Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

DOMINICAN REPUBLIC

Isagwe e e Itumedisang

Isagwe e e Itumedisang

Leina le Lentle

Basupi ba ga Jehofa ba na le dingwaga di ka nna 70 ba le mo Dominican Republic, mme ba itiretse leina le lentle. Gantsi batho ke bone ba ikopelang dikgatiso mo baboleding fa ba le mo bodireding e bile go tlwaelegile go utlwa batho ba re: “Ke rata kereke ya lona” kgotsa “Waitse lo tshela go ya ka Baebele.”

Akanya ka se se neng sa direga fa mokaulengwe mongwe a ne a aba setsha sa gagwe gore go agelwe Holo ya Bogosi mo go sone. Fa mokaulengwe a ne a ya go kwadisa holo, o ne a fitlhela gore go na le mongwe yo o e kwadisitseng ka bonokwane mme motho yoo o ne a latofatsa mokaulengwe ka gore o batla go mo tseela setsha. Ba ne ba isa kgang ya bone kwa kgotlatshekelong. Kgetsi eno e ne e akabatsa ka gonne molatofatsi o ne a na le ditlankana tse di bontshang gore setsha seo ke sa gagwe.

Fa tsheko e ntse e tsweletse, moatlhodi o ne a kopa mmueledi gore a tlhalose sentle gore tota o emetse mang. Fa mmueledi a tlhalosa gore o emetse Basupi ba ga Jehofa, moatlhodi o ne a re: “Fa e le gore go ntse jalo, go raya gore ga lo tlhoke go sekisiwa. Ke itse Basupi ba ga Jehofa e bile ke itse sentle gore ba a ikanyega. Ga ba ka ke ba leka go tsietsa motho kgotsa go tsaya selo se e seng sa bone.”

Bosupi bo ne bo bontsha sentle gore molatofatsi o ne a dirisitse ditlankana tse e seng tsone mme Basupi ba ne ba fenya kgetsi eo. Mmueledi yo e leng Mosupi o ne a re: “Kgetsi eno e tshwana fela le tse dingwe tsa Basupi. Nako le nako fa ba na le kgetsi mo Dominican Republic, gantsi ba tshwarwa ka tsela e e bontshang go ba tlotla.”

Isagwe ya Dominican Republic

Go tla bonala fa nako e ntse e tsamaya gore ke batho ba le kae ba ba tla amogelang boammaaruri. Gone jaanong go dirwa maiteko a go rerela batho botlhe. Ka sekai, ka 2013 Basupi ba ga Jehofa mo Dominican Republic ba feditse diura di feta dimilione di le 11 ba rerela batho e bile ba tshwara dithuto tsa Baebele di le 71 922. Go ne go kgothatsa go bona gore baboledi ba le 9 776 ba ne ba tsaya bobulatsela. Mo go one ngwaga oo ka August, go ne go na le baboledi ba le 35 331 ba ba rerang dikgang tse di molemo. Mo godimo ga moo, go lebega palo eno e tla oketsega ka gonne batho ba le 127 716 ba ne ba nna gone kwa Segopotsong.

Tiro ya go rera le go dira barutwa mo Dominican Republic e nnile namane e tona ya tiro fa e sa le Lennart le Virginia Johnson ba simolola go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi ka Sontaga sa April, 1945. Basupi ba ga Jehofa mo Dominican Republic ba ipelela boswa jwa go itse boammaaruri. Ba anaanela bopelokgale jwa baobamedi ba ga Jehofa ba ba neng ba intsha setlhabelo mo nakong e e fetileng. Mme se se ba itumedisang le go feta ke tshiamelo ya go “naya bosupi ka botlalo kaga bogosi jwa Modimo.” (Dit. 28:23) Ba gakaletse go bona letsatsi le ka lone batho botlhe mo setlhaketlhakeng seno ba tla bong ba opela mmogo le bakaulengwe ba bangwe mo lefatsheng lotlhe ba re: “Jehofa e setse e le kgosi! A lefatshe le ipele. A ditlhaketlhake tse dintsi di ipele.”—Pesalema 97:1.