Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Colombia

DINTLHAKGOLO TSA NGWAGA O O FETILENG

Go Tlhoma Mogopolo mo Tirong ya go Rera mo Lefatsheng Lotlhe

Go Tlhoma Mogopolo mo Tirong ya go Rera mo Lefatsheng Lotlhe

KA Laboraro September 23, 2015, Setlhopha se se Laolang se ne sa bolelela maloko a Bethele mo lefatsheng lotlhe gore go ne go tla nna le diphetogo tse di neng di tla dirwa gore meneelo ya bakaulengwe e tle e dirisiwe ka tsela e e molemo. Go tswa foo, ka Matlhatso October 3, 2015, Setlhopha se se Laolang se ne sa dira kitsiso eno: “Bafilipi 1:10 ya re re tshwanetse go ‘tlhomamisa dilo tse di botlhokwa thata.’ Go dumalana le kgakololo eno e e molemo, re [Setlhopha se se Laolang] batla go tlhoma mogopolo thata mo ditirong tse di thusang batho ba Modimo gore ba nonofe mo tumelong le mo go tokafatseng tiro ya go rera mo lefatsheng lotlhe.”

Mokaulengwe Stephen Lett wa Setlhopha se se Laolang o ne a tlhalosa mo go oketsegileng mo JW Broadcasting a re: “Setlhopha se se Laolang se tshwenyegile thata ka go tokafatsa ditiro tse di direlwang Bogosi mo re neng ra leka go bona gore re ka fokotsa jang ditshenyegelo kwa diofising tsotlhe tsa makala ka maikaelelo a gore go nne le madi a a oketsegileng a a dirisediwang tiro ya go rera. Ka sekai, dithulaganyo le ditirelo tse dintsi tse di neng di sa bolo go nna teng kwa Bethele, di fokoditswe mme tse dingwe ga di sa tlhole di le gone gotlhelele. Ka ntlha ya seno, ga go kitla go tlhokega maloko a mantsi a Bethele.”

Ka jalo, fa e sa le ka September 2015, maloko a Bethele a le 5 500 mo lefatsheng lotlhe a abetswe go direla kwa tshimong. Le fa gone seno se ile sa tlhoka gore go dirwe diphetogo tse dikgolo, Jehofa o ntse a segofatsa sotlhe se se ntseng se dirwa mme diphetogo tseno di dirile gore tiro ya go rera le go ruta e oketsege.

Banyalani bangwe ba kwa Sri Lanka ba ba neng ba direla kwa Bethele, ba ne ba abelwa go ya tshimong mme ba ne ba leba seo e le tshono ya go bontsha gore ba ikanya Jehofa le phuthego ya gagwe. Ba ne ba kwala jaana: “Re ne re sa itse gore re tlile go tshela jang. Mme re ne re tlhomamisegile gore Jehofa a ka se re latlhe. Ka jalo, re ne ra rapela re re, ‘Tlhe Jehofa, go sa kgathalesege gore re lebana le maemo afe, re kopa o re thuse go dira diphetogo gore re tle re tswelele re le babulatsela ba ka metlha.’ Mo kgweding ya ntlha, re ne re na le madi a mannye tota. Le fa go ntse jalo, re ne ra bona gore Jehofa o a re rata le gore o a re kgathalela e bile gone jaanong kgwedi le kgwedi re nna le madi a go duelela ditsheyegelo tsa rona. Re tshwaregile tota ka tiro ya mo gae, tiro ya boitshediso le bobulatsela. Mme ka ntlha ya tsela e re thapisitsweng ka yone kwa Bethele, re kgona go rulaganya dilo tsa rona sentle. Go thusa batho gore ba itse boammaaruri ruri go a re kgotsofatsa e bile re itumelela gore re kgona go dira seno re le babulatsela.”

Bangwe ba bakaulengwe ba kwa Colombia ba ba abetsweng kwa tshimong, ba ile ba ithuta puo e nngwe le go fudugela kwa mafelong a a kwa kgakala gore ba tle ba rere molaetsa wa Bogosi kwa mafelong ao. Bakaulengwe le bokgaitsadi bano ruri ba thusitse diphuthego tsa bone tse disha. Molebedi mongwe wa potologo o ne a kwala jaana a bua ka banyalani bangwe ba ba neng ba abetswe kwa phuthegong e a neng a e etetse: “Bakaulengwe le bokgaitsadi ba phuthego eno ba anaanela thuso ya bone fela thata. Gone jaanong phuthego e tlhagafaletse bodiredi thata e bile bakaulengwe ba thapisediwa go nna le maikarabelo mo phuthegong.” Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ba kileng ba bo ba le kwa Bethele ba ithaopetse go ya go thusa teng ka malatsi a a rileng.

