Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

GEORGIA | 1991-1997

Badisa ba ba Lorato ba Thapisa Dinku Tsa Modimo

Badisa ba ba Lorato ba Thapisa Dinku Tsa Modimo

Joni Shalamberidze a na le Tamazi Biblaia ka bo1990

Mo masimologong a bo1990, diphuthego di le dintsi kwa Georgia di ne di na le mogolwane kgotsa motlhanka wa bodiredi a le mongwe fela. Gantsi diphuthego di ne di kgaogantswe ka ditlhopha tse di neng di tshwara dipokano ka dinako tse di farologaneng, ka gonne baboledi ba ne ba nna mo ditoropong le mo metseng e e farologaneng.

Joni Shalamberidze le Pavle Abdushelishvili ba ne ba kile ba direla kwa dikgaolong tse di kgakalakgakala, mme ba ne ba kopiwa go ya go direla kwa toropong ya Telavi e e mo kgaolong ya Kakheti. Phuthego ya koo, e ne e na le baboledi ba le 300 mme go se na bagolwane. E ne e na le ditlhopha di le 13 tse di neng di kopanela kwa mafelong a a farologaneng.

Pavle Abdushelishvili

Joni le Pavle ba ne ba lemoga ka bonako gore go na le sengwe se se tla koafatsang tumelo ya bakaulengwe ba bone. Joni a re: “Bakaulengwe ba le bantsi ba ne ba na le masimo a magolo. Go ne go tlwaelegile gore baagelani ba thusane mo masimong, ka jalo bakaulengwe ba ne ba fetsa nako e ntsi le batho ba e seng Basupi.”—1 Bakor. 15:33.

Joni le Pavle ba ne ba akantsha bakaulengwe gore ba kope thuso mo Basuping ka nako ya thobo. Go dira jalo go ne go tla ba thusa gore ba fetse nako e ntsi mmogo. (Mor. 4:9, 10) Joni a re: “Lorato lwa bakaulengwe mo phuthegong lo ne lwa nonofa.” Morago ga dingwaga tse tharo fa Joni le Pavle ba tswa mo kgaolong eo, go ne go na le bagolwane ba le batlhano le batlhanka ba bodiredi ba le 12.

Dipokano di ba Thusa go Tokafatsa Bokgoni Jwa go Rera

E re ka tiro ya go rera e ne e thibetswe go fitlha ka bo1990, Basupi ba ne ba kopana ka ditlhotshwana gore ba tshware Thuto ya Buka ya Phuthego le Thuto ya Tora ya Tebelo fela. Le fa dipokano tseo di ne di kgothatsa, di ne di sa thuse baboledi mo bodireding.

Dilo di ne tsa fetoga fa puso ya Bakomonise e phutlhama. Phuthego ya Modimo e ne ya re beke le beke go simololwe go tshwara Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo le Pokano ya Tirelo.

Bana ba motho e bong Naili Khutsishvili le Lali Alekperova, ba gopola dinako tse di monate tse ba nnileng le tsone kwa dipokanong tseo. Lali a re: “E ne e le nako e e itumedisang tota. Mongwe le mongwe o ne a itumeletse gore bokgaitsadi ba tla nna le seabe mo thulaganyong eo.”

Naili a re: “Go ne ga dirwa pontsho nngwe e mo go yone mong wa ntlo a neng a bala lokwalodikgang mo seraleng fa a utlwa mongwe a kokota. Fa a bula lebati, go ne ga tsena bokgaitsadi ba babedi!” Lali ene o ne a re: “Le fa go ne go nna go dirwa dilo tse di sa tlwaelegang, dipokano tseo di ne di re thusa go tokafatsa bokgoni jwa rona jwa go rera.”

Go Tlhokega Dikgatiso Tse di Oketsegileng

Go fetile dingwaga di le dintsi bakaulengwe ba dirisa metšhine go gatisa dikgatiso tsa Baebele mo malapeng a bone. Gore ba kgone go nna le dimakasine tse di oketsegileng, ba ne ba kopa dikhampani tse di gatisang gore di ba gatisetse dimakasine ka tlhwatlhwa e e kwa tlase.

Fa bakaulengwe ba ne ba rulaganya gore makasine wa Se-Georgia o ye go gatisiwa, ba ne ba segolola ditlhaka mo makwalodikgannyeng ba bo ba di kgomaretsa mo makasineng wa Seesemane

Bakaulengwe ba ne ba le kelotlhoko fa ba rulaganya makasine o o yang go printiwa. Ba ne ba thaepa mafoko a Se-Georgia go ya ka tsela e a Seesemane a neng a lebega ka yone. Go tswa foo, ba ne ba segolola ditshwantsho tse di mo makasineng wa Seesemane ba bo ba di kgomaretsa mo makasineng wa Se-Georgia. Fa ba fetsa, ba ne ba segolola ditlhaka tse di kwadilweng bontle mo makwalodikgannyeng ba bo ba di kgomaretsa mo khabareng ya makasine wa Se-Georgia. Jaanong makasine wa Se-Georgia o ne o siametse go ya go printiwa!

