Di Tlhamilwe ke Mang Pele?
Mo dingwageng tsa bosheng jaana, baitsesaense le baenjeniri ba ile ba letla dimela le diphologolo gore di ba rute ka tsela ya mmatota. (Jobe 12:7, 8) Ba ithuta le go tsaya malebela mo tseleng e dibopiwa tse di farologaneng di dirilweng ka yone, di bopegileng ka yone le mo tseleng e di dirang dilo ka yone mme ba bo ba leka ka natla go tlhama dilo dingwe tse disha le go tokafatsa tse ba setseng ba di dirile. Fa o ntse o sekaseka dikai tse di latelang, ipotse jaana, ‘Tota ke mang yo o tshwanelwang ke go bakwa ka ntlha ya dilo tseno tse di tlhamilweng?’
Go ithuta mo diphukeng tsa leruarua
Batlhami ba difofane ba ka ithuta eng mo leruarueng le legolo le le nang le serota (humpback whale)? Go bonala ba ka ithuta go le gontsi tota. Leruarua leno fa le godile le boima jwa ditone di ka nna 30—boima jo bo lekanang le jwa lori e e tletseng merwalo—mme le na le mmele o o gagametseng le matsogo a e keteng diphuka. Phologolo eno e e boleele jwa dimetara di le 12 e lelemela ka lobelo lo lo gakgamatsang mo metsing.
Selo se se neng sa kgatlha babatlisisi thata ka phologolo eno ke tsela e mmele wa yone o o gagametseng o kgonang go retologela gaufi thata ka yone. Ba ile ba lemoga gore selo se se thusang leruarua leno ke tsela e diphuka tsa lone di bopegileng ka yone. Karolo e e kwa pele ya diphuka tsa lone ga e tshwane le ya sefofane ka gonne yone ga e borethe mme e makwakwapa, e na le mola wa dilo tse e keteng dithurusa.
Fa leruarua leno le ntse le lelemela mo metsing, dithurusa tseno di le thusa gore le kgone go tlhatloga le sa kgorelediwe ke sepe. Jang? Lokwalopaka lwa Natural History lo tlhalosa gore dithurusa tseno di thusa gore tota le fa leruarua leno le tlhatloga le tswa mo metsing le tsepaletse, metsi a elele fela mo go tsone a sa le kgoreletse.10
Ke mang yo o nang le laesense ya dilo tsa tlhago?
Dilo tseno tse baitsesaense ba di lemogileng di ka dirisiwa jang? Go bonala diphuka tsa sefofane tse di dirwang go latelwa tsela e diphuka tsa leruarua leno di bopegileng ka yone, di se kitla di tlhoka difetlhamowa di le dintsi kgotsa didirisiwa tse dingwe go se thusa go laola moya fa se le mo lefaufaung. Diphuka tsa mofuta oo di ka sireletsa sefofane mme go ka nna motlhofo go di tlhokomela. Mankge mongwe yo o ithutileng tsela e mesifa e dirang ka yone mo mmeleng e bong John Long o dumela gore letsatsi lengwe mo isagweng “re ka nna ra feleletsa re bona sefofane sengwe le sengwe se se pegang batho se na le dithurusa tse di tshwanang le tsa diphuka tsa leruarua le legolo la humpback.”11
Go etsa diphuka tsa nonyane ya metsi (seagull)
Ke boammaaruri gore diphuka tsa difofane di dirilwe gore di tshwane le diphuka tsa dinonyane. Le fa go ntse jalo, bosheng jaana baenjeniri ba bone sengwe se sesha se ba ka tsayang malebela mo go sone fa ba dira sefofane. Makasine wa New Scientist o bega jaana: “Babatlisisi ba kwa Yunibesithing ya Florida ba dirile sefofane sa ntlhantlha se se laolwang ka motšhine se se tshwanang le nonyane ya metsi e e kgonang go ema felo go le gongwe mo phefong, go fofela kwa tlase ka bonako le go tlhatloga ka bofefo.”12
Dinonyane tsa metsi di dira dilo tseno tse di kgatlhang ka go oba diphuka tsa tsone mo sekgonong le mo ditokololong tsa magetla. Makasine ono o tlhalosa gore “sefofane seno sa di-inch di le 24 [disentimetara di le 61] se dirisa enjene e nnye go laola ditshipi di le mmalwa tse di tsamaisang diphuka.” Diphuka tseno tse di dirilweng ka matsetseleko di dira gore sefofane seno se sennye se kgone go fofa mo gare ga dikago tse di goletseng kwa godimo. Badiri bangwe ba mo sesoleng ba batla go dira sefofane se se ntseng jalo se se kgonang go laolwa motlhofo gore ba se dirise fa ba senka dibetsa tsa dikhemikale kgotsa tse di dirilweng ka megare mo ditoropong tse dikgolo.
