Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

DINTLHAKGOLO TSA NGWAGA O O FETILENG

“Lo Baagelani ba ba Molemo Tota”

“Lo Baagelani ba ba Molemo Tota”

KA May 7 le 8 2016, batho ba ba neng ba le mo lefelong la go amogela baeng kwa ntlokgolo ya lefatshe lotlhe e e kwa 25 Columbia Heights, Brooklyn, New York, ba ne ba swegaswega pelo. Le fa gone ka mafelobeke go sa ke go amogelwa baeng gore ba bontshiwe kago eo, mo malatsing ano a mabedi, batho ba ba nnang mo kgaolong eo ba ne ba laleditswe go tla go bona ditshwantsho tsa rona tsa hisitori ya Dibaebele.

Letsholo la go laletsa batho le ne la dira gore batho ba le bantsi ba kgone go lalediwa e bile batho ba ba neng ba na le seabe mo go lone, ba ne ba le itumelela tota. Go ne go itumedisa tota go utlwa baagelani ba rona ba bua dilo tse di molemo ka rona.

Monna mongwe o ne a re: “Fa e sa le go tloga ka bo1960, ke ile ka nna mo magaeng a a farologaneng [gaufi le Bethele] mme lo gaisa baagelani botlhe ba nkileng ka nna le bone. Re tlile go lo gopola fela thata, mme re eletsa e kete lo ka bo lo sa fuduge.”

Mosadi mongwe o ne a re: “Lefelo leno le ka bo le sa tlhabologa thata jaana fa lo ka bo lo seyo. Ruri re lebogela go bo lo ile lwa nna baagelani ba rona mo dingwageng tseno tsotlhe.”

Babulatsela ba le bantsi ba ba neng ba laletsa batho ba mo lefelong leo ba ne ba kgatlhiwa ke gore batho ba koo ba ne ba le botsalano e bile ba ba amogela. Monna mongwe yo o dirisanang le mokgatlho wa batho ba ba nnang mo lefelong leno o ne a re o leboga phuthego ya rona fela thata le gore o maswabi gore ga a kitla a kgona go nna teng fa batho ba bontshiwa dikago tsa Bethele.

Letsholo leno le ne la nna le diphelelo tse di molemo tota. Mo malatsing ao a mabedi, baeng ba le 48 ba e seng Basupi ba ne ba tla go bona ditshwantsho tsa Dibaebele. Go ne go na le maloko a Bethele mo lefelong la go amogela baeng mme ba ne ba amogela baagelani ba ba neng ba etile e bile ba ne ba tlotla le bone.

Lekgarebe lengwe e bong Sally yo o mo dingwageng tsa bo20 o ne a fetsa metsotso e le 30 a lebeletse Dibaebele. Fa a fitlha kwa Bethele, babulatsela ba ba neng ba mo laleditse ba ne ba le teng mo lefelong la go amogela baeng. Sally a re o ne a sa itse gore go ne go bontshiwa le Dibaebele. Babulatsela bao ba ne ba mmolelela gore ba itumeletse go kopana le mosha yo o rutegileng mme gone a rata Baebele. Sally o ne a re: “Baebele e botlhokwa ka gonne ke yone fela e re thusang go itse molaetsa wa Modimo. Ke buka e e mo nakong e e ka re thusang thata.”

Sally o ne a re o rata Baebele thata jaana mo a neng a simolola go ithuta Selatine le Segerika e bile o ne a re o kgatlhegela tiro ya go ranola fela thata. O ne a re go botlhokwa gore thanolo e ope kgomo lonaka, gore go se ka ga nna le ope yo o fetolang molaetsa wa Baebele gore o dumalane le se ene a se dumelang. Fa babulatsela bao ba ne ba bolelela Sally gore website ya rona ya jw.org e na le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng tse di ranoletsweng mo dipuong di feta 800, o ne a gakgametse e bile a kgatlhegile tota. Fa bokgaitsadi bao ba tlhalosetsa Sally gore baranodi bangwe ba e seng Basupi ba ile ba ntsha leina la Modimo mo Dibaebeleng, o ne a gakgamala tota a bo a re: “Tota ke eng fa ba le ntshitse?” Fa Sally a tsamaya o ne a re: “Ke goletse mo lefelong leno, mme lo baagelani ba ba molemo tota.”

Ka Mantaga morago ga thulaganyo eo ya go bontsha batho dikago, moruti mongwe o ne a ya kwa go John yo e leng leloko la Bethele, yo o neng a rera a dirisa kolotsana ya dikgatiso. O ne a bolelela John gore o ne a itumeletse go bontshiwa dikago le gore o kgatlhiwa ke gore Basupi ba latela se Baebele e se buang. Le fa go ntse jalo, fa ba ntse ba tlotla o ne a re: “Basupi ba mpetisa pelo!” John o ne a maketse a bo a mmotsa gore ke eng fa a bua jalo. Moruti yono o ne a re: “Akere lo a fuduga! SE TSAMAYENG TLHENG! Rekang dikago tse di kgolwane kgotsa lo ageng sengwe le sengwe se lo se batlang, mme lo se ka lwa tsamaya tsweetswee. Lo dira gore dilo di tsamaye sentle mo lefelong leno. Lo nkutlwisa botlhoko ka go fudugela kwa lefelong le lengwe!”

Tota re ka re letsholo la go laletsa batho go ya go bona dikago tsa Bethele le ditshwantsho tsa Dibaebele le ne la nna le diphelelo tse di molemo e bile le ne la dira gore baagelani ba rona ba bone gore leina la Modimo le botlhokwa fela thata.