Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ntlokgolo ya Lefatshe Lotlhe ya Kwa Warwick, NY

Dintlhakgolo Tsa Ngwaga o o Fetileng

Dintlhakgolo Tsa Ngwaga o o Fetileng

FA GO ntse go direga dilo tse di bosula mo lefatsheng leno la ga Satane, baobamedi ba ga Jehofa bone ba nna ba “na le mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena.” (1 Bakor. 15:58) Dipego tse di latelang di bontsha kafa Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba bontshang ka gone gore ba ‘ikanya Jehofa . . . ba dira molemo . . . , mme ba dira ka boikanyegi.’—Pes. 37:3.

Go Fudusiwa ga Ntlokgolo le Lelapa la Bethele

Go okediwa ga dikago kwa Wallkill, New York, go ne ga wediwa ka February 1, 2016, mme seno se ne sa dira gore go fudusiwe Komiti ya Lekala la United States, Lefapha la Tirelo le mafapha a mangwe a lekala la United States go ya kwa lefelong leno. Mme e re ka tiro ya go aga ntlokgolo e ntšha kwa Warwick e tloga e fela, lelapa la Bethele la kwa Brooklyn le tshwaragane le namane e tona ya tiro ya go fudugela mo lefelong leno.

Go simologa ka Mantaga April 3, 2017, batho ba ka kgona go etela Warwick. Go tla bo go na le dikarolo tse tharo tse batho ba ka itsamaisang kwa go tsone le karolo e le nngwe e ba tla tsamaisiwang ke mongwe kwa go yone.

  1. “Baebele le Leina la Modimo,” ke karolo e e nang le Dibaebele tsa bogologolo le e e bontshang gore leina la Modimo le teng mo Baebeleng.

  2. “Batho ba Leina la ga Jehofa,” ke karolo e e bontshang ditshwantsho tsa hisitori ya Basupi ba ga Jehofa, mme ditshwantsho tseo di bontsha kafa Jehofa a ileng a kaela, a ruta le go rulaganya batho ba gagwe ka gone gore ba dire thato ya gagwe.

  3. “Ntlokgolo ya Lefatshe Lotlhe—Tumelo ka Ditiro,” ke karolo e e tlhalosang se dikomiti tsa Setlhopha se se Laolang di se dirang go thusa batho ba ga Jehofa gore ba kopane mmogo, ba dire batho barutwa, ba ithute le gore ba ratane.

Batho ba ka kgona go ya kwa dikarolong tse ba itsamaisang mo go tsone go tloga ka Mantaga go ya go Labotlhano ka nako ya 8:00 a.m. go ya go 4:00 p.m. Gape go na le karolo e e tsayang metsotso e le 20 e mo go yone go nang le mongwe yo o tla tsamaisang batho mme a ba bontsha Diofisi, Dikago Tsa Ditirelo le Warwick. Karolo eno e e khutshwane e tla bo e le gone go simologa ka Mantaga go ya go Labotlhano ka nako ya 8:00 a.m. go ya go 11:00 a.m. le ka 1:00 p.m. go ya go 4:00 p.m.

Pele ga o rulaganyetsa go etela Warwick, tsweetswee tsena mo jw.org mme o lebe mo KA GA RONA > DIOFISI & MAETO > United States.

MO KAROLONG ENO

Go Tlhoma Mogopolo mo Tirong ya go Rera mo Lefatsheng Lotlhe

Batho ba e neng e le maloko a Bethele ba dirile diphetogo dife gore ba tlwaelane le maemo a bone a masha mo tshimong?

“Lo Baagelani ba ba Molemo Tota”

Ka May 7 le 8, 2016, thulaganyo ya go bontsha batho hisitori ya ditshwantsho tsa Dibaebele e ne ya neela bosupi mo bathong ba ba neng ba tlile go bona dikago tsa Bethele kwa Brooklyn.

Pokano e Ntšha ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona

Ka January 2016, go ne ga dirwa tsela e ntšha ya go tshwara dipokano tsa mo gare ga beke mo lefatsheng lotlhe.

JW Broadcasting ‘E a Re Nonotsha Le go Re Lapolosa!’

JW Broadcasting e ne ya simolola go gasiwa ka 2014 mme gone jaanong e gasiwa ka dipuo di feta 90. Batho ba ba e lebelelang ba ikutlwa jang ka yone?

Go Neelwa ga Diofisi Tsa Makala

Dithulaganyo tsa go neela makala a masha kwa Armenia le Kyrgyzstan di ne tsa itumedisa Basupi ba koo.

Pego ya Tsa Molao ya 2016

Basupi ba ile ba lebana le dikgang dife tsa molao ka 2016?

Dipego—Dikgang go Tswa mo Lefatsheng Lotlhe

Dipego tsa dikgang ka tiro ya Basupi ba ga Jehofa kwa Jeremane, Belize, Burundi, Nepal, Italy, Argentina, Uganda, Congo (Kinshasa) le Papua New Guinea.