Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

DINTLHAKGOLO TSA NGWAGA O O FETILENG

JW Broadcasting ‘E a Re Nonotsha Le go Re Lapolosa!’

JW Broadcasting ‘E a Re Nonotsha Le go Re Lapolosa!’

FA E sale kgaso ya JW Broadcasting e simolola ka 2014, seteishene seno sa thelebishene sa mo Internet se tsweletse go kgothatsa le go lapolosa batho ba le bantsi mo lefatsheng. Gone jaanong seteishene seno se gone ka dipuo di feta 90. Ka sekai, gone jaanong thulaganyo eno e ranolelwa mo puong ya Se-Ewe, Se-Ga le Se-Twi (jaaka go bontshitswe mo setshwantshong) mme e itumelelwa ke baboledi ba feta 130 000 kwa Benin, Côte d’Ivoire, Ghana le Togo. *

Kgaitsadi mongwe wa kwa Ghana e bong Agatha, yo e leng mosadi wa molebedi wa potologo a re: “Fa ke reeditse maloko a Setlhopha se se Laolang le bathusi ba bone ba neela dipuo, ke ikutlwa e kete Jehofa o bua le nna ka tlhamalalo. Ke humanegile e bile ke nna mo lefelong le le kgakala, ka jalo, fa thulaganyo eno e ka bo e seyo, ke ne ke tla kgona jang go nna le tshiamelo eno? Ruri thulaganyo eno e dira gore re ikutlwe re atamalane thata le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba mo lefatsheng lotlhe.”

Pego ya kwa Zambia ya re: “Le fa baboledi ba le bantsi ba le dikobo di magetleng, batho ba le bantsi mo diphuthegong ba tsaya matsapa a magolo gore ba kgone go lebelela JW Broadcasting. Ka sekai, Phuthego ya Misako e sekgala sa dikilometara di ka nna 30 go tswa kwa toropong e e gaufi mme e mo dipolasing tse di nnang le melatswana e mentsi ka paka ya dipula. Mokaulengwe mongwe e bong Simon yo e leng motlhanka wa bodiredi e bile a direla kwa go nang le tlhokego ya baboledi gone, a re: “Kgwedi le kgwedi, mongwe mo phuthegong o tsamaya sekgala sa diura di le pedi go ya go palama sepalangwa sa botlhe. Go tswa foo, o ya kwa toropong gore a kgone go itseela thulaganyo eno mo Internet. Monna mongwe wa dingwaga di le 70 le bomorwawe ba babedi ba ne ba ise ba ko ba ye dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa, mme monna yoo o ne a kgatlhega tota fa a utlwa gotwe go tla bo go tshamekiwa dibidio kwa dipokanong tsa mo dipolasing. Monna yoo o ne a re: ‘Eno ke tsela e e molemo ya go ithuta ka Modimo.’”

Basupi bangwe ba kwa Russia ba ne ba kwala jaana ba leboga: “Re na le ngwaga re ntse re lebelela JW Broadcasting mme re e itumelela fela thata. Morago ga go lebelela thulaganyo ya ntlha, re ne ra ikutlwa re le seoposengwe le bakaulengwe le bokgaitsadi mo lefatsheng lotlhe. Go ne go itumedisa tota! Go ntse jaaka e kete re lelapa le legolo! Re ile ra itumelela go reetsa dipuo tsa bakaulengwe ba Setlhopha se se Laolang. Ba leka ka natla go re naya dithuto tse di theilweng mo Baebeleng ka nako e e tshwanetseng e bile dithuto tseno di re fitlhelela rotlhe. Re nna re lebile pele go lebelela thulaganyo eno. Mme re motlotlo tota go bidiwa ka leina la ga Jehofa. Re a lo leboga bakaulengwe ba rona ba ba rategang. Re leboga Jehofa le Keresete ka ditiro tse di molemo tse ba re direlang tsone. Di a re nonotsha le go re lapolosa!”

Banyalani bangwe ba ba tsofetseng ba kwa Jeremane e bong Horst le Helga ba ne ba kwala jaana: “JW Broadcasting e monate tota. Re kgothadiwa segolobogolo ke maitemogelo a bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba golafetseng. Dikao tsa bone di re tlhotlheletsa gore re dire sotlhe se re ka se kgonang go direla Jehofa le fa gone re lwala. Fa re ne re bona gore mokaulengwe mongwe yo o golafetseng mo maotong o direla e le mogolwane, re ne ra lemoga gore rotlhe re na le sengwe se se tlhwatlhwakgolo se re ka se nayang Jehofa. Fa re bona dikao tse di molemo tsa bakaulengwe le bokgaitsadi bano, re tlhotlheletsega go leboga Jehofa le go mo kopa gore a ba segofatse.”

Kgaitsadi mongwe yo mosha wa kwa Engelane e bong Kodi a re: “Ke lebogela matsapa le nako e lo e tshotseng go re direla jw.org, JW Broadcasting le dibidio tsa ga Kabo le Masego. Ke leboga go bo lo re thusa gore re kgone go tlhaloganya Baebele. Ke kolobeditswe ke na le dingwaga di le robedi. Fa ke gola, ke tlile go ithaopela go thusa go aga Diholo Tsa Bogosi. E bile ke batla go bereka kwa Bethele. Ke na le dingwaga di le robonngwe, ka jalo, ke saletswe ke nako e nnye fela pele ga nka kgona go dira jalo.”

Kgaitsadi mongwe wa kwa Engelane yo o nang le dingwaga di le robedi e bong Arabella o ne a kwala jaana: “Ke lebogela dibidio le diporojeke tsa go ithuta. Di nthusa gore ke itse Jehofa botoka. Diporojeke tsa go ithuta tse di mo jw.org di nthusa gore ke itumelele go ithuta ka Jehofa. Lo itse go dira dipina tse re kgonang go di tshwarelela ka bonako. Dibidio tsa ga Kabo le Masego le tsone di nthusa tota. Ke lebogela tiro ya lona ya bonatla.”

^ ser. 3 O ka kgona go lebelela JW Broadcasting ka go tsena mo tv.pr418.com.