa tlhalosa gore Jesu o ne a tsholwa mo e ka nnang mo tshimologong ya Diphalane. * Le fa go ntse jalo, ka nako eo Baithuti ba Baebele ba ne sa tlhaloganye sentle lebaka la go bo ba tshwanetse go emisa go keteka Keresemose. Tota le maloko a lelapa la Bethele ya kwa Brooklyn a ne a tswelela a e keteka. Mme gone, morago ga 1926 dilo di ne tsa simolola go fetoga. Ka ntlha yang?

9. Baithuti ba Baebele ba ne ba simolola go lemoga eng ka Keresemose?

9 Fa Baithuti ba Baebele ba ntse ba tlhatlhoba kgang eno ka kelotlhoko e bile ba dira dipatlisiso tse di tseneletseng, ba ne ba lemoga gore tshimologo ya Keresemose le ditlwaelo tse di amanang le yone, tota di tlontlolola Modimo. Setlhogo se se neng se le mo makasineng wa The Golden Age wa December 14, 1927, se se reng, “Tshimologo ya Keresemose,” se ne sa tlhalosa gore Keresemose ke moletlo wa boheitane, o o remeletseng mo go ijeseng monate e bile o akaretsa kobamelo ya medingwana. Setlhogo seo se ne sa tlhalosa sentle gore Keresete ga a ise a ko a laele gore Keresemose e ketekiwe mme sa konela jaana ka tlhamalalo: “Lebaka la go bo e tsweletse e anama le go bo go ketekiwa ga yone go rotloediwa ke lefatshe, nama ya rona le Diabolo . . . ke lebaka le le utlwalang sentle la go swetsa ka gore ba ba ineetseng ka botlalo mo tirelong ya ga Jehofa ga ba a tshwanela go e keteka.” Ga go gakgamatse go bo lelapa la Bethele le ile la se ka la keteka Keresemose ka Sedimonthole wa ngwaga oo—le ka motlha ga ba ise ba ko ba tlhole ba e keteka gape!

10. (a) Ke tshedimosetso efe e e neng e tlhalosa ka botlalo se tota Keresemose e se kayang, e e neng ya newa ka Sedimonthole 12, 1928? (Bona le lebokose le le reng, “ Keresemose, Tshimologo le Boikaelelo Jwa Yone.”) (b) Batho ba Modimo ba ne ba tlhagisiwa jang malebana le malatsi a mangwe a boikhutso le meletlo e e tshwanetseng go tilwa? (Bona lebokose le le reng, “ Go Baya mo Pepeneneng Malatsi a Mangwe a Boikhutso le Meletlo e Mengwe.”)

10 Mo ngwageng o o latelang, Baithuti ba Baebele ba ne ba amogela tshedimosetso e e neng e tlhalosa ka botlalo se tota Keresemose e se kayang. Ka Sedimonthole 12, 1928, Mokaulengwe Richard H. Barber yo o neng a direla kwa ntlokgolo, o ne a neela puo mo radiong, e e neng e baya tshimologo ya letsatsi leno la boikhutso mo mpaananeng gore le itshekologile. Batho ba Modimo ba ne ba tsibogela jang kaelo eno e e utlwalang sentle, e e neng e tswa kwa ntlokgolo? Fa Mokaulengwe Charles Brandlein a gopola nako e ene le ba lelapa la gagwe ba neng ba emisa go keteka Keresemose, o ne a re: “A re ne re sa batle go kgaogana le dilo tseo tsa boheitane? Nnyaa, le e seng! . . . Go ne go ntse jaaka e kete re apola seaparo se se leswe re bo re se latlha.” Mokaulengwe Henry A. Cantwell, yo moragonyana a neng a direla e le molebedi wa potologo, le ene o ne a ikutlwa ka tsela e e tshwanang fa a ne a re: “Re ne re itumeletse gore re ile ra kgona go tlogela sengwe e le go bontsha gore re rata Jehofa.” Balatedi ba ga Keresete ba ba ikanyegang ba ne ba iketleeleditse go dira diphetogo tse di tlhokegang le go sa nne le seabe mo moletlong oo, o o neng o theilwe mo kobamelong e e itshekologileng. *Joh. 15:19; 17:14.

