Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jeremane: Bakaulengwe ba rera ba dirisa dikolotsana tsa dikgatiso kwa kampeng ya batho ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe

DINTLHAKGOLO TSA NGWAGA O O FETILENG

Dipego—Dikgang go Tswa mo Lefatsheng Lotlhe

Dipego—Dikgang go Tswa mo Lefatsheng Lotlhe

Go Fitlhelela Batho ba ba Tswang Kwa Dinageng Tse Dingwe

Tshimo ya batho ba ba buang puo e nngwe kwa Jeremane e oketsegile ka ntlha ya batho ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe ba ba tlileng mo nageng eno. Mo dikgweding di le robongwe, go ne ga simololwa ditlhopha di le 229 tsa batho ba ba buang puo e nngwe le ditlhopha tse di lekelediwang. Baboledi ba ka nna 800 ba tsenela dikhoso di le 30 tsa go ithuta dipuo di le 13.

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba rera kwa dikampeng tsa batho ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe. Baboledi bano ba ile ba dirisa dikolotsana tsa dikgatiso mo mafelong a a fetang 200 mme ba tsamaisa dikgatiso di ka nna 640 000.

Setlhopha se se Laolang se ne sa dumela gore go nne le letsholo le le kgethegileng la go rera go simologa ka May go ya go July 2016. Baboledi ba le 700 ba ba buang Searabia, ba ne ba tswa kwa dinageng di le supa ba ya kwa mafelong a le lesome kwa Austria le kwa Jeremane go ya go rerela batho ba le bantsi ba ba buang Searabia.

Masente mo Tseleng

Baboledi ba le 50 ba kwa Phuthegong ya Faber’s Road ya Se-Kriol kwa Belize ba tsamaya ka maoto fa ba ya tshimong. Baboledi ba le bantsi ga ba a itsholela mme gone, ba nna ba batla ditshono tsa go bontsha bopelotshweu. Dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, baboledi ba ne ba simolola go sela masente mo tseleng fa ba ntse ba dira tiro ya go rera ka ntlo le ntlo. Fa ngwaga nngwe le nngwe e fela, ba kopana mmogo go tlhatswa masente a ba a kokoantseng, go a aroganya le go a bala.

Le fa gone masente ao a se na boleng jo bo kalo, ngwaga le ngwaga ba kokoanya masente a a dirang diranta di le 3 270. Baboledi bano ba dirisa mangwe a madi ao go duelela ditshenyegelo tsa Holo ya bone ya Bogosi mme a mangwe ba ne ba a dirisetsa go tshegetsa tiro ya lefatshe lotlhe ya go rera.

Bareetsi ba le Dimilione di le Nnê!

Ka March 5, 2016, fa moemedi wa ntlokogolo ya Basupi ba ga Jehofa e bong Anthony Griffin a ne a etetse lekala la kwa Burundi, go ne ga direga sengwe se Basupi ba koo ba se kitlang ba se lebala. Thulaganyo eno e e kgethegileng e e neng e rulaganyeditswe diphuthego e ne ya gasiwa mo seteisheneng sa radio sa naga eo. Go ne go reeditse batho ba ka nna dimilione di le nnê.

Thulaganyo eno ya radio e ne ya thusa batho ba le bantsi gore ba utlwe boammaaruri e bile ba le bantsi ba ne ba bua dilo tse di molemo ka yone. Mongwe yo o berekang mo seteisheneng seo o ne a re: “Lo tshwanetse go dira dithulaganyo tseno tse di oketsegileng!” Gape mongwe wa batsamaisi ba seteishene seo o ne a re: “Ke kopa gore lo tswelele lo [dira dithulaganyo tse di tshwanang le eno] ka gonne di tla thusa batho ba le bantsi.” Dibese le ditekesi di le dintsi di ne di tshameka thulaganyo eo mo diradiong.

Modumo O ne Wa Kgaotsa

Letsatsi pele ga Segopotso ka 2016, bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa Nepal ba ne ba tshwenyega tota fa ba sena go utlwa gore go ne go tlile go nna le khonsata kwa sekolong se se neng se le gaufi le holo e ba neng ba e hirile.

Gantsi dikhonsata tseo di modumo tota. Fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ntse ba phepafatsa holo mo mosong pele ga Segopotso, morulaganyi wa khonsata o ne a ba raya a re: “Ga lo na go utlwa sepe ntle le mmino wa rona.”