Dingwe tsa dimakasine tsa ntlha go gatisiwa kwa Georgia

Fa go nna le dikhomputara, bakaulengwe ba babedi ba basha e bong Levani Kopaliani le Leri Mirzashvili ba ne ba ya go ithutela go di dirisa. Leri a re: “Re ne re se na maitemogelo e bile ka dinako dingwe dilo di ne di sa tsamaye sentle. Mme Jehofa o ne a re thusa gore re itse go thaepa le go rulaganya tsela e makasine o tla lebegang ka yone.”

Le fa go ne go na le dikgoreletsi, diphuthego tsotlhe mo nageng eno di ne tsa simolola go nna le dimakasine tse dintle tse di printilweng mo Georgia. Fa nako e ntse e tsamaya go ne ga nna thata go gatisa dimakasine tse di oketsegileng. Mme Jehofa o ne a dirisa phuthego ya gagwe go kaela batlhanka ba gagwe kwa Georgia.

Dilo di a Fetoga

Kopano ya boditšhabatšhaba ya 1992 ya kwa St. Petersburg kwa Russia, e ne ya naya bakaulengwe ba kwa Georgia tshono ya go kopana le baemedi ba lekala la kwa Jeremane. Genadi Gudadze a re: “[Baemedi ba lekala] ba ne ba re tlhalosetsa gore tiro ya thanolo e dirwa jang mme ba re itsise gore re tlile go thapisiwa.”

Go ne go le thata go gatisa dikgatiso tsa Baebele ka Se-Georgia. E re ka puo eno e kwalwa ka tsela e e tlhomologileng, thulaganyo ya khomputara ya go ranola e e bidiwang MEPS, e ne e se na dialefabete tsa Se-Georgia. Ka jalo, go ne ga dirwa mokwalo o mosha o o neng o tla dirisediwa go rulaganya ditshwantsho le go gatisa dimakasine.

Kwa bowelong jwa bo1970, boora Datikashvili ba ne ba fudugela kwa United States mme ngwana wa bone e bong Marina o ne a ithuta boammaaruri. O ile a thusa bakaulengwe ba Bethele ya kwa Brooklyn fa ba ne ba torowa ditlhaka tsa Se-Georgia gore di tsenngwe mo thulaganyong ya MEPS. Mo nakong e e sa fediseng pelo, dipampitshana dingwe le boroutšhara jwa Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha” di ile tsa gatisiwa kwa Jeremane.

Go Thusa go Rulaganya Tiro ya Thanolo

Ka 1993, Michael Fleckenstein le mosadi wa gagwe Silvia, ba ne ba goroga kwa Tbilisi go tswa kwa ofising ya lekala ya Jeremane go ya go bula ofisi ya thanolo. Michael a re: “Ke ne ke sa ntse ke gopotse pokano ele ya kwa St. Petersburg. Fa re goroga kwa Tbilisi morago ga dikgwedi di le 18, re ne ra gakgamala fa re fitlhela go na le setlhopha sa baranodi se se neng se dira ka manontlhotlho.”

Leri Mirzashvili, Paata Morbedadze le Levani Kopaliani ba direla kwa ofising ya thanolo ya kwa Tbilisi ka 1993

Mo dikgweding di se kae fela, go ne go setse go na le baranodi ba le 11 ba ba neng ba berekela mo foleteng e nnye. Jehofa o ile a thusa gore diphuthego di simolole go romelelwa dikgatiso ka metlha.

Go Romela Dikgatiso ka Nako ya Dikhuduego

Morago ga gore dinaga tsa Soviet Union di kgaogane, go ne ga tsoga dikhuduego tsa sepolotiki le go tlhaolana ga ditso mo dinageng tseo, mme seo se ne se direga le kwa Georgia. Ditiragalo tseo di ne tsa dira gore go nne kotsi go etela dinaga tse dingwe.

