Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2017

Bala ka ditiro tsa Basupi ba ga Jehofa tsa lefatshe lotlhe le hisitori ya tiro ya bone ya kwa Georgia.

Lekwalo le le Tswang Kwa Setlhopheng se se Laolang

Setlhopha se se Laolang se tlhalosa gore se rata e bile se leboga Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe.

Go Tlhoma Mogopolo mo Tirong ya go Rera mo Lefatsheng Lotlhe

Batho ba e neng e le maloko a Bethele ba dirile diphetogo dife gore ba tlwaelane le maemo a bone a masha mo tshimong?

“Lo Baagelani ba ba Molemo Tota”

Ka May 7 le 8, 2016, thulaganyo ya go bontsha batho hisitori ya ditshwantsho tsa Dibaebele e ne ya neela bosupi mo bathong ba ba neng ba tlile go bona dikago tsa Bethele kwa Brooklyn.

Pokano e Ntšha ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona

Ka January 2016, go ne ga dirwa tsela e ntšha ya go tshwara dipokano tsa mo gare ga beke mo lefatsheng lotlhe.

JW Broadcasting ‘E a Re Nonotsha Le go Re Lapolosa!’

JW Broadcasting e ne ya simolola go gasiwa ka 2014 mme gone jaanong e gasiwa ka dipuo di feta 90. Batho ba ba e lebelelang ba ikutlwa jang ka yone?

Go Neelwa ga Diofisi Tsa Makala

Dithulaganyo tsa go neela makala a masha kwa Armenia le Kyrgyzstan di ne tsa itumedisa Basupi ba koo.

Pego ya Tsa Molao ya 2016

Basupi ba ile ba lebana le dikgang dife tsa molao ka 2016?

Dipego—Dikgang go Tswa mo Lefatsheng Lotlhe

Dipego tsa dikgang ka tiro ya Basupi ba ga Jehofa kwa Jeremane, Belize, Burundi, Nepal, Italy, Argentina, Uganda, Congo (Kinshasa) le Papua New Guinea.

Afrika

Bala maitemogelo a Basupi le dintlhakgolo tsa tiro ya go ruta Baebele e e dirwang ke Basupi ba ga Jehofa ba kwa Ghana, Guinea-Bissau, Liberia, Malawi, Togo le Sierra Leone.

Dinaga Tsa Amerika

Maitemogelo a kwa Brazil, Haiti, Mexico, United States le Venezuela.

Asia le Botlhabagare

Dintlhakgolo tsa kwa Hong Kong, Mongolia, ditlhaketlhake tsa Philippines le Sri Lanka.

Yuropa

Bala maitemogelo a kwa Azerbaijan, Britain, Bulgaria, Georgia, Denmark, Hungary, Norway le Ukraine.

Oceania

Dintlhakgolo le maitemogelo a kwa Australia, Guam, New Caledonia, Papua New Guinea le Timor-Leste.

Tlhaloso e Khutshwane ka Georgia

Bala dintlha ka bokhutshwane ka batho, dingwao le puo ya kwa Georgia.

Batho ba Ntlha go Batla Boammaaruri

Batho ba ba neng ba ithuta boammaaruri kwa mafelong a mangwe ba ne ba tla kwa Georgia mme ba anamisa molaetsa wa Bogosi.

Dipokano di Thusa Botlhe go Nonotsha Tumelo ya Bone

Dipokano tsa Bakeresete le dikgatiso tsa Se-Georgia di thusitse batho ba le bantsi jang?

Ke ne Ke Batla go Fetola Botshelo Jwa Me

Fa Davit Samkharadze a sena go wetsa tirelo ya gagwe kwa bosoleng, o ne a kopa Modimo gore a mo thuse go fetola botshelo jwa gagwe. Letsatsi le le latelang o ne a kopana le Basupi ba ga Jehofa.

Ke ne Ka Kopa Jehofa Gore a Nkaele

Tamazi Biblaia o ne a kopa Modimo gore a mo kaele pele a fudugela kwa Jvari.