Go etsa leoto la nonyane ya metsi
Nonyane ya metsi ga e gatsele le fa e eme mo godimo ga aese. Mmele wa yone o kgona jang go nna o ntse o thuthafetse? Sengwe se se e thusang ke thulaganyo e e kgatlhang ya go laola mogote e diphologolo di le dintsi tse di fitlhelwang mo mafelong a a tsididi thata di nang le yone.
Thulaganyo eno e bereka jang? Go tlhaloganya se re buang ka sone, akanya ka diphaepe tse pedi tsa metsi tse di bofeletsweng mmogo. Phaepe e nngwe e tsamaisa metsi a a tsididi fa e nngwe e tsamaisa metsi a a fisang. Fa metsi a a mo diphaepeng tseno a ne a ka elelela ntlheng e le nngwe, bontlhanngwe jwa mogote o o tswang mo metsing a a fisang bo ne bo tla fetela mo metsing a a tsididi. Mme fa metsi ano a ne a ka elelela dintlheng tse di sa tshwaneng, mo e ka nnang mogote otlhe wa metsi a a fisang o ne o tla fetela mo metsing a a tsididi.
Fa nonyane ya metsi e eme mo godimo ga aese, selaolamogote se se mo maotong a yone se gotetsa madi a a tswang kwa maotong a yone a a tsididi. Selaolamogote se dira gore mmele wa nonyane eno o nne o thuthafetse e bile se thusa gore mogote o o mo maotong a yone o se ka wa fela. Moenjeniri mongwe wa metšhine le difofane e bong Arthur P. Fraas, o ne a tlhalosa thulaganyo eno a re ke “nngwe ya dithulaganyo tse di atlegileng thata mo lefatsheng tsa go laola mogote.”13 Thulaganyo eno e atlegile tota mo baenjeniri ba neng ba tsaya malebela mo go yone.
Ke mang yo o tshwanelwang ke go tlotlomadiwa?
Go ntse go le jalo, setheo sa National Aeronautics and Space Administration se ntse se tshwaragane le go dira roboto e e nang le maoto a le mantsi e e tsamayang jaaka phepheng, mme baenjeniri ba kwa Finland ba setse ba dirile terekere e e nang le maotwana a le marataro e e kgonang go palama dilo fela jaaka tshenekegi e kgolo e dira. Khampani nngwe ya dikoloi e tlhama koloi e e sa tlhokeng go dirisa maatla a mantsi e e tlhamilweng jaaka tlhapi ya boxfish. Mme babatlisisi ba bangwe ba leka go bona tsela e kgapetla ya tlhapi ya abalone e e sireletsang ka yone, e le gore ba kgone go dira seaparo se se sireletsang mmele se se motlhoswana, mme se le thata.