11. Re ka bontsha jang gore re ema Kgosi ya Bomesia nokeng?

11 Ruri Baithuti bao ba Baebele ba ba ikanyegang ba re tlhometse sekao se se molemo! Fa re ntse re akanya ka sekao sa bone, go tla bo go le molemo gore re ipotse jaana: ‘Ke leba jang kaelo e re e amogelang go tswa kwa ntlokgolo? A ke e amogela ka botswapelo le go dirisa se ke se ithutang?’ Fa re iketleeletsa go nna kutlo re tla bo re bontsha gore re ema Kgosi ya Bomesia nokeng, e e dirisang motlhanka yo o boikanyego go aba dijo tsa semoya ka nako e e tshwanetseng.—Dit. 16:4, 5.

A Bakeresete ba Tshwanetse go Dirisa Sefapaano?

Letshwao la sefapaano le serwalo (Bona serapa 12 le 13)

12. Baithuti ba Baebele ba feditse dingwaga di le dintsi ba leba sefapaano jang?

12 Baithuti ba Baebele ba feditse dingwaga di le dintsi ba tsaya sefapaano e le letshwao le le amogelesegang la Bokeresete. Mme gone, ba ne ba tlhomamisegile gore sefapaano ga se a tshwanela go obamelwa, ka gonne ba ne ba tlhaloganya gore kobamelo ya medingwana e phoso. (1 Bakor. 10:14; 1 Joh. 5:21) Fa e sa le go simologa ka 1883, makasine wa Watch Tower o ne wa tlhalosa ka tlhamalalo gore “kobamelo yotlhe ya medingwana ke selo se se ferosang sebete mo Modimong.” Le fa go ntse jalo, kwa tshimologong Baithuti ba Baebele ba ne ba sa bone phoso epe ka dikgopolo tsa bone tse di malebana le ditsela tsa go dirisa sefapaano tse ba neng ba akanya gore di siame. Ka sekai, ba ne ba le motlotlo go tsenya letshwao la sefapaano le serwalo go nna betšhe e e ba tlhaolang. Ba ne ba akanya gore letshwao leno le ne le bontsha gore fa ba ka swa ba ikanyega, ba ne ba tla amogela serwalo sa botshelo. Go simologa ka 1891, letshwao la sefapaano le serwalo le ne la simolola go tlhaga mo tsebeng e e ka fa ntle ya makasine wa Watch Tower.

13. Balatedi ba ga Keresete ba ne ba sedimosediwa jang malebana le go dirisiwa ga sefapaano? (Bona le lebokose le le reng, “ Go Sedimosediwa Kgato ka Kgato Malebana le go Dirisiwa ga Sefapaano.”)

13 Baithuti ba Baebele ba ne ba rata letshwao la sefapaano le serwalo fela thata. Le fa go ntse jalo, go simologa kwa bowelong jwa bo1920, balatedi ba ga Keresete ba ne ba nna ba sedimosediwa kgato ka kgato malebana le go dirisiwa ga sefapaano. Fa Mokaulengwe Grant Suiter, yo moragonyana a neng a direla e le leloko la Setlhopha se se Laolang, a gopola kopano e e neng e tshwaretswe kwa Detroit, Michigan, U.S.A. ka 1928, o ne a re: “Kwa kopanong go ne ga tlhalosiwa gore go dirisa matshwao a sefapaano le serwalo ga go tlhokege e bile ga go amogelesege.” Mo dingwageng di le mmalwa tse di neng tsa latela, lesedi le ne la nna la oketsega. Go ne go bonala sentle gore sefapaano ga se a tshwanela go dirisiwa mo kobamelong e e itshekileng e bile e le phepa semoyeng.

14. Batho ba Modimo ba ne ba tsibogela jang lesedi le le neng le oketsega kgato ka kgato le ba neng ba le amogela malebana le sefapaano?

