Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

GEORGIA

Ba ne Ba Gakologelwa Mmopi wa Bone yo Mogolo

Ba ne Ba Gakologelwa Mmopi wa Bone yo Mogolo

Bontsi jwa Basupi ba re setseng re badile ka bone ba ile ba ‘gakologelwa Mmopi wa bone yo Mogolo mo malatsing a bosha jwa bone.’ (Mor. 12:1) Go na le babulatsela ba le 3 197 kwa Georgia, mme ba le mmalwa ba bone ba na le dingwaga di le 25 go ya kwa tlase. Goreng bontsi jwa basha bano ba gatetse pele jaana mo phuthegong?

Go na le dilo di le mmalwa tse di dirileng gore go nne jalo. Sa ntlha, malapa a kwa Georgia a atamalane thata. Konstantine yo o godiseditseng bana ba le batlhano mo boammaaruring, a re: “Ke tlile mo phuthegong ka gonne ke bone tsela e Jehofa a re ratang ka yone. E rile ke nna le bana, mokgele wa me e ne e le go ba thusa gore ba ikutlwe ba gololesegile fa ke na le bone.”

Malkhazi le mosadi wa gagwe, ba na le bana ba le bararo e bile ba dira ka natla go dira gore lelapa la bone le nne le kitlane. A re: “Gangwe le gape re kopa bana ba rona gore ba akanye ka dilo tse ba di anaanelang ka rona le ka bana ba bangwe mo lapeng. Go tswa foo, re bo re ba kopa gore ba bue ka tsone ka nako ya Kobamelo ya Lelapa. Seo se ile sa ba thusa gore ba ithute go bona dilo tse di molemo mo go ba bangwe le go ba anaanela.”

“Jaanong, ke Kgotsofetse mo Botshelong!”

Bagolwane ba thusa batsadi go thapisa bana ba bone ka go ba dirisa mo dilong tsa phuthegong ba sa le bannye. Nestori, yo o kolobeditsweng a na le dingwaga di le 11, a re: “Fa ke le monnye, bagolwane ba ne ba nnaya dikabelo tse dinnye gore ke di dire. Seo se ne sa dira gore ke ikutlwe ke le leloko la phuthego.”

Gape sengwe se se ileng sa thusa ke dikao tse di molemo mo phuthegong mmogo le tsela e bagolwane ba ileng ba re ema nokeng ka yone. Mogolowe Nestori e bong Koba a re: “Ke ne ke sa tshwane le bana ba bangwe mo lapeng ka gonne fa ke le mo dingwageng tsa bolesome ke ne ke tlhakane tlhogo. Go ne go na le mogolwane mongwe mo phuthegong yo o neng a ntlhomela sekao se se molemo e bile a leka go tlhaloganya tsela e ke ikutlwang ka yone a sa ntshwaye diphoso. Ke ene a nthusitseng gore ke boele kwa go Jehofa.”

Gompieno, Nestori, Koba le kgaitsadiabone e bong Mari, ba direla kwa go nang le tlhokego ya baboledi gone. Koba a re: “Jaanong, ke kgotsofetse mo botshelong!”

“Bana Ba me Ba Tswelela ba Tsamaya mo Boammaaruring”

Ofisi ya lekala e leka go thusa batsadi go thapisa bana ka go ba dirisa mo diporojekeng tsa go aga. Leloko lengwe la Komiti ya Lekala la re: “Re rata basha ba rona, ke ka moo re ba emang nokeng fa ba ntse ba leka go fitlhelela mekgele e ba ipeetseng yone mo tirelong ya ga Jehofa.”

Basupi ba kwa Georgia ba bereka le baithaopi ba ba tswang kwa dinageng di sele mo porojekeng ya go aga Holo ya Dikopano kwa Tbilisi

Go dira mmogo le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba nonofileng mo tumelong go kgothatsa basha. Mamuka, yo o kileng a bereka le baithaopi ba ba tswang kwa dinageng di sele mo porojekeng ya go aga Holo ya Dikopano kwa Tbilisi a re: “Diporojeke tse di ntseng jaana di dira gore ke ithute dilo di le dintsi mo bathong ba bangwe. Ke ithutile go dira tiro eo ka botswerere e bile tumelo ya me e ile ya nonofa.”

Basha ba le bantsi ba kwa Georgia ba thusitswe thata ke malapa a ba goletseng mo go one, go kgothadiwa ke bagolwane le dikao tse di molemo tsa Bakeresete mo phuthegong. Batsadi ba bone ba dumalana le mafoko ano a ga moaposetoloi Johane: “Ga go na lebaka le legolo la go leboga le ke nang le lone go feta dilo tseno, gore ke bo ke ntse ke utlwa gore bana ba me ba tswelela ba tsamaya mo boammaaruring.”—3 Joh. 4.

