Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Georgia

Georgia

TSELA e molaetsa wa Bogosi o ileng wa anama ka yone kwa Georgia e bontsha boammaaruri jwa mafoko a a mo setshwantshong sa ga Jesu sa sebediso. (Math. 13:33) Fela jaaka sebediso, go anama ga molaetsa wa Bogosi go ne go sa lemotshege kwa tshimologong mme fa nako e ntse e ya, go ile ga lemotshega fa molaetsa oo o simolola go fetola matshelo a batho ba le bantsi.

Bala ka dipego tse di kgatlhang le tse di kgothatsang tse di bontshang lorato, tumelo, boikanyegi, bopelokgale le matsapa a batho ba Modimo ba ileng ba a tsaya kwa Georgia “ka paka e e dumelang, [le] ka paka ya matshwenyego.”—2 Tim. 4:2.

MO KAROLONG ENO

Tlhaloso e Khutshwane ka Georgia

Bala dintlha ka bokhutshwane ka batho, dingwao le puo ya kwa Georgia.

Batho ba Ntlha go Batla Boammaaruri

Batho ba ba neng ba ithuta boammaaruri kwa mafelong a mangwe ba ne ba tla kwa Georgia mme ba anamisa molaetsa wa Bogosi.

Dipokano di Thusa Botlhe go Nonotsha Tumelo ya Bone

Dipokano tsa Bakeresete le dikgatiso tsa Se-Georgia di thusitse batho ba le bantsi jang?

Ke ne Ke Batla go Fetola Botshelo Jwa Me

Fa Davit Samkharadze a sena go wetsa tirelo ya gagwe kwa bosoleng, o ne a kopa Modimo gore a mo thuse go fetola botshelo jwa gagwe. Letsatsi le le latelang o ne a kopana le Basupi ba ga Jehofa.

Ke ne Ka Kopa Jehofa Gore a Nkaele

Tamazi Biblaia o ne a kopa Modimo gore a mo kaele pele a fudugela kwa Jvari.

“Mo Modimong Dilo Tsotlhe di a Kgonega”

Natela o ne a lebana le seemo se se thata fa a ne a thusa Basupi mo tirong ya go gatisa dikgatiso tsa Baebele kwa Georgia.

Baebele ya Se-Georgia

Mekwalo ya Baebele ya Se-Georgia sa bogologolo ya lekgolo la botlhano la dingwaga.

“Modimo O ne A Nna a Godisa.”—1 Bakor. 3:6.

Fa Georgia e nna naga e e ikemetseng, palo ya Basupi ba ga Jehofa e ne ya simolola go gola.

Badisa ba ba Lorato ba Thapisa Dinku Tsa Modimo

Fa puso ya Bokomonisi e sena go phutlhama, Basupi ba ile ba rulaganya jang dipokano, dikopano le tiro ya go ranola dikgatiso tsa Baebele?

Monna Wa me O ne A sa Kgone go e Baya fa Fatshe!

Badri Kopaliani o ne a tlhagafaletse go bala Baebele mo a neng a tsaya malatsi kwa tirong gore a e bale yotlhe.

Lo Ntse lo le Kae?

Morago ga ngwaga Artur Gerekhelia a sena go kolobediwa, o ne a fudugela kwa go nang le tlhokego ya baboledi gone.

Ke ne Ke Ikutlwa ke Atlegile

Madona Kankia e ne e le leloko le le itsegeng thata la Mokgatlho wa Bakomonise mme o ne a tlhopha tiro e sele.

Lorato Ga lo Ke lo Fela

Igor Ochigava le Gizo Narmania ba ne ba thusa Basupi ba bangwe ka nako ya ntwa ya kwa Abkhazia.

Ke ne Ka Iponela Ka a Me Matlho!

Pepo Devidze o ne a latela melao le dingwao tsa kereke ya Orthodox ya kwa Georgia. Mmaagwe o ne a mo raya a re: ‘Ya go ikutlwela gore Basupi ba ruta eng.’

Go Segofadiwa ‘ka Paka e e Dumelang le ka Paka ya Matshwenyego.’—2 Tim. 4:2.

Palo ya Basupi e ne ya oketsega mme ba ne ba simolola go bogisiwa.

Go Tshosediwa Ga go A Dira Gore ba Emise go Direla Jehofa

Batho ba kwa Georgia ba ile ba tsiboga jang fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tlhaselwa?

Jono ke ‘Boswa Jwa Batlhanka ba ga Jehofa.’—Isa. 54:17.

Jehofa o segofatsa baboledi ba ba yang go rera kwa go tlhokegang baboledi gone.

Ba ne Ba Gakologelwa Mmopi wa Bone yo Mogolo

Babulatsela ba le mmalwa ba kwa Georgia ba na le dingwaga di le 25 go ya kwa tlase.

Batho ba ba Buang Se-Kurd ba Ithuta Baebele

Batho ba ba ratang Modimo ba itumelela go ithuta Baebele ka puo e ba e antseng.

Lorato ga lo Palelwa ke Sepe

Basadibagolo ba babedi ba bontshiwa lorato ke bakaulengwe ba bone.