14 Batho ba Modimo ba ne ba tsibogela jang lesedi le le neng le oketsega kgato ka kgato le ba neng ba le amogela malebana le sefapaano? A ba ne ba tswelela ba ngaparetse letshwao la sefapaano le serwalo, le ba neng ba le rata thata? Lela Roberts, yo o sa bolong go direla Jehofa ka dingwaga di le dintsi o ne a re: “Fa re sena go lemoga gore le emela eng, go ne ga nna motlhofo gore re le tlogele.” Kgaitsadi yo mongwe yo o ikanyegang yo o bidiwang Ursula Serenco, o tlhalosa kafa bontsi bo neng bo ikutlwa ka gone fa a re: “Re ne ra simolola go lemoga gore letshwao le re sa bolong go le rata thata re tsaya gore le emela loso lwa Morena wa rona le boineelo jwa rona jwa Bokeresete, tota e ne e le letshwao la boheitane. Go dumalana le Diane 4:18, re ne ra leboga thata ka gonne tsela e ne e ntse sedimoga le go feta.” Balatedi ba ba ikanyegang ba ga Keresete ba ne ba sa batle go nna le seabe mo ditlwaelong tse di itshekologileng tsa bodumedi jwa maaka!

15, 16. Re ka bontsha jang gore re ikemiseditse go boloka malwapa a mo lefatsheng a tempele ya ga Jehofa ya semoya a le phepa?

15 Le rona gompieno re ikemiseditse go dira jalo. Re lemoga gore Keresete o ntse a dirisa thulaganyo e e lemotshegang sentle—motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale—go thusa batho ba gagwe gore ba nne ba le phepa semoyeng. Ka jalo, fa dijo tsa semoya tse re di amogelang di re tlhagisa malebana le meletlo, ditlwaelo kgotsa dingwao tse di kgotletsweng ke bodumedi jwa maaka, re tsaya kgato ka bonako go ikobela tlhagiso eo. Fela jaaka bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba ileng ba tshela mo tshimologong ya go nna gone ga ga Keresete, le rona re ikemiseditse go boloka malwapa a mo lefatsheng a tempele ya ga Jehofa ya semoya a le phepa.

16 Gape, go ralala metlha ya bofelo Keresete o ntse a dirisa ditsela tse di sa lemotshegeng gore a sireletse diphuthego tsa batho ba ga Jehofa mo bathong ba ba ka ba kgotlelang semoyeng. O ntse a dira seo jang? Mma re bone.

Go Ntsha “ba ba Boikepo Mo go Ba ba Siameng”

17, 18. Mo setshwantshong sa letlowa le le gogwang, ke eng se se emelwang ke (a) go digela letlowa le le gogwang kwa tlase, (b) ‘go gogoba ditlhapi tsa mofuta mongwe le mongwe,’ (c) go phuthela ditlhapi tse di siameng mo dijaneng le (d) go latlha ditlhapi tse di neng di sa tshwanela?

17 Kgosi Jesu Keresete o ntse a tlhomile matlho mo diphuthegong tsa batho ba Modimo lefatshe ka bophara. Keresete le baengele ba ntse ba dirisa ditsela tse re sa kgoneng go di lemoga ka botlalo go dira tiro ya go kgaoganya batho. Jesu o ne a tlhalosa tiro eno mo setshwantshong sa gagwe sa letlowa le le gogwang. (Bala Mathaio 13:47-50.) Setshwantsho seno se kaya eng?

Letlowa le le gogwang le emela tiro ya go rera ka Bogosi e e dirwang mo lewatleng lotlhe la batho (Bona serapa 18)

18 Go digela “letlowa le le gogwang . . . kwa tlase mo lewatleng.” Letlowa le le gogwang le emela tiro ya go rera ka Bogosi e e dirwang mo lewatleng lotlhe la batho. ‘Go gogoba ditlhapi tsa mofuta mongwe le mongwe.’ Dikgang tse di molemo di gogela batho ba mefuta yotlhe—ba ba tsayang dikgato tsa go nna Bakeresete ba boammaaruri, mmogo le ba bangwe ba bantsi ba kwa tshimologong ba ka nnang ba bontsha kgatlhego mme ba bo ba sa emele kobamelo e e itshekileng. * Go phuthela “tse di siameng mo dijaneng.” Batho ba ba dipelo di ikanyegang ba phuthelwa mo diphuthegong tse di tshwantshiwang le dijana, kwa ba ka direlang Jehofa kobamelo e e phepa gone. Go latlha ditlhapi “tse di sa tshwanelang.” Go ralala metlha ya bofelo, Keresete le baengele ba ntse ba ntsha “ba ba boikepo mo go ba ba siameng.” * Ka ntlha ya seo, batho ba ba se nang boemo jo bo siameng jwa pelo—ba gongwe ba sa ikemisetsang go tlogela ditumelo le ditlwaelo tse di phoso—ga ba a ka ba letlwa go kgotlela diphuthego. *

19. O ikutlwa jang ka se Keresete a ntseng a se dira go sireletsa bophepa jwa batho ba Modimo le go itsheka ga kobamelo ya boammaaruri?

