Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

DOMINICAN REPUBLIC

Kereke ya Katoliki le Trujillo

Kereke ya Katoliki le Trujillo

KEREKE ya Katoliki e ne e na le kamano e e ntseng jang le Trujillo? Mosekaseki wa dipolotiki o ne a re: “Go tloga ka 1930 go fitlha ka 1961 Trujillo a ntse a busa, Kereke e ne e dirisana le puso ya Dominican Republic; mmusaesi yono o ne a rata Kereke mme yone e ne e tshegetsa puso ya gagwe.”

Ka 1954, Trujillo o ne a ya Roma mme a saena tumalano le Mopapa. Germán Ornes, yo Trujillo a kileng a bo a mo tshepa, o ne a kwala jaana: “E re ka Kereke ya Dominican e ne e eme Trujillo nokeng, [tumalano] eno e ile ya tshegetsa ‘Kgosi’ [Trujillo] fela thata. Go ne go na le baruti ba ba neng ba eteletswe pele ke Bobishopo ba bagolo, Ricardo Pittini le Octavio Beras. Baruti bano ke bangwe ba batho ba ba neng ba dirisiwa ke puso go anamisa maaka.”

Ornes o ne a tlhalosa jaana: “Mopapa o ne a dirisa tshono nngwe le nngwe go romelela Trujillo ditumediso. . . . Mokadinale Francis Spellman, moemedi yo o kgethegileng wa Mopapa, o ne a goroga ka molaetsa o o lorato kwa Kongereseng ya Catholic Culture ya 1956, e e neng e tshwaretswe kwa Ciudad Trujillo ka thotloetso ya ga [Trujillo]. Mokadinale Spellman o ne a tla a tswa New York mme a amogelwa ke Molaodimogolo wa Sesole [Trujillo] ka sebele. Letsatsi le le latelang, lokwalodikgang lwa Dominican lo ne lwa tlhagisa ditshwantsho tsa bone ba tlamparelane ka boitumelo.”

Ka 1960, makasine wa Time o ne wa bega jaana: “Trujillo o ntse a dirisana sentle le kereke go fitlha jaanong. Bishopomogolo Ricardo Pittini, moruti yo o okametseng dinaga tsa Amerika, yo o nang le dingwaga di le 83 e bile a foufetse, o ne a saena lekwalo le le yang New York Times dingwaga tse nnè tse di fetileng a galaletsa Trujillo ka go re ke ‘“mmusaesi” yo o rategang e bile a tlotlega mo bathong ba gagwe.’”

Le fa go ntse jalo, fa maemo a sepolotiki a ntse a fetoga, Kereke ya Katoliki e ne ya simolola go fetola mogopolo ka puso ya ga Trujillo morago ga dingwaga di le masome a mararo e ntse e mo eme nokeng. Mosekaseki wa dipolotiki o ne a re: “Batho ba le bantsi ba ne ba simolola go kgala puso ya bobusaesi e bile ba leka go dira gore go nne le puso ya temokerasi, mme seno se ne sa pateletsa Kereke gore e simolole go akanya sentle ka botsala jwa yone le Trujillo.”

Kgabagare ka 2011, Kereke e ne ya patelesega go kopa maitshwarelo mo bathong ba Dominican. Lokwalodikgang lwa Dominican Today lo ne lwa nopola lekwalo le le kwaletsweng baruti jaana: ‘Re dirile diphoso di le dintsi mme gape ga re a ka ra dira dilo go ya ka se re se dumelang le go ya ka maikarabelo a rona. Ka jalo, re kopa gore Ba-Dominican botlhe ba re inele diatla metsing.’