Tiro ya Thanolo

Ka 2013, Setlhopha se se Laolang se ile sa kopa makala otlhe gore a dire dipatlisiso go bona gore a go na le dipuo tse dingwe tse di ka tswang di tlhoka dikgatiso. Maikaelelo e ne e le gore batho ba le bantsi ba kgone go utlwa molaetsa wa Baebele ka dipuo tsa bone.

Lekala la Georgia le ile la dira tshwetso ya go ranolela dikgatiso tsa rona mo puong ya Se-Svaneti le ya Se-Mingrelia mme dipuo tseno di batlile di tshwana le puo ya Se-Georgia.

Babulatsela ba ba direlang kwa kgaolang ya Svaneti ba ile ba kwala jaana: “Batho ba Svaneti ba rata Modimo e bile ba tlotla Baebele fela thata. Tota le batho ba ba neng ba okaoka go tsaya dikgatiso tsa rona ba ne ba di tsaya ka gonne di ranoletswe mo dipuong tsa bone.”

Baboledi botlhe ba ba buang Se-Mingrelia ba ne ba amegile tota fa dipokano di simolola go tshwarwa ka puo ya bone. Mosha mongwe wa mmulatsela e bong Giga a re: “Gone jaanong ke kgona go araba ka mafoko a me kwa dipokanong. Ga ke tlhoke go ranola pele ke arabela.”

Zuri, yo e leng mogolwane kwa phuthegong ya Se-Min-grelia kwa Tkaia a re: “Ke ile ka diragalelwa ke dilo tse di botlhoko le tse di itumedisang mo botshelong mme ga di a dira gore ke lele. Lekgetlo la ntlha fa ke utlwa dipina tsa Bogosi di opelwa ka Se-Mingrelia, le nna ke ne ke le mongwe wa batho ba ba ileng ba tsholola dikeledi.”

Ditiragalo Tsa Botlhokwa

Ka Matlhatso, April 6, 2013, go ile ga direga sengwe se Basupi ba ga Jehofa ba Georgia ba se kitlang ba se lebala. Mokaulengwe David Splane wa Setlhopha se se Laolang o ne a neela Jehofa kago e e tlhabolotsweng ya lekala, Holo ya Dikopano le kago e ntšha ya Sekolo sa Baebele. Basupi ba le bantsi ba kwa Georgia ba ile ba amogela baeng ba le 338 mo magaeng a bone go tswa kwa dinageng di le 24.

Letsatsi le le latelang, Mokaulengwe Splane o ne a neela puo e e kgethegileng e e neng e reeditswe ke batho ba le 15 200 mme bangwe ba bone ba ne ba lebile bidio kgotsa ba mo reeditse kwa diphuthegong tse di farologaneng kwa Georgia. Tiragalo eno e ne e le kgolo go feta epe fela e Basupi ba kileng ba nna le yone kwa Georgia. Go ne go ama tota go bona bakaulengwe le bokgaitsadi ba kgothatsana e bile ba itumetse. Mosha mongwe o ile a re: “Jaanong ke a itse gore go tla bo go ntse jang kwa lefatsheng le lesha.”

Lekala la Tbilisi le neelwa Jehofa ka 2013

Sekolo sa Baebele sa Banyalani ba Bakeresete se gone jaanong se bidiwang Sekolo sa Baboledi ba Bogosi se thusitse batho ba ga Jehofa kwa Georgia fela thata. Fa e sa le ka 2013, go alogile batho ba feta 200. Ba ba alogileng ba anaanela thuto e ba e neilweng mme ba bontsha seno ka go batla go direla gongwe le gongwe kwa go nang le tlhokego ya baboledi teng.

“Ke Gagamalela Pele Kwa Dilong Tse di Kwa Pele”

Baboledi ba Bogosi ba ba ileng ba tsaya matsapa a go ya go rera dikgang tse di molemo kwa Georgia ba thusitse batho ba le bantsi gore ba kgone go ithuta ka Modimo. Jehofa o ile a ba segofatsa ka ntlha ya lorato, tumelo, bopelokgale le matsapa a ba ileng ba a tsaya go thusa baagelani ba bone.

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba fetang 18 000 ba kwa Georgia ba gata fa tlhako ya morago e gatileng gone ka go thusa baagelani ba bone go bona kafa Lefoko la Modimo le leng maatla ka teng.—Bafil. 3:13; 4:13.

Maloko a Komiti ya Lekala la Georgia: Wayne Tomchuk, Levani Kopaliani, Joni Shalamberidze le Michael E. Jones