19 A ga go kgothatse go itse gore Kgosi ya rona Jesu Keresete, o sireletsa ba a ba tlhokometseng? E bile, a ga go gomotse go itse gore tlhagafalo ya gagwe mo kobamelong ya boammaaruri—le mo baobameding ba boammaaruri—e sa ntse e tuka le gompieno fela jaaka fa a ne a phepafatsa tempele mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E.? Ruri re lebogela go bo Keresete a ntse a dira ka natla go sireletsa batho ba Modimo gore ba nne ba le phepa semoyeng le gore kobamelo ya boammaaruri e nne e itshekile! Re ka bontsha gore re ema Kgosi le Bogosi jwa gagwe nokeng ka go tila go ikamanya ka gope le bodumedi jwa maaka.

^ ser. 2 Bajuda ba ba etileng ba ne ba tshwanetse go dirisa madi a a rileng go duela lekgetho la tempele la ngwaga le ngwaga mme baananyi ba madi ba ne ba ba duedisa gore ba ba neye madi a a neng a dirisiwa koo. Mo godimo ga moo, baeti bao ba ka tswa ba ne ba tlhoka go reka diphologolo tse ba tla di ntshang ditshupelo. Jesu a ka tswa a ne a bitsa bagwebi “dinokwane,” ka gonne fa ba direla batho ditirelo, ba ne ba ba duedisa madi a a kwa godimo thata.

^ ser. 4 Batho ba ga Jehofa ba ba mo lefatsheng ba mo obamela mo malwapeng a a mo lefatsheng a tempele ya gagwe e kgolo ya semoya.

^ ser. 8 Setlhogo seno se ne sa tlhalosa gore letlha la mariga le go akanngwang gore Jesu o tshotswe ka lone “ga le tsamaisane le pego ya badisa ba ba neng ba le kwa nageng le matsomane a bone.”—Luke 2:8.

^ ser. 10 Mo lekwalong la November 14, 1927, le Mokaulengwe Frederick W. Franz a neng a le kwala, o ne a re: “Ga re kitla re nna le Keresemose ngwaga ono. Lelapa la Bethele le dirile tshwetso ya gore le ka se tlhole le keteka Keresemose.” Dikgwedi di 9le mmalwa moragonyana, Mokaulengwe Franz o ne a kwala jaana mo lekwalong le lengwe la February 6, 1928: “Kgato ka kgato Morena o re ntlafatsa mo diphosong tsa phuthego ya ga Diabolo ya Sebabelona.”

^ ser. 18 Ka sekai, ela tlhoko gore ka 2013, go ne go na le tlhora ya baboledi ba le 7 965 954 mme batho ba le 19 241 252 ba ne ba nna teng kwa Segopotsong sa ngwaga le ngwaga sa loso lwa ga Keresete.

^ ser. 18 Go ntsha ditlhapi tse di siameng mo go tse di sa tshwanelang ga go tshwane le go kgaoganngwa ga dinku le dipodi. (Math. 25:31-46) Go kgaoganya kgotsa katlholo ya bofelo, ya dinku le dipodi e tla diragala ka nako ya pitlagano e kgolo e e tlang. Go fitlha nako eo e goroga, ba ba tshwanang le ditlhapi tse di sa tshwanelang, ba ka nna ba boela kwa go Jehofa mme ba phuthelwa mo diphuthegong tse di tshwantshiwang le dijana.—Mal. 3:7.

^ ser. 18 Kwa bofelong, tse di sa tshwanelang di tla latlhelwa ka tsela ya tshwantshetso mo bokepisong jo bo tukang, se se kayang gore di tla senngwa mo isagweng.