Mokaulengwe mongwe yo o neng a direla kwa Bethele ya kwa Japane ka dingwaga di le 31, o ne a abelwa kwa phuthegong e e nang le bagolwane ba le babedi fela. E re ka phuthego eo e ne e rulagantse go tlhabolola Holo ya bone ya Bogosi, go ne ga feta dibeke tse pedi a sa batle tiro ya boitshediso. Mme pele ba ka simolola go tlhabolola holo ya bone, go ne ga runya thoromo e kgolo ya lefatshe kwa Kumamoto, kwa phuthego ya bone e leng gone. E re ka a ne a ise a simolole go batla tiro ya boitshediso, o ile a kgona go etelela pele mo tirong ya namolo le ya go kgothatsa bakaulengwe ba ba amilweng ke thoromo eo. Mokaulengwe yono a re: “Fa ke leba kwa morago, ke kgona go bona gore Jehofa o nthometse kwa lefelong le tota go neng go na le tlhokego.”

Phil le Sugar ba ba neng ba direla kwa ofising ya lekala ya kwa Australasia ba a re: “Fa re ne re abelwa go ya tshimong, re ne re ikemiseditse gore re tla tshela botshelo jo bo sa raraanang. Re ne ra rapela Jehofa gore a re neye kaelo e e tla re thusang go dira ditshwetso tse di siameng le gore a segofatse tshwetso nngwe le nngwe e re tla e dirang. Tota se re neng re se batla e ne e le go direla kwa phuthegong ya kwa nageng e nngwe. Ruri Jehofa o segofaditse ditshwetso tsa rona e bile o dirile gore go nne motlhofo gore re mo direle ka pelo yotlhe!” Gone jaanong ba direla kwa setlhopheng sa puo ya Seesemane se se kwa Setlhaketlhakeng sa Samal, kwa Davao, Philippines, se se nang le baboledi ba le 34 le babulatsela ba ka metlha ba le 9. Gone jaanong ba na le batho ba le 120 ba ba kgatlhegang mme ba tshwanetse go boela kwa go bone. Banyalani bano ba a re: “Go na le tiro e ntsi e e itumedisang e e tshwanetseng go dirwa. Re itumelela go bo re ile ra ikaega ka Jehofa. Seno se ile sa dira gore tumelo ya rona e nonofe le gore re mo rate fela thata!”

Kgaitsadi mongwe yo o sa nyalwang wa kwa Russia yo o abetsweng go direla e le mmulatsela yo o kgethegileng a re: “Bobulatsela bo nnaya tshono ya go nna le seabe ka botlalo mo tirong e e botlhokwa ya go rera ka Bogosi Jwa Modimo e e se kitlang e boelediwa gape. Ke itumelela go dirisiwa ke Jehofa.” Gone jaanong o na le dithuto tsa Baebele di le thataro. Batho ba a ithutang le bone ba tswa kwa Iraq, Nigeria, Sri Lanka, Siria le kwa Zambia.

Zambia: Banyalani ba ba kileng ba direla kwa Bethele ba amogelwa ka lorato mo phuthegong ya bone e ntšha

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba lelapa la Bethele la kwa Zambia ba abetswe go nna babulatsela ba ka metlha. Ba itumelela go nna le seabe mo tirong ya go rera e bile tiro eno e a ba lapolosa. Andrew yo ene le mosadi wa gagwe ba direlang e le babulatsela, a re: “E rile re sena go tswa kwa Bethele, re ne ra kgona go thusa batho ba babedi gore ba ithute go bala le go kwala. Mosimane mongwe wa dingwaga di le lesome yo re ithutang le ene o tloga a neela puo ya gagwe ya ntlha kwa pokanong ya mo gare ga beke. Banyalani bangwe ba re neng ra ba rerela ba ne ba ya Segopotsong mme fa e sa le ka nako eo, ga ba ise ba fetwe ke dipokano. Thuto ya bone ya Baebele e tsweletse sentle. Re a itse gore seno se ka bo se sa kgonega fa re ka bo re sa latela kaelo ya ga Jehofa, ra amogela thuso ya gagwe le go leta gore a re segofatse.”

Edson le Artness ba le bone ba nnang kwa Zambia, ba ne ba abelwa go ya tshimong fa ba ne ba na le dikgwedi di le mmalwa fela ba nyalane. Artness a re: “Thapiso e re e neilweng kwa Bethele e re thusitse gore re dirise bonnye jo re nang le jone ka tsela e e molemo le gore re tswelele re itumetse e bile re se na dikoloto. Ga re ikwatlhaele go bo re ile ra direla kwa Bethele. Re bone gore re ka tokafatsa jang mekgele ya rona le go e fitlhelela re thusiwa ke Jehofa. Re ikanya Jehofa go feta le fa e le leng pele e bile re ipaakanyeditse go tswelela re ikanyega mo go ene.”