Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dintlhakgolo Tsa Ngwaga o o Fetileng

Dintlhakgolo Tsa Ngwaga o o Fetileng

Jehofa Modimo o ile a bolelela pele jaana ka moporofeti Isaia: “Mo boemong jwa kgotlho ke tla tlisa gouta, mme mo boemong jwa tshipi ke tla tlisa selefera, mme mo boemong jwa logong, kgotlho, mme mo boemong jwa maje, tshipi.” (Isa. 60:17) Mo ngwageng o o fetileng, re bone bosupi jo bo phepafetseng jwa gore boporofeti jono bo sa ntse bo diragadiwa. Fela jaaka go dirisiwa didirisiwa tsa boleng jo bo kwa godimo mo boemong jwa tsa boleng jo bo kwa tlase go tlhabolola dilo, Basupi ba ga Jehofa le bone ba ile ba tlhabolola dithulaganyo tsa bone tsa phuthego mo motlheng ono wa bofelo.—Math. 24:3.

MO KAROLONG ENO

Tiro e Gatetse Pele Kwa Warwick

Bona gore bakaulengwe ba itumela jang fa ba direla kwa ntlokgolong e ntšha ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa.

Lefapha la Lefatshe Lotlhe la go Tlhama Dipolane Le la Go Aga

Lefapha leno le lesha le na le tiro e ntsi ya go akofisa diporojeke tsa kago di feta 13 000.

Baebele e e Diretsweng go Nnela Ruri

Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo e e tlhabolotsweng ya 2013 ya Seesemane e a kgatlha e bile e diretswe go nnela ruri.

Pokano e Kgolo go Gaisa Tsotlhe Tsa Basupi ba ga Jehofa

Batho ba le bantsi ba ne ba nna gone kwa pokanong ya bo129 ya Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania.

Lekala la Sri Lanka le a Neelwa

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba kgona go bonana le go utlwana ka bidio.

Pego ya Tsa Molao

Basupi ba ga Jehofa ba sa ntse ba lwela tshwanelo ya bone ya kgololesego ya go obamela.

Dipego—Dikgang go Tswa mo Lefatsheng Lotlhe

Ke eng se se dirileng gore basetsanyana ba kwa Georgia ba ntshe moneelo ka madi a ba neng ba batla go reka founo ka one?

“Re Bone Dilo Tse di sa Tlwaelegang”

Re ka bapisa jang ditiragalo tsa motlha ono le dikgakgamatso tsa ga Jesu?