Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba rera kwa seteisheneng sa dikoloi tse di tsamaisiwang ka kheibole

GEORGIA

Jono ke ‘Boswa Jwa Batlhanka ba ga Jehofa.’—Isa. 54:17.

Jono ke ‘Boswa Jwa Batlhanka ba ga Jehofa.’—Isa. 54:17.

BAOBAMEDI ba ga Jehofa ba kwa Georgia ba dira ka natla mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo e bile Jehofa o segofaditse tiro ya bone. Seno se dirile gore dikgang tse di molemo di rerwe mo nageng yotlhe.

Baboledi ba ipaakanyetsa go ya go rera kwa Ushguli

Bosheng jaana baboledi le babulatsela ba ba tlhagafetseng ba tsaya matsapa a go ya go rera kwa mafelong a go rerwang sewelo kwa go one. Mo mafelong a a dithaba, go na le metsana e e kgakala e motho a kgonang go ya fela kwa go one a dirisa bene kgotsa koloi e e tsamaisiwang ka kheibole.

Baboledi ba kwa Svaneti

Ngwaga le ngwaga, go tloga ka 2009, ofisi ya lekala ya kwa Georgia e romelela diphuthego lenaane la mafelo a go rerwang sewelo kwa go one mme e kopa baboledi gore ba leke go ya go rera kwa mafelong ao. Bangwe ba ile ba tshwanelwa ke go dira maiteko a magolo gore ba kgone go dira jalo.

Ana le Temuri Bliadze

Temuri le Ana Bliadze ba ne ba sa tswa go nyalana fa ba utlwa gore go tlhokega baboledi kwa kgaolong e e dithaba ya kwa Ajaria. Ba ne ba sa tswa go reka setsha gore ba age ntlo. Jaanong go ne go tlhagile tshono ya gore ba oketse bodiredi jwa bone.

La ntlha, ba ile ba nna beke yotlhe kwa Ajaria. Temuri a re: “Baboledi ba lefelo leo ba ne ba tsamaya sekgala se seleele go ya go rera kwa metseng e mengwe. Re ne re na le bene mme ka akanya gore e tla re thusa thata fa re le kwano.”

Ana a re: “Go ne go le thata go fuduga ka gonne re ne re rata phuthego e bile re atamalane thata le ba malapa a rona. Mme Jehofa o ile a re segofatsa.” Temuri le Ana ba na le dingwaga di le tharo ba thusa setlhopha sa kwa toropong e e bidiwang Keda kwa Ajaria.

Ditsela Tse Disha Tsa go Itirela Lotseno

Babulatsela ba ba kgethegileng ba nakwana ba ile ba thusa fela thata mo tirong ya go rera kwa mafelong ano a a kgakalakgakala. Fa kabelo ya bone e sena go wela, bontsi jwa bone ba ile ba sala gore ba kgone go tswelela ba ithuta Baebele le batho.

Bokgaitsadi ba babedi ba babulatsela ba ba bidiwang Khatuna le Khatuna, ba ile ba abelwa go ya go rera kwa toropong e ntle ya Manglisi. Le fa go ne go se na Basupi mo lefelong leo, bokgaitsadi bano ba ile ba nna le diphelelo tse di molemo mo bodireding. Kgwedi ya ntlha ba simolotse go tshwara dithuto tsa Baebele di le robonngwe, e e latelang di le 12, e nngwe di le 15, go fitlha ba tshwara di le 18 ka kgwedi! Ba ne ba tswelela ba nna mo Manglisi gore ba kgone go tswelela ba ithuta Baebele le batho.

Bokgaitsadiarona ba ile ba tla ka ditsela tse disha tsa go itirela lotseno. Batho ba le bantsi ba ba etelang Manglisi ba rata sejo sengwe se se kgethegileng se se dirilweng ka maungo a setlhare se go tweng se alafa ka tsela nngwe. Bokgaitsadi ba ile ba simolola ka go sela maungo ano ba bo ba dira sejo seno gore ba se rekise kwa mmarakeng. Mme ba ile ba bona tsela e nngwe gape ya go itshedisa.

Letsatsi lengwe motho yo ba ithutang Baebele le ene o ne a ba naya dikokwanyana. O ne a ba bolelela gore koko nngwe ya gagwe e ile ya elama mo lefelong le le iphitlhileng mme o bone fela e tla ka dikokwanyana. Mosadi yono o ne a naya bokgaitsadi bano dikokwanyana tseo. Mongwe wa bone o ne a kile a rua dikoko, ka jalo, ba ile ba itshedisa ka tsone.

Mongwe wa bokgaitsadi bano a re: “Re kgonne go nna dingwaga di le tlhano mo Manglisi ka gonne re ile ra thusiwa ke Jehofa, bakaulengwe ba rona le batho ba re ithutang Baebele le bone. Gone jaanong go na le setlhopha sa baboledi koo.”

Khatuna Kharebashvili le Khatuna Tsulaia ba le kwa Manglisi

Go Nna Mmulatsela Kwa Nageng e Nngwe

Bosheng jaana, batho ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe ba ile ba fudugela kwa Georgia. Babulatsela ba le bantsi ba ile ba dirisa tshono eno ka botlalo. Ka jalo, ba ile ba simolola go ithuta Searabia, Se-Azerbaijan, Se-China, Seesemane, Se-Persia le Se-Turkey.

Le fa babulatsela ba le bantsi ba ile ba ya kwa ditlhopheng le kwa diphuthegong tsa dipuo di sele, bangwe ba ile ba ya kwa dinageng tse go tlhokegang baboledi thata kwa go tsone. Giorgi le Gela ba ne ba le mo dingwageng tsa bo20 fa ba ne ba fudugela kwa nageng e e gaufi. Giorgi a re: “Re ne re batla go direla Jehofa ka pelo yotlhe mme go fudugela koo go ile ga re naya tshono ya go dira jalo.”

Fa Gela a gopola nako ya fa a ne a le koo, a re: “Go direla koo ke le mogolwane go ile ga nthuta dilo di le dintsi. Go itumedisa tota fa Jehofa a go dirisa go thusa ‘dinku tse dinnye.’”—Joh. 21:17.

Giorgi a re: “Le fa re ne re na le mathata, re ile ra tlhoma mogopolo mo tirong ya rona e bile ga re a ka ra ikwatlhaela sepe. Re ne re dira fela se re neng re tshwanetse go se dira.”

Mokaulengwe yo mongwe yo le ene a bidiwang Gela, o ne a rera dingwaga di le mmalwa kwa Turkey. A re: “Kwa tshimologong, ke ne ke sa kgone go itumelela tirelo ya me sentle ka gonne ke sa itse puo ya koo. Mme fa ke sena go ithuta puo eo e bile ke kgona go bua le bakaulengwe le bokgaitsadi le batho mo bodireding, ke ile ka itumela fela thata.”

Nino yo go fetileng dingwaga di feta lesome e le mmulatsela kwa Istanbul kwa Turkey o tlhalosa tsela e a ikutlwang ka yone jaana: “Ke ile ka bona tsela e Jehofa a neng a nthusa ka yone letsatsi la ntlha fela fa ke goroga koo. Go nna mmulatsela kwa nageng e nngwe go dira gore letsatsi le letsatsi o nne le maitemogelo a go buiwang ka one mo bukeng ya ngwaga.”