Tlhago e na le dilo di le dintsi thata tse go tserweng malebela mo go tsone mo babatlisisi ba ileng ba dira lenaane la dithulaganyo tse di farologaneng tsa kafa ditshedi di dirang ka gone mme lenaane leo le setse le na le dithulaganyo tseo di le diketekete. Makasine wa The Economist wa re baitsesaense ba ka kgona go dira dipatlisiso mo lenaaneng leno go bona “tsela e dilo tsa tlhago di ntseng ka yone fa ba na le bothata jwa go tlhama sengwe.” Dithulaganyo tsa dilo tsa tlhago tse di mo lenaaneng leno di bidiwa laesense ya dilo tsa tlhago. Gantsi motho kgotsa khampani e e tlileng ka kgopolo e ntšha kgotsa motšhine o mosha e bo e o kwadisa semolao, ke yone go ka tweng e na le laesense ya one. Fa makasine wa The Economist o bua ka lenaane leno, le e leng laesense ya dilo tsa tlhago, wa re: “Fa babatlisisi ba bitsa tshedimosetso eno e e tlhalosang malebela a a tserweng mo dilong tsa tlhago ba re ke ‘laesense ya dilo tsa tlhago,’ tota ba gatelela ntlha ya gore tlhago ke yone e tshwereng laesense eno.”14
Go tlile jang gore tlhago e nne le dilo tse di kgatlhang jaana? Babatlisisi ba le bantsi ba ka nna ba re dilo tseno tse di kgatlhang tsa tlhago di nnile gone ka go iphetogela ga ditshedi go nna tse dingwe go go ileng ga direga ka dingwaga di le dimilionemilione. Le fa go ntse jalo, babatlisisi ba bangwe bone ba na le kgopolo e e sa tshwaneng le eno. Mankge yo o ithutang ka ditshedi tse dinnye e bong Michael J. Behe o ne a kwala jaana mo The New York Times ya February 7, 2005: “Dilo tse di bontshang sentle gore dilo tsa tlhago di tlhamilwe di dira gore motho a tlhatswege pelo ka seno: fa go na le bosupi jo bo lekaneng go tshegetsa kgang e e rileng mme go se na jo bongwe jo bo e ganetsang, ga go tlhokege jo bongwe gape jo bo oketsegileng.” O ne a kaya 15
eng? “Fa go bonala sentle gore selo se tlhamilwe, ga re a tshwanela go ganetsa seo.”Ga go pelaelo gore moenjeniri yo o tlhamileng lefuka la sefofane le le thusang gore se babalesege mme se kgone go fofa sentle, o tshwanetse go tlotlwa ka ntlha ya se a se dirileng. Ka tsela e e tshwanang, motlhami yo o kgonang go dira koloi e e sa tlhokeng go dirisa maatla a mantsi kgotsa motšhine o o botoka, o tshwanelwa ke go bakwa ka ntlha ya se a se tlhamileng. Tota e bile, motlhami yo o kopisang selo se se dirilweng ke motho yo mongwe mme a bo a sa bolele gore o kopisitse selo seo mo mothong yoo, a ka tsewa e le sekebekwa.
Jaanong akanya ka dintlha tseno: Babatlisisi ba ba rutegileng thata ba dirisa tsela e e sa raraanang ya go tsaya malebela mo dithulaganyong tsa tlhago gore ba rarabolole dilo tse di raraaneng tsa boenjeniri. Mme bangwe ba ka nna ba re ga go ope yo o ileng a nna le botlhale jwa go tlhama dilo tsa ntlhantlha tse go tserweng malebela mo go tsone ka gonne ditshedi di ile tsa iphetogela ka botsone go nna tse dingwe. A o akanya gore seo se a utlwala? Fa e le gore go tlhoka motlhami yo o botlhale gore a tseye malebela mo sengweng, a selo se a tsereng malebela mo go sone se ne se sa tlhoke motlhami yo o botlhale? Totatota ke mang yo o tshwanelwang ke go tlotlomadiwa thata, a ke moenjeniri wa setswerere kgotsa ke maithutwane yo o tsereng malebela mo go se moenjeniri yono a se dirileng?
Tshwetso e e utlwalang sentle
Batho ba le bantsi fa ba sena go sekaseka bosupi jwa gore dilo tsa tlhago di tlhamilwe, ba bua mafoko a a tshwanang le a a neng a buiwa ke mokwadi wa Baebele e bong Paulo fa a ne a re: “Dinonofo tse di sa bonaleng tsa [Modimo] di bonwa sentle mo popong ya lefatshe go ya pele, ka gonne di lemogiwa ka dilo tse di dirilweng, e leng maatla a gagwe a a sa feleng le Bomodimo.”—Baroma 1:19, 20.