Khonsata eo e ne ya simolola motshegare mme modumo wa teng o ne o kaba ditsebe fela jaaka morulaganyi a ne a buile. Le fa gone bakaulengwe ba ile ba hira sebuelagodimo se segolo mo go se ba neng ba tlwaetse go se dirisa, ba ne ba sa kgone go utlwa gore a dimaekerofouno di a bereka kgotsa jang ka ntlha ya modumo oo. Bakaulengwe ba ne ba sa itse gore ba ka dira eng mme ba ne ba rapela ka bothata joo. Metsotso e le 30 pele Segopotso se simologa, fa bakaulengwe ba ntse ba goroga, mmino o ne wa kgaotsa. Mapodise a ne a emisa khonsata eo ka gonne batho bangwe ba ba itshietseng ba ne ba ntshana bonkane. Bakaulengwe ba ne ba kgona go tshwara Segopotso go se na modumo kgotsa sepe se se ba kgoreletsang.

Website ya jw.org e a Tlotlomadiwa

Giuseppe ke mmulatsela wa ka metlha kwa Italy. O berekela khampani e e nayang batho kgakololo ka dilo tsa Internet. Ngwaga o o fetileng ka May ene le badirimmogo ba ka nna 70 ba ne ba nna le pokano mme ba ne ba tlotla ka ditsela tse ba ka tokafatsang tiro ya bone ka gone. Mookamedi wa khampani o ne a re go na le di-website dingwe tse ba ka di dirisang e le dikai tsa se ba batlang go se fitlhelela mo khampaning ya bone. Morago ga moo, o ne a tlhagisa nngwe ya di-website tseo mo sekirining. Giuseppe o ne a gakgamala tota fa a bona website ya jw.org e tlhagelela mo sekirining. Mookamedi yoo o ne a re: “Eno ke website e e di gaisang tsotlhe mo lefatsheng!” O ne a tlhalosa tsela e jw.org e rulagantsweng ka teng. Gape o ne a re go motlhofo go bona dilo tse o di batlang le gore ditshwantsho tsa yone di a ngokela.

Giuseppe a re: “Badirimmogo le nna ba ne ba kgatlhiwa ke go utlwa gore website eno e na le dipuo di le kae. Fa pokano eno e sena go fela, mokaedi wa me o ne a bolelela batho ba ke berekang le bone le mookamedi wa khampani a re: ‘Giuseppe ke Mosupi wa ga Jehofa.’ Fa mookamedi a sena go utlwa seno o ne a nthaya a re: ‘Mokgatlho wa lona o dira tiro e e duleng diatla. Lo dirile website e khampani nngwe le nngwe e batlang go nna le yone. E tshwanetse ya bo e le namane e tona ya tiro go tsenya tshedimosetso e ntšha mo go yone e bile e tlhoka go nna e tokafadiwa.’ Ke ne ke tlhabilwe ke ditlhong ka gonne ke ne ke tlotlomadiwa ka ntlha ya sengwe se ke sa se dirang. Mme ke ne ke itumetse ka gonne batho ba le bantsi ba ne ba simolola go itse Basupi ba ga Jehofa. Gone jaanong ke na le go tlotla le batho ba ke berekang le bone e bile ke ithuta Baebele le ba le bararo ba bone.” Khampani e Giuseppe a e berekelang e sa ntse e tsaya malebela mo website ya jw.org mme ene o sa ntse a tlotla le badirimmogo le ene ka Baebele.

O ne A Gana go Tshameka Kgwele ya Dinao

Argentina: Jorge o tshameka bolo le bakaulengwe

Jorge ke mosha yo o nnang kwa Argentina. Ka 2010, moithutikaene o ne a mo rerela dikgang tse di molemo. Morago ga moo o ne a simolola go ithuta Baebele a dirisa buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? Ka yone nako eo, o ne a tshameka kgwele ya dinao. O ne a tshameka bontle thata jaana mo a neng a tshwanelegela go tshamekela setlhopha sengwe sa kgwele ya dinao se segolo. Ka April 2014, o ne a newa tshono ya go tshamekela setlhopha sengwe sa kwa Jeremane. O ne a itumeletse gore o tlile go nna motshameki wa porofeshenale wa kgwele ya dinao, ka jalo, o ne a dumela go ya Jeremane. Le fa go ntse jalo, malatsi a le mmalwa pele ga a tsamaya, mokatisi wa gagwe o ne a mo raya a re: “O Mosupi wa ga Jehofa gakere? O se ka wa senya botshelo jwa gago ka go ya koo. Le nna ke ne ke le Mosupi fa ke ne ke sa ntse ke le mosha. Ke ne ka kopiwa gore ke ye go tshamekela setlhopha sengwe sa kwa Asia. Ba ne ba ntsholofetsa legodimo le lefatshe, mme ke ne ke kgatlhegile tota. Ke ne ka tsamaya le batho ba kwa gae, mme re ne ra boa re swabile nko go feta molomo.” Jorge a re: “Se a ileng a se bua se ile sa nkama mme ke ne ka swetsa ka go re ke se ka ka tsamaya. Ka 2015, ke ne ka nna mmoledi wa dikgang tse di molemo mme morago ga moo ke ne ka kolobediwa.”