“Mo Modimong Dilo Tsotlhe di a Kgonega”

Natela o ne a lebana le seemo se se thata fa a ne a thusa Basupi mo tirong ya go gatisa dikgatiso tsa Baebele kwa Georgia.

Baebele ya Se-Georgia

Mekwalo ya Baebele ya Se-Georgia sa bogologolo ya lekgolo la botlhano la dingwaga.

“Modimo O ne A Nna a Godisa.”—1 Bakor. 3:6.

Fa Georgia e nna naga e e ikemetseng, palo ya Basupi ba ga Jehofa e ne ya simolola go gola.

Badisa ba ba Lorato ba Thapisa Dinku Tsa Modimo

Fa puso ya Bokomonisi e sena go phutlhama, Basupi ba ile ba rulaganya jang dipokano, dikopano le tiro ya go ranola dikgatiso tsa Baebele?

Monna Wa me O ne A sa Kgone go e Baya fa Fatshe!

Badri Kopaliani o ne a tlhagafaletse go bala Baebele mo a neng a tsaya malatsi kwa tirong gore a e bale yotlhe.

Lo Ntse lo le Kae?

Morago ga ngwaga Artur Gerekhelia a sena go kolobediwa, o ne a fudugela kwa go nang le tlhokego ya baboledi gone.

Ke ne Ke Ikutlwa ke Atlegile

Madona Kankia e ne e le leloko le le itsegeng thata la Mokgatlho wa Bakomonise mme o ne a tlhopha tiro e sele.

Lorato Ga lo Ke lo Fela

Igor Ochigava le Gizo Narmania ba ne ba thusa Basupi ba bangwe ka nako ya ntwa ya kwa Abkhazia.

Ke ne Ka Iponela Ka a Me Matlho!

Pepo Devidze o ne a latela melao le dingwao tsa kereke ya Orthodox ya kwa Georgia. Mmaagwe o ne a mo raya a re: ‘Ya go ikutlwela gore Basupi ba ruta eng.’

Go Segofadiwa ‘ka Paka e e Dumelang le ka Paka ya Matshwenyego.’—2 Tim. 4:2.

Palo ya Basupi e ne ya oketsega mme ba ne ba simolola go bogisiwa.

Go Tshosediwa Ga go A Dira Gore ba Emise go Direla Jehofa

Batho ba kwa Georgia ba ile ba tsiboga jang fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tlhaselwa?

Jono ke ‘Boswa Jwa Batlhanka ba ga Jehofa.’—Isa. 54:17.

Jehofa o segofatsa baboledi ba ba yang go rera kwa go tlhokegang baboledi gone.

Ba ne Ba Gakologelwa Mmopi wa Bone yo Mogolo

Babulatsela ba le mmalwa ba kwa Georgia ba na le dingwaga di le 25 go ya kwa tlase.

Batho ba ba Buang Se-Kurd ba Ithuta Baebele

Batho ba ba ratang Modimo ba itumelela go ithuta Baebele ka puo e ba e antseng.

Lorato ga lo Palelwa ke Sepe

Basadibagolo ba babedi ba bontshiwa lorato ke bakaulengwe ba bone.

Dingwaga di le Lekgolo Tse di Fetileng—1917

Mo Baithuting ba Baebele, 1917 e ne e le ngwaga wa go lekwa le go feferwa. Ba ba ikanyegang ba ne ba dira ditiro tsa Bogosi le fa go ne go le thata.

Dipalogotlhe Tsa 2016

Pego eno e re naya tshedimosetso ka ditiro tsa Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ka ngwaga wa 2016.

Pego ya Ngwaga wa Tirelo wa 2016 ya Basupi ba ga Jehofa mo Lefatsheng Lotlhe

Pego eno e akaretsa palo ya maloko, makala, dinaga, ba ba nnileng gone kwa Segopotsong le tse dingwe.