Mokaulengwe Zaza Jikurashvili le Mokaulengwe Aleko Gvritishvili (fano ba na le basadi ba bone) ba ne ba tsamaisa dikgatiso ka nako ya dikhuduego

Letsatsi lengwe ka November 1994, fa Aleko Gvritishvili le bakaulengwe ba babedi ba kgabaganya molelwane mongwe, ba ne ba emisiwa ke segopa sa banna se tlhometse ka ditlhobolo, ba bo ba re ba tswe mo koloing. Aleko a re: “Ba ne ba tuka bogale fa ba bona dikgatiso tsa rona. Ba bo ba re re tlhomagane e kete ba tlile go re bolaya. Re ne ra rapela Jehofa ka tlhoafalo. Morago ga diura di ka nna pedi, mongwe wa bone o ne a re raya a re, ‘Tsayang dibuka tsa lona lo tsamaye, mme fa lo ka boa gape, re tlile go fisa koloi ya lona re bo re lo bolaya!’”

Le fa bakaulengwe ba ne ba tshosediwa jaana, ba ne ba tswelela ka go anamisa dikgatiso. Mokaulengwe Zaza Jikurashvili, yo o tsereng matsapa a magolo go isa dikgatiso kwa Georgia a re: “Re ne re itse gore bakaulengwe ba rona ba tlhoka dikgatiso tseo. Basadi ba rona ba ne ba re eme nokeng fela thata.”

Aleko a re: “Bontsi jwa bakaulengwe ba ba neng ba tsamaisa dikgatiso e ne e le borre ba malapa.” Ke eng se se ba tlhotlheleditseng go dira tiro eo le fa e ne e le kotsi? Aleko o ne a araba jaana: “Tota e ne e le tsela ya go bontsha Jehofa gore re a mo leboga le gore re a mo rata. Gape re ne re batla go etsa tsela e Jehofa a tlhokomelang bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ka yone.”

Ka ntlha ya matsapa a bakaulengwe bano, tiro ya go tsamaisa dikgatiso e ne ya tswelela le fa dikhuduego di ne di tsweletse. Moragonyana, bakaulengwe ba ne ba dirisa ditsela tse di seng kotsi tse di mo magareng ga Jeremane le Georgia.

Kopano e Kgothatsa Bakaulengwe

Ka 1995 fa seemo sa dipolotiki se kokobala, Basupi ba ne ba dira dithulaganyo tsa go tshwara kopano ya ntlha ya kgaolo. Ka 1996 batho ba ka nna 6 000 go tswa kwa dikarolong tse di farologaneng tsa Georgia ba ne ba ya dikopanong tsa kgaolo tse di neng di tshwaretswe kwa Gori, Marneuli le Tsnori.

Basupi ba le kwa kopanong ya kgaolo gaufi le Gori ka 1996

Batho ba ba neng ba ile kwa kopanong e e neng e tshwaretswe kwa Gori, ga ba e lebale. Bakaulengwe ba ne ba lebeletse gore go tle batho ba feta dikete di le pedi mme ba ne ba sa kgone go bona lefelo le le ka lekanang palo eo. Seno se ne se farologane le nako ya fa ba ne ba batla lefelo le ba tla tshwarelang Segopotso kwa go lone. Ka jalo, ba ne ba swetsa ka gore ba tshwarele kopano kwa lefelong le lentle le le mo dithabeng kwa ntle ga toropo.

Mokaulengwe Kako Lomidze yo o neng a le mo Komiting ya Kopano a re: “Morago ga kopano, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba fetsa nako e ntsi mmogo, ba opela e bile ba kgothatsana. Go ne go bonala sentle gore batho ba Modimo ba kopanngwa ke lorato.”—Joh. 13:35.

Peo ya Boammaaruri e Nama Medi

Go simologa ka 1996, go ne ga dirwa dithulaganyo tsa gore balebedi ba potologo ba fetse beke ba etela phuthego nngwe le nngwe kwa Georgia. Gore seno se kgonege, go ne ga tlhomiwa balebedi ba bangwe ba potologo gore ba tsamaye le bakaulengwe ba ba neng ba ntse ba direla kwa karolong e e kwa bophirima le kwa botlhaba jwa Georgia.

Tsela e balebedi bano ba neng ba rata ‘tiro ya bone’ ka yone e ile ya thusa gore diphuthego di gole le gore di latele kaelo ya Modimo sentle. (1 Bathes. 1:3) Go tloga ka 1990 go fitlha ka 1997, palo ya baboledi e ne ya oketsega ka tsela e e makatsang. Ka 1990, go ne go na le baboledi ba le 904 mme dingwaga di le supa morago ga foo palo ya bone ke fa e le 11 082!

Peo ya boammaaruri e e neng ya jalwa dingwaga pelenyana, jaanong e ne e godile e bile e namile medi go ralala Georgia. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a sa ntse a tlile go segofatsa batho ba gagwe kwa nageng eo.