Tshegofatso ya Mahala

Ka September 2015, Kopano ya Tikologo ya “Etsang Jesu!” e ne ya tshwarwa kwa Kampala kwa Uganda. Batho ba ba neng ba tlile kopanong ba ne ba itumela tota fa Mark Sanderson wa Setlhopha se se Laolang a ne a golola Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo ka Se-Luganda.

Moithuti mongwe wa Baebele o ne a re: “Ke ne ka itumela tota fa ke sena go newa Baebele eno e ntle! Ka nako eo, batho ba ne ba ipaakanyetsa loeto lwa mopapa. Gore go nne le moneelo, go ne ga rekisiwa dibaga tsa rosari tse go neng gotwe di segofaditswe mme di ne di rekisiwa ka diranta di le 433. Batho ba ne ba batla ditshegofatso tseno mme gone ba le bantsi ba ne ba se na madi. Mme nna ke ne ka newa tshegofatso ya mahala. Jehofa o ne a e naya batho botlhe ba ba neng ba tlile kopanong mme mongwe le mongwe o ne a ka itirela tshwetso ya gore a o tla ntsha moneelo wa boithatelo. Letsatsi le letsatsi fa ke bala Lefoko la ga Jehofa ka puo ya me, ke kgona go mo itse botoka e bile ke ikutlwa ke segofaditswe tota. Ke leboga Jehofa go bo a nneile Baebele.”

A Dikgatiso di Dirwa Kwa Lefelong la Semoya?

Baeteledipele ba dikereke dingwe tsa kwa Congo (Kinshasa) ba ne ba ruta balatedi ba bone gore dikgatiso tsa Basupi ba ga Jehofa di gatisiwa kwa lefelong la semoya mme ba ne ba dira jalo ka maikaelelo a gore batho ba se ka ba tlhola ba tshepa www.pr418.com. Fa ba ne ba leka go buelela kgang ya bone, ba ne ba re ditlhaka tsa “www” di tsamaisana le palo ya 666 e e mo bukeng ya Tshenolo. (Tshen. 13:18) Seno se ile sa dira gore baithuti bangwe ba Baebele ba tlogele go ithuta.

Fa banyalani bangwe ba babulatsela ba sena go rapela ka kgang eno, ba ne ba laletsa baithuti ba bone ba Baebele le balekane ba bone kwa lelapeng la bone. Go ne ga tla banyalani ba le bararo mme fa ba sena go ja mmogo, banyalani bano ba Basupi ba ne ba ba bontsha bidio ya Basupi ba ga JehofaBa Rulaganyeditswe go Rera Dikgang Tse di Molemo. Bidio eno e ne ya ba thusa go lemoga gore se se neng se buiwa ka dikgatiso tsa rona e ne e se boammaaruri. Mo bekeng e e latelang, monna wa mosadi yo ba neng ba ithuta le ene o ne a ntsha moneelo wa diranta di le 1 400 go tshegetsa tiro ya lefatshe lotlhe mme o ne a dira seno le fa gone a ne a ise a simolole go ithuta.

Go Ithuta Dipina Tse Disha

Le fa gone bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa Papua New Guinea ba se na Internet, ba ikemiseditse go ithuta dipina tse disha. Ka jalo, mokaulengwe mongwe wa kwa Phuthegong ya Mundip o ya kwa toropong e e gaufi mme loeto lono lo tlhoka gore a tsamaye diura di le pedi ka maoto a bo a tsamaya diura tse dingwe tse pedi ka bese. Fa a goroga kwa toropong eo, o tsena mo Internet a bo a kwala mafoko a pina e ntšha mo bukeng, go tswa foo o boela gae mme fa a le kwa Holong ya Bogosi o kwala mafoko ao mo botong e kgolo ya go kwalela. Baboledi botlhe ba ikwalela mafoko a dipina tseo. Ruri ba itumelela go opela dipina tseo fela jaaka diphuthego tse dingwe mo lefatsheng e re ka eno e le tsela nngwe e ba obamelang Jehofa ka yone.